bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 38
Ezekiel 38
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 39 →
1
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna la re:
2
“Morwa motho, lebisa sefatlhogo sa gago kwa Goge, wa lefatshe la Magoge, kgosana ya Rosa, le Mešeke, le Tubale, mme o perofese o mo nyatse.
3
O re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Bona, ke tlhabana nao wena Goge, kgosana ya Rosa, le Mešeke le Tubale.
4
Ke tlaa go retolola, ke tsenya dikobe mo ditlhaeng tsa gago, ke tlaa go ntshetsa kwa ntle, le ntwa yotlhe ya gago, dipitse le bapalama dipitse botlhe ba apere meitshomelo ya phemelo, lesomo le legolo le na le thebe, botlhe e le ba ba itseng go kgatikanya tšhaka.
5
Ba Peresia, le ba Kuše le ba Pute ba na nabo; botlhe ba na le thebe le tlhoro ya phemelo.
6
Gomere, masomosomo otlhe a gagwe a sekamerwalo ya tsie; ba ntlo ya ga Togarema kwa dikhutlong tsa lefatshe tsa kwa botsheka, le masomosomo a gagwe otlhe a sekamerwalo ya tsie; e bong ditšhaba di le dintsi di na nao.
7
“O etleetsege, ee, o ipaakanye, wena le masomo otlhe a gago a a phuthegetseng kwa go wena, mme o nne molaodi mo go one.
8
E tlaa re malatsi a le mantsi a fetile o tlaa lekolwa; e tlaa re mo dinyageng tse di kwa pele o tlaa fitlha mo lefatsheng le le busitsweng mo tšhakeng, le le phuthilweng mo ditšhabeng di le dintsi, mo dithabeng tsa Iseraele, tse di ntseng di kgakgabetse ka gale le ka gale; mme le ntshitswe kwa ditshabeng, mme ba tlaa aga ka thagamo, botlhe fela.
9
O tlaa tlhatloga o tlaa tla jaaka ledimo, o tlaa nna jaaka leru go khurumetsa lefatshe, wena le masomosomo otlhe a gago a sekamerwalo ya tsie, o na le ditšhaba di le dintsi.
10
“Morena Modimo o bua jaana, a re: Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re dilo di tlaa tsoga mo pelong ya gago, mme o tlaa loga maano a a bosula.
11
O tlaa re: Ke tlaa bololela kwa lefatsheng la metsana e e sa agelwang dithako; ke tlaa ya kwa go ba ba iketlileng, ba agile ka thagamo, botlhe ba agile fela ba se na dithako, ba se na mephakalego le fa e le ditswalo.
12
Go tsaya thopo, go tsaya kgapo; go ya go busetsa seatla sa gago mo mafelong a a kgakgabetseng, a gompieno a ntsweng, le go tlhabana le batho ba ba tswang go phuthwa kwa merafeng, ba bapetse dikgomo le dithoto, ba agile mo gare ga lefatshe.
13
Ba Sheba le ba Detane, le barekisi ba Tarešiše ba na le madumedi otlhe a teng, ba tlaa go raya ba re: ‘A o tsile go tsaya thopo? A o phuthile lesomo la gago go tla go tsaya kgapo? Go tla lo isa koo selefera le gouta, go ya le dikgomo le dilwana, go tsaya thopo e kgolo?’
14
“Ke gone ka moo, morwa motho, perofesa, o reye Goge o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: E tlaa re mo motlheng oo, mogang batho ba me ba Iseraele ba agileng ka thagamo, a ga o ketla o go itse?
15
O tlaa tswa kwa felong ga gago, kwa dikhutlong tsa ntlha ya botsheka, wena le ditšhaba di le dintsi di na nao, botlhe ba palame dipitse, e le lesomo le legolo, le ntwa e e thata e kgolo.
16
O tlaa bololela batho ba me ba Iseraele, o khurumetsa lefatshe jaaka leru; go tlaa dirala mo metlheng ya bofelo go re, ke tlaa go bololetsa lefatshe la ga etsho, gore merafe e nkitse, mogang ke itshepisiwang mo go wena, wena Goge fa pele ga matlho a bone.”
17
Morena Modimo o bua jaana, a re: “A ke wena yo ke buileng ka ga gago mo metlheng ya bogologolo, ka batlhanka ba me, baperofeti ba Iseraele, ba ba perofesitseng mo lobakeng loo ka dinyaga di le dintsi, ka re: Ke tlaa ba go bololetsa?
18
“Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re mogang Goge o bololelang lefatshe la Baiseraele,” go bua Morena, “tšararego ya me e tlaa gola mo dinkong tsa me.
19
Gonne ke buile mo lefufeng la me, le mo molelong wa bogale jwa me, ka re: Ruri mo motlheng oo go tlaa nna thoromo e kgolo mo lefatsheng la Iseraele;
20
go ba go tla ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le ditshedi tsa naga, le dilo tsotlhe tse di gagabang, tse di gagbang fa fatshe, le batho botlhe ba ba mo lefatsheng, ba tlaa roroma fa pele ga gago, le dithaba di tlaa digwa, le mapawa a tlaa wa, le dithako tsotlhe di tlaa wela fa fatshe.
21
Ke tlaa mo kuela tšhaka mo dithabeng tsa me tsotlhe fela,” go bua Morena Modimo; “tšhaka ya motho mongwe le mongwe e tlaa tsholediwa kgatlhanong le ngwana a rraagwe.
22
Ke tlaa ganetsana nae ka kgogodi le madi; go le ene le masomosomo a gagwe a sekamerwalo ya tsie, le ditšhaba tse dintsi tse o nang natso, ke tlaa ba nesetsa lesogodi le le penologang, le sefako se segolo, le molelo, le sulefura.
23
Ke tlaa itlotlomatsa, ke tlaa iitshepisa, ke tlaa itira gore ke itsiwe mo matlhong a merafe e le mentsi; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 39 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48