bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 40
Ezekiel 40
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 39
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 41 →
1
E rile ka ngwaga wa 25 wa botshwaro jwa rona, mo tshimologong ya ngwaga, ka letsatsi la lesome la kgwedi, ka ngwaga wa lesome le bone, morago ga motse o sena go kgemethwa, ka letsatsi leo fela seatla sa ga Jehofa sa bo se le mo go nna, mme a nkisa teng.
2
A nkisa lefatsheng la Iseraele mo diponatshegelong tsa Modimo, mme a mpaya mo thabeng nngwe e e godileng thata, e go neng go le mo go yone ka fa ntlheng ya borwa e ke te sebopego sa motse mongwe.
3
A nkisa teng, mme bonang, ga bo go le monna teng, yo ponalo ya gagwe e ntseng jaaka ponalo ya kgotlho, a tshotse thodi ya leloba, le lotlhaka lo lo lekanyang; mme a bo a eme mo kgorong.
4
Monna yoo a nthaya, a re: “Morwa motho, o bone ka matlho, o bo o utlwe ka ditsebe, mme o tlhokomele ka pelo, tsotlhe tse ke di go supetsang; gonne fa o lerilwe kwano e be e le gore ke di go supetse; tsotlhe tse o di bonang o di kakanyetse ba ntlo ya Iseraele.”
5
Bonang, ga bo go le lorako ka fa ntle ga ntlo mo tikologong ya yone, mme monna yoo o ne a tshotse lotlhaka lo lo lekanyang lo le boleele jwa mabogo a le marataro, letsogo lengwe le lengwe e le letsogo le paralatso ya seatla; mme a lekanya boatlhamo jwa kago, bo le lotlhaka lo le longwe fela; le bogodimo bo le lotlhaka lo le longwe fela.
6
Foo a fitlha fa kgorong e e lebileng kwa botlhabatsatsi, mme a palama direpudi tsa yone; a lekanya serepudi sa kgoro, se le boatlhamo lotlhaka lo le longwe fela; le serepudi se sengwe se le boatlhamo lotlhaka lo le longwe fela.
7
Ntlwana nngwe le nngwe ya tebelo e ne e le boleele jwa lotlhaka lo le longwe fela, le boatlhamo lotlhaka lo le longwe fela; mme sebaka se se fa gare ga matlwana a tebelo e ne e le mabogo a le matlhano; mme serepudi sa kgoro fa maribeleng a kgoro e e lebileng kwa ntlong, e ne e le lotlhaka lo le longwe fela.
8
A ba a lekanya le one maribela a kgoro e e lebileng kwa ntlong e le lotlhaka lo le longwe fela.
9
Foo a lekanya maribela a kgoro, mabogo a a 8; le maotwana a one e le mabogo a le mabedi; maribela a kgoro a ne a lebile kwa ntlong.
10
Matlwana a tebelo a kgoro ntlheng ya botlhabatsatsi a ne a le mararo ka fa ntlheng nngwe, le mararo ntlheng e nngwe; oo mararo a ne a le selekanyo se le sengwe fela; le maotwana a le selekanyo se le sengwe fela ka fa ntlheng nngwe le nngwe.
11
A lekanya boatlhamo jwa botseno jwa kgoro, mabogo a le some; le boleele jwa kgoro, mabogo a le 13;
12
le sebaka sa fa pele ga matlwana a tebelo, letsogo le le lengwe fela ntlheng nngwe, le sebaka se le letsogo lengwe fela ntlheng e nngwe; le matlwana a tebelo a le mabogo a le marataro ntlheng nngwe, le mabogo a le marataro ntlheng a nngwe.
13
A lekanya kgoro go tswa ditlhomesong tsa ntlwana nngwe ya tebelo go ya ditlhomesong tsa e nngwe e le boatlhamo jwa mabogo a le 25; mojako o lebaganye le mojako.
14
A ba a dira maotwana, mabogo a le 60; mme lolwapa lwa fitlha kwa lekotwaneng tikologong yotlhe ya kgoro.
15
Go tswa fa pele ga kgoro fa botsenong, go ya fa pele ga ntlwana ya kgoro e e ka fa teng e ne e le mabogo a le 50.
16
Go ne go le dipone tse ditshesane tsa matlwana a tebelo, le tsa maotwana a tsone mo tikologong ya kgoro, le tsa mekatako; go le dipone mo tikologong, tse di lebileng kwa teng, mme mo lekotwaneng lengwe le lengwe go ne go le ditlhare tsa makolane.
