bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 25
Ezekiel 25
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 26 →
1
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Morwa motho, lebisa sefatlhogo sa gago kwa baneng ba Amone, mme o ba perofesetse o ba nyatse.
3
O reye bana ba Amone o re: Utlwang, lefoko la Morena Modimo; Morena Modimo o bua jaana, a re: E re ka o nyaditse felo ga me ga boitshepo, jale ka go tlhapadiwa, wa re: ‘Ahe;’ le ka ga lefatshe la Iseraele jale ka le swafadiwa; le ka ga ba ntlo ya Juta jale ka ba isiwa botshwarong.
4
Ke gone bona, ke tlaa go neela bana ba botlhabatsatsi gore ba go rue, mme ba tlaa tlhoma mathibelelo a bone mo go wena, ba tlaa dira maago a bone mo go wena; ba tlaa ja maungo a gago, ba tlaa nwa maši a gago.
5
Ke tlaa dira Raba gore go nne ntlo ya dikamela, le bana ba Amone gore o nne mabothelo a matsomane; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa.”
6
Gonne Morena Modimo o bua jaana, a re: “E re ka o opantse diatla, wa tiba ka dinao, wa itumela ka kilo yotlhe ya mowa wa gago ka ga lefatshe la Iseraele;
7
ka re: Bona, ke go otlololetse seatla, ke tlaa go neela merafe gore o thopiwe; ke tlaa go kgaola mo ditšhabeng, ke dira gore o nyelele mo mafatsheng, ke tlaa go senya; mme o tlaa itse fa ke le Jehofa.”
8
Morena Modimo o bua jaana, a re: “Ereka boMoabe le Seira ba re: Bonang, ba ntlo ya Juta ba tshwana le merafe yotlhe;
9
ke gone bonang, ke tlaa phunya lotlhakore lwa Moabe ka fa ntlheng ya metse, go tswa metseng ya gagwe e e mo melelwaneng ya gagwe, kgalalelo ya lefatshe, e bong Bethe-jesimothe, le Baale-meone, le Kiriathaime,
10
ke lo phunyetsa bana ba botlhabatsatsi, ba ya go tlhabana le bana ba Amone, mme ke tlaa ba ntshetsa go ruiwa, gore bana ba Amone ba se tlhole ba gakologelwa mo merafeng.
11
Ke tlaa dirafatsa ditshekiso mo Moabe; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”
12
Morena Modimo o bua jaana, a re: “E re ka Etome a tlhabanye le ba ntlo ya Juta ka go ipusolosa a kgopile thata, mme a ipusoloseditse mo go bone;
13
ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: Ke tlaa otlololela Etome seatla, ke tlaa kgaola ke tlosa gone motho le kgomo, ke tlaa go swafatsa go simolola kwa Temane; go ya fela kwa Detane ba tlaa wa ka tšhaka.
14
Ke tlaa baya pusoloso ya me mo Etome ka seatla sa batho ba me ba Iseraele; ba tlaa dira mo Etome ka fa bogaleng jwa me, le ka fa tšararegong ya me; mme ba tlaa itse pusoloso ya me,” go bua Morena Modimo.
15
Morena Modimo o bua jaana, a re: “E re ka Bafilisitia ba dirile ka pusoloso, mme ba ipusolositse ka kilo ya mowa go le senya ka bobaba jo bo sa khutleng;
16
ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa otlololela Bafilisitia seatla, mme ke tlaa kgaola Bakerethe, ke ba ke senya masalela a ka fa dintshing tsa lewatle.
17
Ke tlaa ba ipusolosetsa thata ka dikgalemo tse di šakgetseng; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa, mogang ke ipusolosang mo go bone.”
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 26 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48