bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 7
Ezekiel 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 8 →
1
Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Wena, morwa motho, Morena Modimo o bua jaana le lefatshe la Iseraele, a re: Ke bokhutlo; bokhutlo bo fitlhile mo dikgokgotshong tsoo nne tsa lefatshe.
3
Jaanong bokhutlo bo mo go wena, mme ke tlaa isa bogale jwa me mo go wena, ke tlaa go sekisa ka fa mekgweng ya gago; ke tlaa lere mo go wena dilo tsotlhe tsa gago tse di makgapha.
4
Leitlho la me ga le ketla le go rekegela, le gone ga nketla ke tlhomoga pelo, ke tlaa lere mekgwa ya gago mo go wena, le tse di makgapha tsa gago di tlaa nna mo gare ga gago; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa.”
5
Morena Modimo o bua jaana, a re: “Bosula, bosula bo le josi fela; bonang, bo etla.
6
Bokhutlo bongwe bo tsile, jo e leng jone bokhutlo, bo tsile, bo a go kubugela; bona bo etla.
7
Tlholelo ya gago e fitlhile mo go wena, wena mmoni wa lefatshe: Motlha o fitlhile, letsatsi le atametse; letsatsi la pheretlhego, e seng la lošalaba lwa boitumelo, mo dithabeng.
8
“Jaana ke tlaa akofa ke goromeletsa tšararego ya me mo go wena, ke dirafatsa bogale jwa me mo go wena, ke tlaa go sekisa ka fa mekgweng ya gago; ke tlaa lere mo go wena tse di makgapha tsotlhe tsa gago.
9
Leitlho la me ga le ketla le rekegela le gone ga nketla ke tlhomoga pelo; ke tlaa lere mo go wena ka fa mekgweng ya gago, tse di makgapha tsa gago di tlaa nna mo gare ga gago; mme lo tlaa itse fa nna ke le Jehofa yo ke itayang.
10
“Bonang letsatsi, bonang, le etla; tlholelo ya gago e dule; thobane e thuntse, boikgodiso bo kukuntse.
11
Thubakanyo e nanogile e iphetotse thobane ya boikepo; ga go ketla go sala ope wa bone, le fa e le wa bontsi jwa bone, le fa e le sepe sa khumo ya bone; le gone ga go ketla go nna khutsafalo ka ga bone.
12
“Lobaka lo fitlhile, letsatsi le a atamela; a moreki a se itumele, le morekisi a se hutsafale, gonne bogale bo mo bontsing jotlhe jwa dilo tseo.
13
Gonne morekisi ga a ketla a boela mo go se se rekisitsweng, le fa ba sa ntse ba tshedile; gonne ponatshegelo ke e e amang bontsi jotlhe jwa dilo tseo, ga go ketla go bowa ope; le gone ga go ketla go ithatafatsa ope mo boikepong jwa botshelo jwa gagwe.
14
Ba leditse lonaka, ba bile ba baakantse gotlhe; mme ga go ye ope tlhabanong, gonne bogale jwa me bo mo bontsing jotlhe jwa dilo tseo.
15
“Tšhaka e kwa ntle, kgogodi le mmopamo di mo teng; yo o kwa nageng o tlaa swa ka tšhaka; le yo o mo motseng, popamo le kgogodi di tlaa mo suputsa.
16
Ba bone ba ba tlaa falolang ba tlaa falola, mme ba tlaa nna mo dithabeng jaaka maphoi a melapo, ba hutsafala botlhe, mongwe le mongwe mo boikepong jwa gagwe.
17
Mabogo otlhe a tlaa repa, le mangole otlhe a tlaa nna bokoa jaaka metsi fela.
18
Gape ba tlaa ikokwaela ka letsela la kgetse, go tsitla marapo go tlaa ba khurumetsa; ditlhong di tlaa nna mo difatlhogong tsotlhe le logatadima mo ditlhogong tsotlhe fela.
19
Ba tlaa latlhela selefera sa bone mo mebileng, gouta ya bone e tlaa nna jaaka selo se se itshekologileng; selefera sa bone le gouta ya bone ga di ketla di lekana go ba golola mo letsatsing la kgalefo ya ga Jehofa; ga di ketla di thethebatsa mewa ya bone, le fa e le go kgorisa mala a bone; gonne e ne e ntse e le sekgopi sa boikepo jwa bone.
20
Ka ga bontle jwa mokgabo wa gagwe, o ne a bo fetola boikgodiso; ba dira tse di makgapha tsa bone le dilo tse di tlhoelesegileng tsa bone ka lone. Ke gone ka moo ke bo dirileng selo se se itshekologileng mo go bone.
21
“Ke tlaa bo tsenya mo seatleng sa baeng go nna thopo, le mo seatleng sa baikepi ba lefatshe gore e nne kgapo; mme ba tlaa bo tlhapatsa.
22
Gape ke tlaa ba ithuhulela, mme ba tlaa tlhapatsa felo ga me ga bosaitsiweng mme dinokwane di tlaa tsena gone, di go tlhapatsa.
23
“Thula keetane, gonne lefatshe le tletse melato e e hubitseng ka madi, motse o tletse thubakano.
24
Ke gone ke tlaa lere ba ditšhaba ba ba bosula bogolo, mme ba tlaa rua mantlo a bone. Gape ke tlaa khutlisa boikgodiso jwa bathata; le mafelo a bone a a boitshepo a tlaa tlhapadiwa.
25
Tshenyego e etla; ba tlaa batla kagiso, mme ga go ketla go nna epe.
26
Bosenyi bo tlaa tla bo tlhatlaganye le bosenyi, le tumedi e tlaa bo e tlhatlaganye le tumedi; ba tlaa batla ponatshegelo mo moperofeting; mme molao o tlaa nyelelela moperesiti, le kgakololo mo bagologolong.
27
Kgosi e tlaa hutsafala, kgosana le yone e tlaa apara tshwafalo, le diatla tsa batho ba lefatshe di tlaa huduega; ke tlaa ba direla ka fa mokgweng wa bone, ke ba sekisa ka fa ditshwanelong tsa bone; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48