17
Foo a nkisa mo lolwapeng lwa fa ntle, mme bonang, ga bo go le matlwana le bophaphatho jwa matlapa, go diretswe lolwapa mo tikologong; go ne go le matlwana a le 30 fa bophaphathong jwa matlapa.
18
Bophaphatho jwa matlapa bo ne bo le fa dikgorong, bo ntse jaaka boleele jwa dikgoro, e bong bophaphatho jwa tlase.
19
Foo a lekanya boatlhamo go tswa fa pele ga kgoro ya tlase go ya fa pele ga lolwapa lwa kwa teng ka fa ntle, e le mabogo a le lekgolo, ntlheng ya botlhabatsatsi le ntlheng ya botsheka.
20
Le kgoro ya lolwapa lwa ka fa ntle e e lebileng ntlheng ya botsheka, a lekanya boleele jwa yone le boatlhamo jwa yone.
21
Le matlwana a yone a tebelo a na a le mararo ka fa ntlheng nngwe le a le mararo ntlheng e nngwe; le maotwana a yone le mekatako ya yone, di ntse ka fa selekanyong sa kgoro ya ntlha; boleele jwa yone bo ne bo le jwa mabogo a le 50, le boatlhamo jwa yone mabogo a le 25.
22
Le dipone tsa yone, le mekatako ya yone, le makolane a yone, di ne di le ka fa selekanyong sa kgoro e e lebileng botlhabatsatsi; mme ba palamela kwa go yone ka direpudi di supa; le mekatako ya yone e ne e le fa pele ga tsone.
23
Go ne go le kgoro ya lolwapa lwa ka fa teng bolebana le kgoro e nngwe ntlheng ya botsheka, le gone ntlheng ya botlhabatsatsi; mme a lekanya go tswa kgorong nngwe go ya kgorong e nngwe go le mabogo a le lekgolo.
24
A nkgogela ntlheng ya borwa, mme bonang, kgoro nngwe e e lebileng ntlheng ya borwa, mme a lekanya maotwana a yone, le mekatako ya yone ka fa dilekanyong tse.
25
Ga bo go le dipone mo go yone, le mo mekatakong ya yone tikologong yotlhe, tse di tshwanang le dipone tsele; boleele e le mabogo a le 50, le boatlhamo mabogo a le 25.
26
Go ne go le direpudi di supa tsa go palamela kwa go yone, mme mekatako ya yone e le fa pele ga tsone; mme e ne e na le ditlhare tsa makolane, sengwe ka fa ntlheng nngwe, le se sengwe ka fa ntlheng e nngwe, mo maotwaneng a yone.
27
Go ne go na le kgoro ya lolwapa lwa ka fa teng e e lebileng ntlheng ya borwa; a lekanya go tswa kgorong nngwe go ya kgorong e nngwe ntlheng ya borwa go le mabogo a le lekgolo.
28
Foo a nkisa kwa lolwapeng lwa ka fa teng ka kgoro ya borwa. A lekanya kgoro ya borwa ka fa dilekanyong tse;
29
le matlwana a yone a tebelo le maotwana a yone, le mekatako ya yone, ka fa dilekanyong tse; go ne go le dipone mo go yone le mo mekatakong ya yone mo tikologong; e le boleele mabogo a le 50 le boatlhamo bo le 25.
30
Go ne go le mekatako mo tikologong yotlhe, e le boleele jwa mabogo a le 25, le boatlhamo bo le mabogo a le matlhano.
31
Mekatako ya yone e ne e lebile kwa lolwapeng lwa ka fa ntle; mme go ne go le makolane mo maotwaneng a yone; mme botlhatlogo jwa yone bo ne bo na le direpudi tse di 8.
32
A nkisa kwa lolwapeng lwa ka fa teng lo lo lebileng ntlheng ya botlhabatsatsi; mme a lekanya kgoro ka fa dilekanyong tse;
33
le mantlwana a yone a tebelo, le maotwana a yone, le mekatako ya yone, ka fa dilekanyong tse; go le dipone mo go yone le mo mekatakong ya yone mo tikologong yotlhe; e le boleele jwa mabogo a le 50 le boatlhamo jwa mabogo a le 25.
34
Mekatako ya yone e ne e lebile lolwapa lwa ka fa ntle; mme go ne go le makolane mo maotwaneng a yone, mo ntlheng nngwe le nngwe; botlhatlogo jwa yone bo na le direpudi tse di 8.
