bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 18
Ezekiel 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 19 →
1
Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Lo a bo lo reng, fa lo tlhaba seane se ka ga lefatshe la Iseraele, lo re: ‘Borra bana ba jele bogoto jwa difine, mme meno a bana a dilafetse’?
3
“Jaaka ke tshedile,” go bua Morena Modimo, “ga lo ketla lo tlhola lo bona ka fa lo ka tlhabang seane se ka gone mo Iseraele.
4
Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.
5
“Fa motho a le tshiamo, mme a dira sone se se laotsweng le se se siameng,
6
mme a se ka a jela mo dithabeng, a se ka a tsholeletsa matlho a gagwe medimong ya disetwa ya ba ntlo ya Iseraele, a se ka a senya mosadi wa mongwe ka ene, le gone a se ka a atamela mosadi yo o medibela;
7
fa a se ka a siamololela ope, mme a reboletse motho yo o molato sebeelo sa gagwe, fa a se ka a thukhutha ope ka thata, fa a file yo o bolailweng ke tlala dijo, fa a apesitse yo o sa aparang kobo;
8
e le yo o se kang a adima ka go lopa koketso, le fa e le go amogela ntsifatso, yo o gonneng seatla sa gagwe mo boikepong, a dirafaditse katlholo ya ammaaruri gare ga motho le motho,
9
a sepela mo ditaong tsa me, a tshegetsa dikatlholo tsa me, a dira ka boammaaruri; ene o siame, ruri o tlaa tshela.” Go bua Morena Modimo.
10
“Fa a tsala mosimane yo e leng senokwane, le motsholodi wa madi a batho, a ba a dira sengwe sa dilo tse,
11
mme a sa dire sengwe sa ditshwanelo tseo, e le yo o jetseng mo dithabeng fela, e le yo o sentseng mosadi wa mongwe ka ene,
12
a siamololetse bahumanegi le batlhoki, a thukhuthile ka thata, a se ka a rebola sebeelo, mme a tsholeleditse matlho medimong ya disetwa, a dirile se se makgapha,
13
a adimile ka go lopa koketso, a amogetse ntsifatso; a ke go re, ene o tlaa tshela? Ga a ketla a tshela; o dirile tse di makgapha tsotlhe tse. Ruri o tlaa swa; madi a gagwe a tlaa nna mo go ene.
14
“Jaana bonang, fa a tsala mosimane yo o bonang maleo otlhe a ga rraagwe, a o a dirileng, mme a boifa, a sa dire a a tshwanang nao,
15
e le yo o se kang a jela mo dithabeng, le gone a se ka a tsholeletsa matlho a gagwe medimong ya disetwa ya ba ntlo ya Iseraele, mme a se ka a senya mosadi wa mongwe ka ene;
16
a se ka a siamololela ope, a se ka a tsaya sepe go nna sebeelo, le gone a se ka a thukhutha ka thata, mme a file ba ba bolailweng ke tlala dijo, a apesa yo o sa aparang kobo,
17
e le yo o gonneng seatla sa gagwe mo bahumaneging, a se ka a amogela koketso le fa e le ntsifatso, a dirafaditse dikatlholo tsa me, a sepetse mo ditaong tsa me; ene ga a ketla a swela boikepo jwa ga rraagwe, ruri o tlaa tshela.
18
Ka ga rraagwe, ka a patikile ka mo go bolalome, a thukhuthile ngwana a rraagwe ka thata, a dira se se seng molemo mo go ba ga gabo, bona, ene o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe.
19
“Le fa go ntse jalo lo a tle lo re: ‘Ke ka ntlha yang fa ngwana a se ke a belega boikepo jwa ga rraagwe?’ Aitse ya re fa ngwana a dirile sone se se laotsweng le se se siameng, a tshegetsa ditao tsotlhe tsa me, a di dira, ruri o tlaa tshela.
20
Mowa o o leofang, go tlaa swa one; ngwana ga a ketla a belega boikepo jwa ga rraagwe, le rra motho ga a ketla a belega boikepo jwa ngwana; tshiamo ya mosiami e tlaa nna mo go ene, le boikepo jwa moikepi bo tlaa nna mo go ene.
21
“Fa moikepi a sokologa mo maleong otlhe a gagwe a o a dirileng, mme a tshegetsa ditao tsa me, a dira sone se se laotsweng le se se siameng, ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa.
22
Ga go ketla go gakologelwa dipe tsa ditlolo tsa gagwe tse o ntloletseng ka tsone; o tlaa tshedisediwa tshiamo e o e dirileng.
23
A ke na le kgatlhego mo losong lwa moleofi? Go bua Morena Modimo; mme bogolo a ga se gore a sokologe mo tseleng ya gagwe, mme a tshele?
24
“Ya re fa mosiami a fapoga mo tshiamong ya gagwe, a dira boikepo, mme a dira ka fa dilong tse di makgapha tsotlhe tse moikepi o di dirang, a o tlaa tshela? Ga go ketla go gakologelwa dipe tsa ditiro tsa gagwe tsa tshiamo tse o di dirileng; mme mo tlolong e o e tlodileng, le mo boleong jo o bo leofileng, o tlaa swela mo go jone.
25
“Le fa go ntse jalo lo a tle lo re: ‘Tsela ya ga Jehofa ga e a lekalekana.’ Utlwang, jaana, lona ba ntlo ya Iseraele: A tsela ya me ga e a lekalekana? Ditsela tsa lona a ga se tsone di sa lekalekanang?
26
Ya re fa mosiami a fapoga mo tshiamong ya gagwe a dira boikepo, mme a swela mo go jone; o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe jo ene o bo dirileng.
27
Gape e a re fa moikepi a sokologa mo boikepong jwa gagwe jo o bo dirileng, mme a dira se se laotsweng le se se siameng, o tlaa tshedisa mowa wa gagwe.
28
Ereka a gopola, mme a sokologa mo ditlolong tsotlhe tsa gagwe tse o di dirileng, ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa.
29
Le fa go ntse jalo go tle go bue ba ntlo ya Iseraele, ba re: ‘Tsela ya Morena ga e a lekalekana.’ Lona ba ntlo ya Iseraele, a ditsela tsa me ga di a lekalekana? Ditsela tsa lona a ga se tsone di sa lekalekanang?
30
“Ke gone ke tlaa lo sekisang, lona ba ntlo ya Iseraele, mongwe le mongwe ka fa ditseleng tsa gagwe, go bua Morena Modimo. Bowang, lo itshokolole mo ditlolong tsotlhe tsa lona; jalo boikepo bo tlaa bo bo se ketla bo lo senya.
31
Latlhang ditlolo tsotlhe tsa lona tse lo tlodileng ka tsone; lo itirele pelo e ntšha le mowa o moša; ka go bo lwa bo lo ratelang go swa lona ba ntlo ya Iseraele?
32
Gonne ga ke na kgatlhego epe mo losong lwa yo o swang, go bua Morena Modimo; mme ke gone itshokololeng, lo tshele.”
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48