bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 14
Ezekiel 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 15 →
1
Foo ga tla bagolwane bangwe ba Iseraele kwa go nna, mme ba dula fa pele ga me.
2
Mme lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
3
“Morwa motho, batho bao ba tshotse medimo ya bone ya disetwa ka pelo, ba beile sekgopiso sa boikepo jwa bone fa pele ga difatlhogo tsa bone. A ke tshwanetse go bodiwa ke bone ka gongwe?
4
“Ke gone bua le bone, o ba reye o re, Morena Modimo o bua jaana, a re: Motho mongwe le mongwe wa ntlo ya Iseraele yo o tsholang medimo ya gagwe ya disetwa ka pelo, mme a baya sekgopiso sa boikepo jwa gagwe fa pele ga sefatlhogo sa gagwe, mme a tla mo moperofeting; nna Jehofa ke tlaa mo fetola mo go gone ka fa bontsing jwa medimo ya gagwe ya disetwa,
5
gore ke tshware ba ntlo ya Iseraele mo dipelong tsa bone ka tsosi, ka ba itirile baeng mo go nna ka medimo ya bone ya disetwa.
6
“Ke gone raya ba ntlo ya Iseraele, o re: Morena Modimo o bua jaana a re: Boang, mme lo itshokolole mo medimong ya lona ya disetwa, lo fularele dilo tsa lona tsotlhe tse di makgapha.
7
“Gonne mongwe le mongwe wa ntlo ya Iseraele, le fa e le wa baeng ba ba jakileng mo Iseraele, yo o ikgaoganyang le nna, mme a tshola medimo ya gagwe ya disetwa ka pelo, a baya sekgopiso sa boikepo jwa gagwe fa pele ga sefatlhogo sa gagwe, mme a tla moperofeting, a tla go ipoletsa mo go nna; nna ka nosi ke le Jehofa ke tlaa mo fetola:
8
Ke tlaa lebisa sefatlhogo sa me go tlhabana le motho yoo, ke tlaa mo dira segakgamatso, gore a tle a nne sekao le seane, ke tlaa mo kgaola mo gare ga batho ba me; mme lo tlaa itse fa ke la Jehofa.
9
“Fa moperofeti a tsietsegile, mme a bua lefoko lengwe, nna Jehofa ke tlaa bo ke tsieditse moperofeti yoo, mme ke tlaa mo otlololela seatla, ke mo senya a tloga mo gare ga batho ba me ba Iseraele.
10
Mme ba tlaa belega petso ya boikepo jwa bone; boikepo jwa moperofeti bo tlaa nna fela jaaka boikepo jwa yo o botsang mo go ene;
11
gore ba ntlo ya Iseraele ba se ka ba tlhola ba tloga mo go nna ba timela, le fa e le go tlhola ba itshekolola ka ditlolo tsotlhe tsa bone; fa e se gore ba nne batho ba me, le nna ke nne Modimo wa bone.” Go bua Morena Modimo.
12
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
13
“Morwa motho, mogang lefatshe lengwe le nteofelang ka go dira tlolo nngwe, mme ke le otlololela seatla, ke roba seikokotlelo sa dijo tsa lone, ke le tsosetsa popamo, ke kgaola mo go lone motho le kgomo;
14
le fa banna ba bararo ba, ba ka bo ba le mo go lone, e bong Noa, le Daniele, le Jobe, ba ne ba tlaa bo ba ikgolola mewa ya bone bosi fela, ka tshiamo ya bone.” Go bua Morena Modimo.
15
“Fa ke ralatsa dibatana tse di bosula lefatshe, mme di le senya, le ba le swafala, go ba go retelela motho go le ralala ka ntlha ya dibatana;
16
le fa banna ba bararo ba, ba ka bo ba le mo go lone, jaaka ke tshedile, go bua Morena Modimo, ba ne ba se ketla ba golola bana le fa e le ba basimane le fa e le ba basetsana; go ne go tlaa gololwa bone bosi fela, mme lefatshe le swafale fela.
17
“Kgotsa fa ke lere tšhaka mo lefatsheng leo, ke re: Wena tšhaka, ralala lefatshe; ke ba ke kgaola mo go lone motho le kgomo;
18
le fa banna ba bararo ba, ba ka bo ba le mo go lone, jaaka ke tshedile, go bua Morena Modimo, ba ne ba se ketla ba golola bana le fa e le ba basimane le fa e le ba basetsana, mme go tlaa gololwa bone fela ka bosi.
19
“Kgotsa fa ke lere kgogodi mo lefatsheng leo, ke le goromeletsa tšararego ya me ka madi, go tla ke kgaola mo go lone motho le kgomo;
20
le fa Noa le Daniele le Jobe, ba ka bo ba le mo go lone, jaaka ke tshedile, go bua Morena Modimo, ba tlaa bo ba se ketla ba golola ngwana le fa e le wa mosimane le fa e le wa mosetsana; ba ne ba tlaa ikgolola mewa ya bone bosi fela ka tshiamo ya bone.”
21
Gonne go bua jaana Morena Modimo, a re: “Bogolo jang mogang ke lereng ditshekiso tsa me tse nne tse di botlhoko mo Jerusalema, e bong tšhaka, popamo, dibatana tse di bosula le kgogodi, go tla ke kgaola mo go one motho le kgomo?
22
Le fa go ntse jalo, bonang, go tlaa tlogelwa batshedi ba ba tlaa tlosiwang, bana ba basimane le ba basetsana bonang, ba tlaa tswela kwa go lona, mme lo tlaa bona tsela ya bone le ditiro tsa bone; mme lo tlaa gomotsega ka ga bosula jo ke bo lerileng mo Jerusalema, e bong ka ga tsotlhe tse ke di lerileng mo go one.
23
Ba tlaa lo gomotsa mogang lo bonang tsela ya bone le ditiro tsa bone; lo tlaa itse fa tsotlhe tse ke di dirileng mo go one ke sa di dira ka boomo.” Go bua Morena Modimo.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48