35
A nkisa kwa kgorong ya botsheka, mme a e lekanya ka fa dilekanyong tse:
36
Matlwana a yone a tebelo, le maotwana a yone, le mekatako ya yone; mme go ne go le dipone mo go yone mo tikologong yotlhe; boleele bo le jwa mabogo a le 50, le boatlhamo bo le mabogo a le 25.
37
Maotwana a yone a na a lebile kwa lolwapeng lwa ka fa ntle; mme go ne go le makolane mo maotwaneng a yone, mo ntlheng nngwe le nngwe; botlhatlogo jwa yone bo na le direpudi tse di 8.
38
Ntlwana e ne e na le setswalo sa yone, e ne e le fa maotwaneng a dikgoro; e le gone fa ba ne ba tle ba tlhatswetse gone tshupelo e e fisiwang.
39
Mo maribeleng a kgoro go ne go le dimati di le pedi tsa bojelo ka fa ntlheng nngwe, le dimati di le pedi tsa bojelo ka fa ntlheng e nngwe, tse go tlhabelwang mo go tsone tshupelo e e fisiwang, le tshupelelo ya boleo, le tshupelelo ya molato.
40
Ka fa ntlheng nngwe fa ntle, fa motho a tlhatlogela kwa botsenong jwa kgoro ka fa ntlheng ya botsheka, go ne go le dimati tsa bojelo di le pedi; ka fa ntlheng nngwe fa go leng ga maribela a kgoro, go ne go le dimati tsa bojelo di le pedi.
41
Go ne go le dimati tsa bojelo di le nne ka fa ntlheng nngwe, le dimati tsa bojelo di le nne ka fa ntlheng e nngwe fa kgorong; dimati tsa bojelo di 8, tse ba ne ba tle ba tlhabelele ditlhabelo mo go tsone.
42
Ga bo go le dimati tsa bojelo di le nne tsa tshupelo e e fisiwang, tsa maje a a betlilweng, di le boleele jwa letsogo le le lengwe fela le ntlha nngwe, le boatlhamo bo le jwa letsogo le ntlha nngwe, le bogodimo bo le letsogo le le lengwe fela, tse ba bayang mo go tsone dilo tse ba tlhabang ka tsone tshupelo e e fisiwang le setlhabelo.
43
Go no go le mapego a le boatlhamo bo le kana ka paralatso ya seatla, a sometswe mo tikologong yotlhe; mo dimating tsa bojelo go le nama ya seromololo.
44
Ka fa ntle ga kgoro ya ka fa teng go le mantlwana a baopedi, mo lolwapeng lwa ka fa teng, lo lo ne lo le fa kgorong ya botsheka; a lebile ntlheng ya borwa; e le nngwe fela fa kgorong ya botlhabatsatsi e e lebileng ntlheng ya botsheka.
45
Mme a nthaya a re: “Ntlwana e, e e lebileng ntlheng ya borwa, ke ya baperesiti, batshegetsi ba tebelo ya ntlo.
46
Ntlwana e e lebileng ntlheng ya botsheka ke ya baperesiti, batshegetsi ba tebelo ya sebeso; ba ke bomorwa Satoke, ba ba tleng ba atamele Jehofa go mo direla, e le ba ba tlhaotsweng mo go bomorwa Lefi.”
47
A lekanya lolwapa boleele bo le jwa mabogo a le lekgolo, le boatlhamo bo le mabogo a le lekgolo, le lekalekanye fela dintlha tsoo nne; mme sebeso se le fa pele ga ntlo.
48
Foo a nkisa kwa maribeleng a kgoro ya ntlo, mme a lekanya lekotwana lengwe le lengwe la maribela a kgoro, mabogo a le matlhano ntlheng nngwe, le mabogo a le matlhano ntlheng e nngwe; boatlhamo jwa kgoro e le jwa mabogo a le mararo mo ntlheng nngwe, le mabogo a le mararo mo ntlheng e nngwe.
49
Boleele jwa maribela a kgoro bo no bo le mabogo a le 20, le boatlhamo bo le mabogo a le 11, e bong ka direpudi tse ba ne ba palamela kwa go tsone ka tsone; mme go no go le maoto fa maotwaneng, le lengwe fela ka fa ntlheng nngwe, le le lengwe fela ka fa ntlheng e nngwe.
← Chapter 39
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 41 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48