bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 29
Ezekiel 29
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 30 →
1
E rile ka ngwaga wa lesome, ka kgwedi ya lesome, ka letsatsi la 12 la kgwedi, lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Morwa motho, lebisa sefatlhogo sa gago kwa go Faro kgosi ya Egepeto, mme o perofese o mo nyatse, ene, le lefatshe lotlhe la Egepeto.
3
Bua, o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Bona, ke tlhabana nao, wena Faro kgosi ya Egepeto, kwena e tona e e namaletseng mo gare ga dinoka tsa gagwe, yo o reng: ‘Noka ya me ke ya me fela, ke bile ke e itiretse.’
4
Ke tlaa tsenya dikobe mo ditlhaeng tsa gago, mme ditlhapi tsa dinoka tsa gago ke tlaa di ngaparetsa mo makapeng a gago; ke tlaa go tlhatlosa mo gare ga dinoka tsa gago, le ditlhapi tsotlhe tsa dinoka tsa gago di ngaparetse mo makapeng a gago.
5
Ke tlaa go tlogela o latlhetswe mo nageng, wena le ditlhapi tsotlhe tsa dinoka tsa gago; o tlaa wela mo nageng e e lobala fela; ga o ketla o kokoanngwa le fa e le go phuthwa; ke go abetse dibatana tsa lefatshe le dinonyane tsa loapi go nna dijo tsa tsone.
6
“Banni botlhe ba Egepeto ba tlaa itse fa ke le Jehofa, ka gobo ba ne ba ntse ba le seikokotlelo sa lotlhaka fela mo go ba ntlo ya Iseraele.
7
E rile ba go tshwara ka letsogo wa phitsega, wa gagola marudi otlhe a bone; e rile ba ikaega mo go wena wa robega, wa roromisa ditheka tsotlhe tsa bone.
8
Ke gone ka moo, go bua Morena Modimo, a re: Bona, ke tlaa lere tšhaka mo go wena, ke kgaola mo go wena motho le kgomo.
9
Lefatshe la Egepeto le tlaa nna tshwafalo le kgakgabalo; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa; gonne o itheile a re: ‘Noka ke ya me, ke nna yo ke e dirileng.’
10
Ke gone bona, ke tlhabana nao le dinoka tsa gago, ke tlaa ira lefatshe la Egepeto gore le nne tshenyego le kgakgabalelo le tshwafalelo ruri, go tswa kagong e e godileng ya phemelo ya Sefene go ya fela kwa molelwaneng wa Ethiopia.
11
Ga go ketla go ralala lonao lope lwa motho mo go lone, le tlhako ya kgomo ga e ketla e le ralala, le gone ga le ketla le nnwa ka dinyaga di le 40.
12
Ke tlaa swafatsa lefatshe la Egepeto mo gare ga mafatshe a a swafetseng, le metse ya lone mo gare ga metse e e ropefetseng, e tlaa nna tshwafalo ka dinyaga di le 40. Ke tlaa gasamisetsa Baegepeto mo merafeng, ke ba phatlalaletsa mo mafatsheng.”
13
Gonne Morena Modimo o bua jaana, a re: “E tlaa re dinyaga di le 40 di sena go feta ke tlaa phutha Baegepeto kwa ditšhabeng kwa ba gasamesegetseng teng.
14
Ke tlaa ba ke busa botshwaro jwa Baegepeto, ke tlaa ba busetsa mo lefatsheng la Patherose, mo lefatsheng la botsalelo jwa bone; mme ba tlaa nna teng e le bogosi jo bo nyatsegang.
15
Bo tlaa nyatsega bogolo go magosi otlhe; ga bo ketla bo tlhola bo itsholeletsa godimo ga merafe; ke tlaa ba ngotla gore ba se tlhole ba laola merafe.
16
Ga bo ketla bo tlhola bo nna boikanngo jwa ba ntlo ya Iseraele, go gopodisa ka ga boikepo fa ba šeba kwa go bone; mme ba tlaa itse fa ke le Morena Modimo.”
17
Ga dirala ya re ka ngwaga wa 27, ka kgwedi ya ntlha, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
18
“Morwa motho, Nebukatenesare kgosi ya Babilone o na a dirisa ntwa ya gagwe tiro e kgolo ya go tlhabana le Ture; ditlhogo tsotlhe tsa tšhemoga, marudi otlhe a kgoboga; le fa go ntse jalo o ne a sena maduo, le fa e le ntwa ya gagwe mo Ture, ka ga tiro e o e dirileng a tlhabana nao.
19
Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: Bona, ke tlaa naya Nebukatenesare kgosi ya Babilone lefatshe la Egepeto; mme o tlaa tlosetsa bontsi jwa lone koo, o tlaa thopa a gapa dilo tsa lone; mme e tlaa nna maduo a ntwa ya gagwe.
20
Ke mo neile lefatshe la Egepeto e le tuelo ya gagwe e o e diretseng, ka ba ne ba ntirela, go bua Morena Modimo.
21
“Ke tlaa re mo motlheng oo ke kukuntshetse ba ntlo ya Iseraele lonaka, le wena ke tlaa go naya go tswa molomo mo gare ga bone; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48