bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 11
Ezekiel 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 12 →
1
Gape mowa wa ntsholetsa, wa nkisa kwa kgorong ya ka fa botlhabatsatsi ga ntlo ya ga Jehofa, e e lebileng ntlheng ya botlhabatsatsi; mme bonang, fa mojakong wa kgoro ga bo go le banna ba ba 25; mme ka bona mo gare ga bone Jaasania morwa Asure, le Pelatia morwa Benaia, e le dikgosana tsa batho.
2
A nthaya a re: “Morwa motho, bao ke banna ba ba logang boikepo, ba naya batho kgakololo e e bosula mo motseng o.
3
Ba bua ba re: ‘Lobaka ga lo ise lo nne gaufi lwa go aga matlo; motse o ke pitsa e tona, mme ke rona nama.’
4
Ke gone o perofese ka ga bone o ba nyatse, o perofese, wena morwa motho.”
5
Mowa wa ga Jehofa wa wela mo go nna wa nthaya wa re: “Bua, o re: Jehofa o bua jaana, a re: Lona ba ntlo ya Iseraele lo buile jaana; gonne ke a di itse dilo tse di tsogang mo mogopolong wa lona.
6
Lo ntsifaditse babolaiwi ba lona mo motseng ono, lo tladitse mebila ya one ka babolaiwi.
7
“Ke gone ka moo, go bua jaana Morena Modimo, a re: Babolaiwi ba lona ba lo ba beileng mo gare ga one, ke bone nama, mme motse o ke one pitsa e tona; mme lona lo tlaa ntshiwa mo gare ga one.
8
Lo boifile tšhaka; mme ke tlaa lere tšhaka mo go lona, go bua Morena Modimo.
9
Ke tlaa lo ntsha mo gare ga one, ke tlaa lo tsenya mo seatleng sa baeng, mme ke tlaa dirafatsa ditshekiso mo go lona.
10
Lo tlaa wa ka tšhaka; ke tlaa lo sekisa mo molelwaneng wa Iseraele; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa.
11
Motse o ga o ketla o nna pitsa e tona ya lona, le lona ga lo ketla lo nna nama mo gare ga one; ke tlaa lo sekisa mo molelwaneng wa Iseraele.
12
Mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa, gonne ga lo a sepela mo ditaong tsa me, le gone ga lo a dirafatsa dikatlholo tsa me, lo dirile ka fa ditaong tsa merafe e e mo tikologong ya lona.”
13
Mme ga dirala ya re ke sa perofesa, Pelatia morwa Benaia a swa. Foo ka wela ka sefatlhogo sa me fa fatshe mme ka goa ka lentswe le legolo, ka re: “Ija we, Morena Modimo! A o khutlisetsa ruri masalela a Iseraele?”
14
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
15
“Morwa motho, bana ba ga rraago, ee, bana ba ga rraago, banna ba gaeno, le botlhe ba ntlo ya Iseraele, botlhe fela, ke bone ba banni ba Jerusalema ba ba reileng, ba re: ‘Tlogang lo nne kgakala le Jehofa; lefatshe le, le neilwe rona go nna boswa.’
16
“Ke gone o re: ‘Morena Modimo o bua jaana, a re: Le fa ke ba isitse kwa kgakala mo merafeng, le fa ke ba falaleditse mo mafatsheng, le fa go ntse jalo ke tlaa nna felo ga boitshepo mo go bone ka lobakanyana mo mafatsheng a ba fitlhileng kwa go one.’
17
“Ke gone bua, o re: ‘Morena Modimo o bua jaana, a re: Ke tlaa lo phutha ke lo ntsha kwa ditšhabeng, ke tlaa lo kokoanya lo tswa kwa mafatsheng kwa lo falaleditsweng teng, mme ke tlaa lo naya lefatshe la Iseraele.’
18
Ba tlaa fitlha teng, ba tlaa tlosa dilo tsotlhe tse di tlhoesegileng tsa lone, le tse di makgapha tsotlhe tsa lone ba tlaa di tlosa teng.
19
Ke tlaa ba naya pelo e le nngwe fela, ke tlaa tsenya mowa o moša mo go lona; mme ke tlaa ntsha pelo ya sekalentswe mo nameng ya bone, mme ke tlaa ba naya pelo ya senama;
20
gore ba sepele mo melaong ya me, ba tshegetse ditao tsa me, ba di dire; mme ba tlaa nna batho ba me, le nna ke tlaa nna Modimo wa bone.
21
Ka ga bone ba pelo tsa bone di yang le pelo ya dilo tsa bone tse di tlhoesegileng, le tse di makgapha tsa bone, ke tlaa lere mokgwa wa bone mo tlhogong ya bone, go bua Morena Modimo.”
22
Foo ditšheruba tsa tsholetsa diphuka, maotwana a a dikologang a le fa go tsone; mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele ya bo e di okame fa godimo.
23
Mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlhatloga ya tswa mo gare ga motse, ya fitlha ya ema mo thabeng e e potileng motse ka fa botlhabatsatsi.
24
Mme mowa wa ntsholetsa, wa nkisa mo ponatshegelong ka mowa wa Modimo kwa Kalatea, kwa go ba botshwaro. Jalo ponatshegelo e ke e bonyeng ya tlhatloga mo go nna.
25
Foo ka bolelela ba botshwaro dilo tsotlhe tse Jehofa o di ntshupeditseng.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48