bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 33
Ezekiel 33
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 32
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 34 →
1
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Morwa motho, bua le bana ba batho ba gaeno, o ba reye o re: Mogang ke lereng tšhaka mo lefatsheng lengwe, fa batho ba lefatshe leo ba tsaya motho mo go bone, ba mmaya molebedi wa bone;
3
fa e tlaa re a bona tšhaka e tla mo lefatsheng, mme a letsa lonaka, a tlhagisa batho;
4
foo le fa e le mang yo o utlwang tumo ya lonaka, mme a se ka a tlhagisega, fa tšhaka e tlaa e mo tlosa, madi a gagwe a tlaa nna mo tlhogong ya gagwe.
5
O utlwile tumo ya lonaka, mme a se ka a tlhagisega, madi a gagwe a tlaa nna mo go ene: le mororo fa a ka bo a ne a tlhagisega o ka bo a golotse mowa wa gagwe.
6
Mme fa molebedi a bona tšhaka e tla, mme a sa letse lonaka, mme batho ba sa tlhagisiwe, mme tšhaka e tla, e tlosa motho mongwe mo go bone; o tlosiwa mo boikepong jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tlaa a batla mo seatleng sa molebedi.
7
“Jalo fela, wena morwa motho, ke go beile molebedi wa ba ntlo ya Iseraele; mme ke gone utlwa lefoko mo molomong wa me, mme o ba neye tlhagiso e e tswang mo go nna.
8
Ya re fa ke raya moikepi, ke re: ‘Wena moikepi, ruri o tlaa swa!’ Mme o sa bue go tlhagisa moikepi gore a tswe tseleng ya gagwe; moikepi yoo o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tlaa a lopa mo seatleng sa gago.
9
Le fa go ntse jalo fa o tlhagisa moikepi ka ga tsela ya gagwe go mo sokolola mo go yone, mme a sa sokologe mo tseleng ya gagwe; o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe, mme wena o bo o golotse mowa wa gago.
10
“Le wena, morwa motho, raya ba ntlo ya Iseraele, o re: Lo tle lo bue jaana, lo re: ‘Ditlolo tsa rona le maleo a rona a mo go rona, re tlhorega fela mo go tsone; mme re bo re ka tshela jang?’
11
Ba reye o re: Jaaka ke tshedile, go bua Morena Modimo, ga ke na kgatlhego epe mo losong lwa moikepi; fa e se go re moikepi a sokologe mo tseleng ya gagwe, mme a tshele. Sokologang, sokologang mo ditseleng tsa lona tse di bosula; gonne lo ratelang go swa, lona ba ntlo ya Iseraele?
12
“Le wena, morwa motho, raya bana ba batho ba gaeno, o re: ‘Tshiamo ya mosiami ga e ketla e mo golola mo motlheng wa tlolo ya gagwe; mme ka ga boikepo jwa moikepi ga a ketla a wa ka jone mo motlheng o o sokologang ka one mo boikepong jwa gagwe. Le ene yo o siameng ga a ketla a nonofa go tshela ka gone, mo motlheng o o leofang ka one.’
13
Ya re fa ke raya mosiami ke re: ‘Ruri o tlaa tshela;’ fa a ikanya tshiamo ya gagwe, mme a dira boikepo, ga go ketla go gakologelwa ditiro dipe tsa gagwe tsa tshiamo; mme mo boikepong jo o bo dirileng o tlaa swela mo go jone.
14
Gape, ya re fa ke raya moikepi ke re: ‘Ruri o tlaa swa;’ fa a sokologa mo boleong jwa gagwe, mme a dira se se laotsweng le se se siameng;
15
fa moikepi a rebola peelo, a busa se o ne a se tsere ka bogodu, a sepela mo ditaong tsa botshelo, a sa dire boikepo bope; ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa.
16
Ga go ketla go gakologelwa maleo ape a gagwe a o a dirileng go mo sekisa; o dirile se se laotsweng le se se siameng; ruri o tlaa tshela.
