bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 28
Ezekiel 28
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 29 →
1
Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Morwa motho, raya kgosana ya Ture, o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: E re ka pelo ya gago e itsholeditse, mme o rile, o modimo, o dutse mo setulong sa Modimo, mo gare ga mawatle; le fa go ntse jalo o motho, e seng Modimo le fa o ne o beile pelo ya gago jaaka pelo ya Modimo.
3
Bona, o botlhale bogolo go Daniele; ga go na maoma ape a ba ka a go subelang.
4
O iponetse dikhumo ka botlhale jwa gago le ka tlhaloganyo ya gago, mme o tsentse gouta le selefera mo mahumong a gago.
5
O ntsifaditse dikhumo tsa gago ka botlhale jwa gago jo bogolo, le ka go bapala ga gago, mme pelo ya gago e itsholeditse ka ntlha ya dikhumo tsa gago.”
6
Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: “E re ka o beile pelo ya gago jaaka pelo ya Modimo;
7
ke gone bona, ke tlaa lere baeng mo go wena, ba ba boitshegang ba merafe; mme ba tlaa somolela bontle jwa botlhale jwa gago ditšhaka, ba tlaa leswefatsa phatsimo ya gago.
8
Ba tlaa go folosetsa mo moleteng; mme o tlaa swa dintsho tsa ba ba bolailweng, o le mo pelong ya mawatle.
9
A o sa ntse o tlaa bua fa pele ga yo o go bolayang o re, o modimo le mororo o le motho, e seng Modimo, o le mo seatleng sa yo o go ntshang ntho?
10
O tlaa swa dintsho tsa ba ba sa rupang, ka seatla sa baeng, gonne ke buile. Go bua Morena Modimo.”
11
Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
12
“Morwa motho, tlhabeleletsa kgosi ya Ture khutsafalelo, mme o e reye o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: O konela tshobokanyo, o tletse botlhale, o itekanetse mo bontleng.
13
O ne o le mo Etene tshimo ya Modimo; lentswana lengwe le lengwe le le tlhokegang e ne e le seipipo sa gago, e bong la saredio, le la topase, le la teemane, le la berile, le la onekesa le la jasepere, le la safire, le la emerelete, le la karebunekele, le gouta; go dira meropana ya gago, le ditlhaka tsa gago tse di lediwang, go ne go le mo go wena; di baakantswe mo motlheng o o tlhodilweng ka one.
14
E ne e le wena tšheruba e e tloditsweng e e khurumetsang; mme ka go baya, wa ba wa tla wa nna mo thabeng e e itshepileng ya Modimo; o tsamaetse kwa le kwa mo gare ga maje a a molelo.
15
E sa le ka letsatsi le o tlhodilweng ka lone o ntse o itekanetse fela, ga tsamaya tshiamololo ya fitlhelwa mo go wena.
16
Ba tladitse bogare jwa gago ka thubakano ka bontsi jwa dithekelano tsa gago, mme o leofile. Ke gone ka moo ke go fegoletseng koo mo thabeng ya Modimo jaaka selo se se matladika; mme ke go sentse, wena tšheruba e e khurumetsang, ka go ntsha mo majeng a molelo.
17
Pelo ya gago e ne e itsholeditse ka ntlha ya bontle jwa gago, o bodisitse botlhale jwa gago ka ntlha ya phatsimo ya gago; ke go digetse fa fatshe, ke go beile fa pele ga dikgosi, gore di go bone.
18
Ka bontsi jwa maikepo a gago, mo tshiamololong ya go bapala ga gago, o tlhapaditse mafelo a gago a a boitshepo; ke gone ka moo ke tukisitseng molelo mo gare ga gago, o go laitse, mme ke go fetotse melora fa fatshe mo ponong ya botlhe ba ba go lebileng.
19
Botlhe ba ba go itseng mo ditšhabeng ba tlaa go gakgamalela; o fetogile theregiso, mme ga o ketla o tlhola o leyo gope.”
20
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
21
“Morwa motho, lebisa sefatlhogo sa gago kwa Sitone, mme o perofese o o nyatse, o re: Morena Modimo o bua jaana, a re:
22
Bona, ke tlhabana nao, wena Sitone; mme ke tlaa galalediwa mo gare ga gago; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa, ke sena go dirafatsa ditshekiso mo go ene, le ke sena go itshepisiwa mo go ene.
23
Gonne ke tlaa roma mo go ene kgogodi le madi mo mebileng ya gone; mme ba ba tlhabilweng ba tlaa wa mo gare ga teng, e leng ka tšhaka mo ntlheng tsotlhe tsa teng; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.
24
“Ga go ketla go tlhola go le mitlwana e e tlhabang ntlo ya Iseraele, le fa e le mitlwa e e tlhokofatsang ya bape ba ba mo tikologong ya bone, ba ba kileng ba ba direla ka kgokgontsho; mme ba tlaa itse fa ke le Morena Modimo.”
25
Morena Modimo o bua jaana a, re: “E tlaa re ke sena go phutha ba ntlo ya Iseraele kwa ditšhabeng kwa ba gasegetseng teng, le ke sena go itshepisiwa mo go bone mo ponong ya merafe, foo ba tlaa aga mo lefatsheng la ga bone, le ke le neileng motlhanka wa me Jakobe.
26
Ba tlaa aga mo go lone ka thagamo; ee, ba tlaa aga matlo, ba tlhoma masimo a mafine, mme ba tlaa aga ka thagamo; ke sena go dirafatsa ditshekiso mo go bone botlhe ba ba ba direlang ka kgokgontsho mo tikologong ya bone; mme ba tlaa itse fa ke le Morena Modimo wa bone.”
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 29 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48