bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 21
Ezekiel 21
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 22 →
1
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Morwa motho, lebisa sefatlhogo sa gago kwa Jerusalema, mme o lotlege lefoko ka ga mafelo a a boitshepo, o perofese o nyatse lefatshe la Iseraele.
3
O reye lefatshe la Iseraele o re: Jehofa o bua jaana, a re: Bona, ke tlhabana nao, ke tlaa somola tšhaka ya me mo kgatleng ya yone, mme ke tlaa kgaola mosiami le moikepi mo go wena.
4
E re ka ke tlaa kgaola mosiami le moikepi mo go wena, ke gone tšhaka ya me e tlaa tswang mo kgatleng ya yone, e tswela nama yotlhe, go simolola kwa borwa go ya kwa botsheka.
5
Nama yotlhe e tlaa itse fa nna Jehofa ke somotse tšhaka ya me mo kgatleng ya yone; ga e ketla e tlhola e boa.
6
“Ke gone fegelwa, wena morwa motho; o fegelwe fa pele ga matlho a bone ka go kgaoga ga lotheka lwa gago, le ka bogalaka.
7
Go tlaa dirala go re mogang ba go rayang ba re: ‘O fegelelwang’? O re: ‘Ke ka ntlha ya mafoko, gonne a etla; mme dipelo tsotlhe di tlaa tlhapologa, diatla tsotlhe di tlaa repa, mewa yotlhe e tlaa idibala, mangole otlhe a tlaa nna borere jaaka metsi; bona, go etla, mme go tlaa dirala,’ ” go bua Morena Modimo.
8
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
9
“Morwa motho, perofesa o re: Jehofa o bua jaana, a re: O re: “Tšhaka, tšhaka, e looditswe, e bile e gotlhilwe!
10
E looditswe gore e tle e gaile; e gotlhilwe gore e tle e nne jaaka tladi, mme fa e le foo, a ke go re re ka dira mokete? Letlhogela la ga morwaake ke leswedi mo ditlhareng tsotlhe.
11
E neetswe go gotlhiwa, gore e tle e kgatikanngwe; tšhaka e looditswe, ee, e gotlhilwe, go tla e tsenngwa mo seatleng sa mmolai.
12
Goa, o bokolele, wena morwa motho; gonne e mo bathong ba me, e mo dikgosaneng tsa Iseraele; ba neeletswe tšhaka le batho ba me, mme ke gone ipate serope.
13
Gonne go na le teko; mme go ka tweng fa e tlaa re kgotsa letlhogela le le leswedi le be le sa tlhole le le teng?” Go bua Morena Modimo.
14
“Ke gone, wena morwa motho, o perofese, o opanye diatla; mme a tšhaka e nne seraro, tšhaka ya ba ba tlhabilweng lwa go swa; ke tšhaka ya yo mogolo yo o tlhabilweng lwa go swa, e e tsenelang mo matlwaneng a bone.
15
Ke lebisitse ntlha ya tšhaka kwa dikgorong tsotlhe tsa bone, gore pelo tsa bone di tlhapologe, le go kgopega ga bone go ntsifale. Ija we! E editswe tladi, e ntshitswe ntlha ya go gaila.
16
Itlotlwanye, o ikgatimokanyetse ntlheng ya le legolo; ithulaganye, o ikgatimokanyetse ntlheng ya la molema; fela kwa o lebisiwang teng.
17
Le nna ke tlaa opanya diatla, mme ke tlaa kgorisa tšararego ya me; nna Jehofa ke buile.”
18
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna gape, la re:
19
“Le gone wena morwa motho, kaya ditsela di le pedi, gore tšhaka ya kgosi ya Babilone e tle; a di tswe lefatsheng le le lengwe fela tsoo pedi; direla felo gongwe moralelo, o go rale fa tshimologong ya tsela e e yang motseng.
20
Kaya tsela e tšhaka e tlaa tlang ka yone mo Raba wa bana ba Amone, le mo Juta, mo Jerusalema o o thekeleditsweng.
21
Gonne kgosi ya Babilone e ne ya ema fa tsela e nnang maphata teng, fa tshimologong ya ditsela tse pedi, a botsa ka bola; a kgotlokgotsa metswi, a botsa mereo, a lebaleba mo sebeting.
22
Mo seatleng sa gagwe se segolo go ne go le taola ka ga Jerusalema, go tlhoma dithubaganyi tse di thubang lorako, go atlhamolosetsa polao, go tsholetsa lentswe ka lošalaba, go tlhomela dikgoro dithubaganyi tse di thubang dithako, go tsosa dimota, go aga dikago tsa tlhabanelo.
23
Mo go bone e tlaa nna jaaka taola ya lefela mo ponong ya bone, ba ba ba ikanetseng ka maikano; mme o ba gopodisa boikepo, gore ba tle ba tshwarwe.
24
Ke gone Morena Modimo o bua jaana, a re: E re ka lo dirile gore boikepo jwa lona bo gakologelwe, ka ditlolo tsa lona di senotswe, maleo a lona a bile a bonala mo ditirong tsotlhe tsa lona; e re ka lo gakologetswe, lo tlaa tshwarwa ka letsogo.
25
“Le wena moikepi yo o tlhabilweng lwa go swa, kgosana ya Iseraele, yo lobaka lwa gago lo tsileng, mo motlheng wa boikepo jwa bokhutlo;
26
Morena Modimo o bua jaana, a re: Tlosang tlhoro, lo role serwalo; ga go ketla go tlhola go nna jalo; goletsang se se kwa tlase, kokobetsang se se godileng.
27
Ke tlaa ribegetsa, ke ribegetsa, ke go ribegetsa; le gone go mo ga go ketla go tlhola go nna, go tsamaya go tla ene yo tshiamelo ya gone e leng ya gagwe; mme ke tlaa go mo naya.
28
“Wena, morwa motho, perofesa o re: Morena Modimo o bua jaana ka ga bana ba Amone, le ka ga kgobo ya bone; mme o bue, o re: “ ‘Tšhaka, tšhaka e somotswe, e gotlhetswe kgailo, go e laidisa; gore e nne jaaka tladi;’
29
“ka ba go bonela boithamako, ka ba go perofesetsa maaka, go tla ba go baya mo dithamong tsa baikepi ba ba tlhabilweng lwa go swa, ba lobaka lwa bone lo fitlhileng, mo motlheng wa boikepo jwa bokhutlo.
30
“E busetse mo kgatleng ya yone. Mo felong kwa o tlhodilweng teng, mo lefatsheng la botsalelo jwa gago, ke tlaa go sekisa teng.
31
Ke tlaa goromeletsa tšararego ya me mo go wena; ke tlaa go budulela ka molelo wa tšhakgalo ya me; ke tlaa go tsenya mo seatleng sa batho ba ba sefolofolo, ba ba ditswerere mo go senyeng.
32
O tlaa nna fela dikgong tsa molelo; madi a gago a tlaa nna mo gare ga lefatshe; ga o ketla o tlhola o gakologelwa, gonne nna Jehofa ke buile.”
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48