bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 35
Ezekiel 35
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 36 →
1
Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Morwa motho, lebisa sefatlhogo sa gago kwa thabeng ya Seire, mme o perofese o e nyatse.
3
“O e reye o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: “Bona, ke tlhabana nao, Wena thaba ya Seire, ke tlaa go otlololela seatla sa me, ke tlaa go dira tshwafalo le kgakgamatso.
4
Ke tlaa ropefatsa metse ya gago, mme o tlaa swafala; mme o tlaa itse fa ke le Jehofa.
5
“E re ka o ne o ntse o na le bobaba jo bo emeng fela, mme o tsentse bana ba Iseraele mo thateng ya tšhaka mo motlheng wa tatlhego ya bone, mo motlheng wa boikepo jwa bokhutlo;
6
ke gone, jaaka ke tshedile,” go bua Morena Modimo, “ke tlaa go baakanyetsa go ya mading, madi a tlaa go konatelela; e re ka o se ka wa ila madi, ke gone madi a tlaa go konatelela.
7
Jalo ke tlaa dira thaba ya Seire go nna kgakgamatso le tshwafalo; ke tlaa kgaola mo go yone ene yo o fetang ka teng, le ene yo o boang.
8
Ke tlaa tlatsa dithaba tsa gagwe ka babolaiwi; mo makhubung a gago, le mo megogorong ya gago, le mo meeding yotlhe ya gago, ba ba bolailweng ka tšhaka ba tlaa wela teng.
9
Ke tlaa go dira ditshwafalo tse di sa khutleng, le metse ya gago ga e ketla e nnwa; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa.
10
“E re ka o rile: ‘Merafe e mebedi e, le mafatshe a mabedi a, a tlaa nna a me, mme re tlaa a rua;’ le mororo Jehofa a le teng;
11
ke gone, jaaka ke tshedile,” go bua Morena Modimo, “ke tlaa dira ka fa bogaleng jwa gago, le ka fa bopelotshetlheng jwa gago jo o bo bonaditseng ka ntlha ya go ba ila ga gago; ke tlaa ikitsise mo go bone, mogang o ke go sekisang.
12
O tlaa itse fa nna Jehofa ke utlwile ditlhapatso tsotlhe tsa gago tse o tlhapaditseng dithaba tsa Iseraele ka tsone, wa re: ‘Di swafaditswe, re di neetswe go di ja.’
13
Lo inkgodiseditse ka molomo, lo intsifaleditse mafoko a lona, ke go utlwile.”
14
Morena Modimo o bua jaana, a re: “E tlaa re mogang lefatshe lotlhe le itumelang, wena ke go swafatse.
15
Jaaka o kile wa jela boswa jwa ntlo ya Iseraele koma, ka bo ne bo swafetse, le nna ke tlaa go direla jalo; o tlaa swafala; wena thaba ya Seire, le lefatshe lotlhe la Etome e bong lotlhe fela; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 36 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48