17
“Le fa go ntse jalo bana ba batho ba gaeno ba tle ba re: ‘Tsela ya ga Jehofa ga e lekalekane;’ mme ka ga bone, tsela ya bone ga e a lekalekana.
18
Mogang mosiami o sokologang mo tshiamong ya gagwe, mme a dira boikepo, o tlaa swela fela mo go jone.
19
Mogang moikepi o sokologang mo boikepong jwa gagwe, mme a dira se se laotsweng le se se siameng, o tlaa tshela ka gone.
20
Le fa go ntse jalo lo a tle lo re: ‘Tsela ya ga Jehofa ga e lekalekane.’ Lona ba ntlo ya Iseraele, ke tlaa atlhola mongwe le mongwe wa lona ka fa mekgweng ya gagwe.”
21
Ga dirala ya re ka ngwaga wa 12 wa botshwaro jwa rona, ka kgwedi ya lesome, ka letsatsi la botlhano la kgwedi, mongwe yo o falotseng kwa Jerusalema a tla kwa go nna, a re: “Motse o kgemethilwe.”
22
Jaana seatla sa ga Jehofa sa bo se letse se le mo go nna go le maitsebowa, yo o falotseng a ise a goroge; mme o ne a ntumolotse molomo, ga tsamaya a tla mo mosong; mme molomo wa me o ne o tumolotswe, mme ka bo ke sa tlhole ke le semumu.
23
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
24
“Morwa motho, ba ba ntseng mo mafelong ale a a kgakgabetseng mo lefatsheng la Iseraele, ba a bua, ba re: ‘Aberahame o ne a le mongwe fela, mme a rua lefatshe; mme rona re bantsi; lefatshe le neilwe rona go nna boswa.’
25
“Ke gone o ba reye o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Lo ja selo le madi a sone, lo tsholeletsa medimo ya disetwa ya lona matlho, lo tsholola madi a batho; a lo ka rua lefatshe?
26
Lo ema mo tšhakeng ya lona, lo dira tse di makgapha, monwe le mongwe o senya mosadi wa mongwe ka ene; mme a lona lo ka rua lefatshe?
27
“O tlaa ba raya jaana, o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Jaaka ke tshedile, ruri ba ba kwa mafelong a a kgakgabetseng ba tlaa wa ka tšhaka, le ene yo o mo nageng e e lobala fela ke tlaa mo neela dibatana di mo ja, le ba ba mo dikagong tse di thata tsa phemelo le mo dikgageng, ba tlaa swa ka kgogodi.
28
Ke tlaa dira lefatshe tshwafalo le kgakgamatso, pelafalo ya thata ya lone e tlaa khutla; dithaba tsa Iseraele di tlaa swafala, go ba go se ketla go feta ope ka teng.
29
Foo ba tlaa itse fa ke le Jehofa, ke sena go dira lefatshe tshwafalo le kgakgamatso, ka ntlha ya tse di makgapha tsotlhe tsa bone tse ba di dirileng.
30
“Ka ga gago, morwa motho, bana ba ba gaeno ba bua ka ga gago fa dithakong le mo mejakong ya mantlo, mme ba raane, mongwe le mongwe a reye wa ga gabo, a re: Ntlong, ke a lo rapela, lo utlwe, go re lefoko la ga Jehofa la reng.
31
Ba tle mo go wena, jaaka batho ba tle ba tle, ba dule fa pele ga gago jaaka e ka bo e le batho ba me, ba utlwe mafoko a gago, mme ba se ke ba a dirafatse; gonne ka molomo ba bua lorato lo logolo, mme pelo ya bone e ye le papadi ya bone fela.
32
Bona, o ntse mo go bone jaaka pina e e monate ya mongwe yo o nang le lentswe le le kgatlhang, mme a itse go letsa seletso sentle, gonne ba utlwa mafoko a gago, mme ga ba a dire.
33
Mogang golo mo go dirafalang, bona, go etla, foo ba tlaa itse fa moperofeti mongwe a kile a ne a le mo go bone.”
← Chapter 32
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 34 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48