bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 43
Ezekiel 43
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 42
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 44 →
1
Morago ga moo a nkisa kwa kgorong, e bong kgoro e e lebileng ntlheng ya botlhabatsatsi.
2
Bonang, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele ya tla le tsela ya botlhabatsatsi; mme lentswe la one le ne le ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, mme lefatshe la galalela ka kgalalelo ya one.
3
Mme go ne go ntse jaaka ponalo ya ponatshegelo e nkileng ka e bona, e bong ka fa ponatshegelong e ke e bonyeng jale ka ke tsile go senya motse; mme diponatshegelo di ne di ntse jaaka ponatshegelo e ke e bonyeng kwa nokeng ya Kebare; mme ka wela ka sefatlhogo sa me fa fatshe.
4
Kgalalelo ya ga Jehofa ya tla mo tlong ka tsela ya kgoro e e lebileng ntlheng ya botlhabatsatsi.
5
Mowa wa ntsholetsa, wa nkisa mo lolwapeng lwa ka fa teng; mme bonang, kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka ntlo.
6
Mme ka utlwa mongwe a bua le nna a le mo ntlong; mme monna mongwe a ema fa go nna.
7
A nthaya a re: “Morwa motho, fano ke felo ga setulo sa me sa bogosi, le felo ga dipato tsa dinao tsa me, fa ke tlaa agang teng ka bosakhutleng mo baneng ba Iseraele; mme ba ntlo ya Iseraele ga ba ketla ba tlhola ba itshekolola leina la me le le boitshepo, le fa e le bone, le fa e le dikgosi tsa bone, ka go akafala ga bone, le fa e le ka ditoto tsa dikgosi tsa bone mo mafelong a bone a a tlotlometseng.
8
Le fa e le ka go baya serepudi sa bone fa serepuding sa me, le mephakwana ya bone ya mojako fa mephakwaneng ya me ya mojako, mme ga bo go le lomota fela gare ga me le bone; mme ba itshekolotse leina la me le le boitshepo ka tse di makgapha tsa bone tse ba di dirileng; ke gone ka moo ke ba nyeleditseng mo bogaleng jwa me.
9
Jaana a ba tlose go akafala ga bone, le ditoto tsa dikgosi tsa bone, go nne kgakala le nna, mme ke tlaa aga mo gare ga bone ka bosakhutleng.
10
“Wena morwa motho, supetsa ba ntlo ya Iseraele ntlo, gore ba tlhabisiwe ditlhong ke maikepo a bone; mme a ba lekanye sekao seo.
11
Mme, fa ba tlhabisiwa ditlhong ke tsotlhe tse ba di dirileng, o ba itsise popego ya ntlo, le modiro wa yone, le matso a yone, le matseno a yone, le dipopego tsotlhe tsa yone, le ditao tsotlhe tsa yone le dipopego tsotlhe tsa yone, le melao yotlhe ya yone; o di kwale mo ponong ya bone; gore ba tshegetse popego yotlhe ya yone, le ditao tsotlhe tsa yone, mme ba di dire.
12
O ke one molao wa ntlo; mo godimo ga thaba, sebaka sotlhe se e emeng mo go sone se tlaa nna boitshepo. Bona, ke one molao wa ntlo.”
13
“Tse ke dilekanyo tsa sebeso ka fa dikubiteng, ke go re, letsogo; (kubite ke letsogo le le nang le paralatso ya seatla); kwa tlase e nne letsogo lengwe fela, le boatlhamo bo nne letsogo lengwe fela, le morapalego wa yone fa losing lwa yone tikologong e nne selekanyo sa paralatso ya seatla; mme mo e nne motheo wa sebeso.
14
Go tswa fa tlase ga sone fa fatshe go ya serepuding sa tlase se nne mabogo a le mabedi, le boatlhamo e nne letsogo lengwe fela; mme go tswa fa serepuding se sebotlana go ya mo serepuding se segolo se nne mabogo a le mane, le boatlhamo letsogo le le lengwe fela.
15
Sebeso sa godimo se nne mabogo a le mane; mme go tswa fa leisong la sebeso go ya kwa godimo se nne mabogo a le mane.
16
Leiso la sebeso le nne boleele jwa mabogo a le 12, le boatlhamo mabogo a le 12, dintlha tsa sone tsoo nne di lekalekane fela.
17
Serepudi sa lomota se nne boleele jwa mabogo a le 14, le boatlhamo mabogo a le 14 dintlheng tsoo nne; kgarelo kwa tlase tikologong ya sone e nne ntlha nngwe ya letsogo le le lengwe fela mo tikologong; mme direpudi tsa sone di lebe ntlheng ya botlhabatsatsi.”
18
Mme a nthaya a re: “Morwa motho, Morena Modimo o bua jaana, a re: Tse ke tsone ditao tsa dibeso tsa motlha o ba tlaa se dirang ka one, go tlaa ba isa ditshupelo tse di fisiwang mo go sone, le go kgatsha madi mo go sone.
19
Naya baperesiti kgongwana ya tshupelelo ya boleo, e bong Balefi ba losika lwa ga Satoke, ba ba gaufi le nna go ntirela, go bua Morena Modimo.
20
O tseye ga madi a yone, o a beye mo dinakeng tsa sebeso tsoo nne, le mo dikgokgotšhong; tse nne tsa serepudi sa lomota, le mo morapalegong mo tikologong; o tlaa se tlhapisa jalo, o se direla tetlanyo.
21
Le gone o tseye kgomo ya tshupelelo ya boleo, o e fisetse mo felong fa go laotsweng ga ntlo, ka fa ntle ga felo ga boitshepo.
22
E re ka letsatsi la bobedi o ise podi e e se nang bogole e le ya tshupelelo ya boleo; mme ba tlaa tlhapisa sebeso, jaaka ba se tlhapisitse ka kgomo.
23
O tlaa re o sena go wetsa go se tlhapisa, o ise kgongwana e e se nang bogole tshupelo, le phelefu ya letsomane e e se nang bogole.
24
O di atametse fa pele ga Jehofa, mme baperesiti ba tlaa nonela letswai mo go tsone, mme ba di isetsa Jehofa tshupelo e e fisiwang.
25
Ka malatsi a supa o tlaa baakanya podi ka tsatsi lengwe le lengwe go nna tshupelelo ya boleo; le bone ba baakanye kgongwana le phelefu ya letsomane, e le tse di se nang bogole.
26
Ba tlaa direla sebeso tetlanyo ka malatsi a supa ba se tlhapisa; jalo ba tlaa se ntshwaela.
27
E tlaa re ba sena go wetsa malatsi a, go tlaa dirala go re ka letsatsi la 8, go ya kwa pele, baperesiti ba tlaa isa ditshupelo tsa lona tse di fisiwang mo sebesong, le ditshupelo tsa lona tsa kagiso; mme ke tlaa lo amogela, go bua Morena Modimo.”
← Chapter 42
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 44 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48