bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 42
Ezekiel 42
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 43 →
1
Foo a nkisa kwa ntle kwa lolwapeng lwa ka fa ntle, ntlheng ya botsheka; mme a nkisa mo ntlwaneng e e lebaganyeng le felo fa go lomologileng, le e e lebaganyeng le kago ntlheng ya botsheka.
2
Fa pele ga boleele jwa mabogo a le lekgolo go no go le mojako wa botsheka, mme boatlhamo bo le mabogo a 50.
3
Bolebagana le sebaka sa mabogo a 20 se e leng sa lolwapa lwa ka fa teng, le bolebagana le bophaphatho jwa matlapa jo e leng jwa lolwapa lwa ka fa ntle, go ne go le manno bosepelo kwa godimo bo lebaganye le bosepelo kwa godimo mo tlhatlaganong ya boraro.
4
Fa pele ga matlwana go ne go le tsela e e boatlhamo bo le mabogo a le some ka fa teng, e le boleele jwa mabogo a lekgolo; mme mejako ya yone e ne e lebile ntlheng ya botsheka.
5
Jaana matlwana a a kwa godimo a bo a le makhutshwane; gonne bosepelo jo bo kwa godimo bo bo ne bo kgoseditse one ao, bogolo go a a ka fa tlase le a a fa gare mo kagong.
6
Gonne a ne a tlhatlaganye seraro, mme a se na maotwana a a etsang maotwana a malwapa; ke gone ka moo a a kwa godimodimo a ne a pitlaganye bogolo go a a kwa tlase le a a fa gare, go simolola fa fatshe.
7
Lorako lo lo kwa ntle ka fa matlwaneng, bolebana le lolwapa lwa ka fa ntle fa pele ga matlwana, boleele jwa lone e ne e le mabogo a le 50.
8
Gonne boleele jwa matlwana a a mo lolwapeng lwa ka fa ntle e ne e le mabogo a le 50; mme bonang, fa pele ga tempele ya bo e le mabogo a le lekgolo.
9
Ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi botseno bo ne bo huhumela matlwana a, jaaka fa motho a tsena a tswa lolwapeng lwa ka fa ntle.
10
Mo bokimeng jwa kago ya lorako lwa lolwapa ntlheng ya botlhabatsatsi fa pele ga felo fa go lomologileng, le fa pele ga kago, go ne go le matlwana.
11
Tsela e e fa pele ga yone e ne e tshwana le ponalo ya tsela ya matlwana a a ntlheng ya botsheka; ka fa boleeleng jwa tsone, le ka fa boatlhamong jwa tsone di ne di tshwana fela; mme matso otlhe a yone a ne a le ka fa meagong ya tsone, le ka fa mejakong ya yone.
12
Le ka fa mejakong ya matlwana a a ntlheng ya borwa, go ne go le mojako mongwe fa tshimologong ya tsela, e bong tsela e e fa pele ga lorako fela ntlheng ya botlhabatsasi, fa motho a tsena mo go yone.
13
Foo a nthaya a re: “Matlwana a a ka fa botsheka, le matlwana a a ka fa borwa, a a fa pele ga felo fa go lomologileng, ke one matlwana a a boitshepo, kwa baperesiti ba ba gaufi le Jehofa ba tlaa jelang teng dilo tse di boitshepo jo bo itshepileng; ba tlaa baya teng dilo tse di boitshepo jo bo itshepileng, le tshupelo ya boupe, le tshupelelo ya boleo, le tshupelelo ya molato; gonne felo foo go boitshepo.
14
Ya re fa baperesiti ba tsena, foo ga ba ketla ba tswa mo felong ga boitshepo ba tswela kwa lolwapeng lwa ka fa ntle, mme ba tlaa baya diaparo tsa bone teng tse ba direlang ka tsone; gonne di boitshepo; mme ba tlaa apara diaparo di sele ba itse go atamela kwa go se e leng sa batho fela.”
15
Jaana e rile a sena go wetsa go lekanya ntlo ya ka fa teng, a nkisa kwa ntle ka tsela ya kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi, a e lekanya mo ntlheng tsotlhe.
16
Ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi a lekanya ka lotlhaka lwa selekanyo, ditlhaka di le 500, ka lotlhaka lwa selekanyo mo ntlheng tsotlhe.
17
Ntlheng ya botsheka a lekanya ditlhaka di le 500, ka a lekanya ka lotlhaka lwa selekanyo mo ntlheng tsotlhe.
18
Ntlheng ya borwa a lekanya ditlhaka di le 500, ka lotlhaka lwa selekanyo.
19
A retologela ntlheng ya bophirimatsatsi, mme a lekanya ditlhaka di le 500 ka lotlhaka lwa selekanyo.
20
A e lekanya mo ntlheng tsoo nne; e ne e na le lorako mo tikologong, boleele bo le 500, le boatlhamo bo le 500, go dira tomologano gare ga tse di boitshepo le tse e leng dilo fela.
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 43 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48