bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 37
Ezekiel 37
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 36
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 38 →
1
Seatla sa ga Jehofa se ne se le mo go nna, mme a nkisa kwa ntle ke le mo moweng wa ga Jehofa, a mpaya mo gare ga mogogoro; mme wa bo o tletse marapo.
2
Mme a a mpotonosa, mme bonang, a bo a le mantsi thata mo mogogorong mo lobaleng fela; mme bonang, a bo a omeletse thata.
3
Mme a nthaya a re: “Morwa motho, a marapo a, a ka tshela?” Mme ka mo fetola ka re: “Go itse wena, Morena Modimo.”
4
Gape a nthaya, a re: “Perofesetsa mo godimo ga marapo a, mme o a reye o re: Lona marapo a a omeletseng utlwang lefoko la ga Jehofa.
5
Morena Modimo o raya marapo jaana, a re: Bonang, ke tlaa tsenya mowa mo go lona, mme lo tlaa tshela.
6
Ke tlaa baya mesifa mo go lona, ke tlaa medisa nama mo go lona, ke lo khurumetsa ka letlalo, ke tsenya mowa mo go lona, mme lo tlaa tshela; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa.”
7
Jalo ka perofesa jaaka ke laotswe, mme ya re ke perofesa, ga tsoga modumo, mme bonang, ga nna thoromo ya lefatshe, mme marapo a kopana, lesapo mo lesapong le o rraa lone.
8
Ka leba, mme bonang, ga bo go le mesifa mo go one, le nama ya mela, letlalo la a khurumetsa godimo; mme ga bo go se na mowa mo go one.
9
Foo a nthaya, a re: “Perofesetsa phefo, perofesa, wena morwa motho, o reye phefo o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Tswa mo diphefong tsoo nne, wena mowa, o budulele babolaiwi ba, gore ba tshele.”
10
Jalo ka perofesa jaaka a ntaotse, mme mowa wa tsena mo go bone, mme ba tshela, ba ema ka dinao, e le ntwa e kgolo thata.
11
Foo a nthaya a re: “Morwa motho, marapo a ke ba ntlo ya Iseraele botlhe fela; ba tle ba re: ‘Bonang, marapo a rona a omeletse, tsholofelo ya rona e ile; re kgaoletswe ruri.’
12
Ke gone perofesa, o ba reye o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa katolola diphupu tsa lona, ke tlaa lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me; mme ke tlaa lo isa kwa lefatsheng la Iseraele.
13
Mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa ke sena go katolola diphupu tsa lona, le ke sena go lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me.
14
Ke tlaa tsenya mowa wa me mo go lona, mme lo tlaa tshela; ke tlaa lo baya mo lefatsheng la ga lona; mme lo tlaa itse fa nna Jehofa ke buile, ka ba ka go dira, go bua Jehofa.”
15
Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
16
“Wena, morwa motho, tsaya thobane nngwe, mme o kwale mo go yone, o re: Ya ga Juta, le ya bana ba Iseraele, bankana ba gagwe; foo o tseye thobane e nngwe o kwale mo go yone, o re: Ya ga Josefe, thobane ya ga Eferaime, le ya ba ntlo ya Iseraele botlhe bankana ba gagwe;
17
o di pataganye e nne thobane e le nngwe fela, gore di nne nngwe fela mo seatleng sa gago.
18
Mme mogang bana ba batho ba gaeno ba buang le wena, ba re: ‘A ga o nka o re bolelela se o se kayang ka dilo tse?’
19
O ba reye o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa tsaya thobane ya ga Josefe e e mo seatleng sa ga Eferaime, le ditso tsa Iseraele bankana ba gagwe; mme ke tlaa di baya mmogo nao, e bong le thobane ya ga Juta; mme ke tlaa di dira thobane e le nngwe fela, mme di tlaa nna nngwe fela mo seatleng sa me.
20
“Dithobane tse o kwalang mo go tsone di tlaa nna mo atleng sa gago fa pele ga matlho a bone.
21
O ba reye o re Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa tlosa bana ba Iseraele kwa merafeng, kwa ba ileng teng, ke tlaa ba phutha mo ntlheng tsotlhe, ke ba isa mo lefatsheng la ga bone.
22
Ke tlaa ba dira morafe o le mongwe fela mo lefatsheng, mo dithabeng tsa Iseraele; mme kgosi e le nngwe fela e tlaa nna kgosi e e ba busang botlhe fela; ga ba ketla ba tlhola ba nna merafe e le mebedi, le gone ga ba ketla ba tlhola ba kgaoganngwa ba nna magosi a le mabedi gope.
23
Le gone ga ba ketla ba tlhola ba itshekolola ka medimo ya bone ya disetwa, le fa e le ka dilo tsa bone tse di tlhoesegang, le fa e le ka ditlolo dipe tsa bone; ke tlaa ba golola mo ditenegong tsotlhe tsa bone tse ba leofileng ka tsone, ke tlaa ba tlhapisa; jalo ba tlaa nna batho ba me, le nna ke tlaa nna Modimo wa bone.
24
“Motlhanka wa me Dafite o tlaa nna kgosi e e ba busang; ba tlaa nna le modisa a le mongwe fela; le gone ba tlaa sepela mo dikatlholong tsa me, ba tlaa tlhokomela ditao tsa me, ba di dira.
25
Ba tlaa aga mo lefatsheng le ke le neileng Jakobe motlhanka wa me, le borra ba lona ba kileng ba aga mo go lone; ba tlaa aga teng, bone le bana ba bone, le bana ba bana ba bone, ka bosakhutleng. Dafite motlhanka wa me o tlaa nna kgosana ya bone ka bosakhutleng.
26
Gape ke tlaa dira kgolagano ya kagiso nabo; e tlaa nna kgolagano e e sa khutleng nabo. Ke tlaa ba baya, ke ba ntsifatsa, ke ba ke baya felo ga me ga boitshepo mo gare ga bone ka bosakhutleng.
27
Le motlaagana wa me o tlaa nna le bone; ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.
28
Merafe e tlaa itse fa e le nna Jehofa yo ke itshepisang Iseraele, mogang felo ga me ga boitshepo go nnang mo go bone ka bosakhutleng.”
← Chapter 36
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 38 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48