bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 22
Ezekiel 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 23 →
1
Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2
“Wena morwa motho, a o tlaa atlhola, a o tlaa atlhola motse o o madi? Fa e le jalo o o itsise tse di makgapha tsotlhe tsa one.
3
O re: Morena Modimo o bua jaana, a re: A motse o o tshololang madi mo gare ga one, gore motlha wa one o tle, o o itirelang medimo ya disetwa ya go iitshekolola!
4
O molato mo mading a gago a o a tsholotseng, o itshekologile ka medimo ya disetwa e o e dirileng; mme o atameditse metlha ya gago, o fitlhile fela le mo dinyageng tsa gago; ke gone ka moo ke go dirileng kgobo mo merafeng, le tshotlo mo mafatsheng otlhe.
5
Ba ba gaufi, le ba ba kgakala nao ba tlaa go sotla, wena yo o leina le le maswe, yo o tletseng pheretlho.
6
“Bona, dikgosana tsa Iseraele di ntse di le mo go wena di tsholola madi, nngwe le nngwe ka fa nonofong ya yone.
7
Di ntse di sa re sepe ka borra le bomma mo go wena; ba diretse moeng ka patiko mo gare ga gago; ba siamololetse masiela le mosadi wa motlholagadi mo go wena.
8
O nyaditse dilo tsa me tse di boitshepo, o tlhapaditse bosabata ba me.
9
Bapateletsi ba ntse ba nnetse mo go wena go tsholola madi; ba jetse mo dithabeng ba le mo go wena; ba dirile dilo tsa botlhodi ba le mo gare ga gago.
10
Ba senotse bosaikategang jwa borraabo ba le mo go wena; ba katisitse mosadi yo o itshekologileng ka medibela, ba le mo go wena.
11
Mongwe o dirile boatla le mosadi wa mongwe ka ene; yo mongwe o dirile botlhodi ka go senya ngwetsi wa gagwe; yo mongwe a le mo go wena o katisitse kgaitsadie, morwadia rraagwe, a le mo go wena.
12
Ba amogetse dineo tsa go tsholola madi ba le mo go wena; wena o amogetse koketso le ntsifatso, o bapetse mo go bagaeno ka boiphetlho, o ba patika, mme nna o ntebetse, go bua Morena Modimo.
13
“Ke gone, bona, ke opantse diatla ka ga papadi ya gago ya pherekano e o e bapetseng, le ka ga madi a gago a a ntseng a le mo gare ga gago.
14
A pelo ya gago e ka itshoka, kgotsa a diatla tsa gago di ka nna thata mo metlheng e ke tlaa dirang nao ka yone? Nna Jehofa ke buile, mme ke tlaa go dira.
15
Ke tlaa go gasamisetsa mo merafeng, ke go falaletsa mo mafatsheng, mme ke tlaa nyeletsa leswe la gago le tloga mo go wena.
16
O tlaa tlhapatsega mo go wena ka wesi, mo ponong ya merafe; mme o tlaa itse fa ke le Jehofa.”
17
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
18
“Morwa motho, ntlo ya Iseraele e fetogile manyelo mo go nna: botlhe fela ke kgotlho, le boleke, le tshipi, le lotwe, mo leisong la leubelo; ke manyelo a selefera fela.
19
Ke gone ka moo, go bua Morena Modimo, a re: E re ka lo fetogile manyelo lotlhe, ke gone bonang, ke tlaa lo kokoanyetsa mo gare ga Jerusalema.
20
Jaaka go tle go kokoanyediwe selefera, le kgotlho, le tshipi, le lotwe, le boleke mo leisong la leubelo, go tla go ubelelwa molelo mo go tsone, gore di tlhapolosiwe; ke tlaa lo kokoanya jalo mo bogaleng jwa me, le mo tšararegong ya me, ke tlaa lo baya teng, ke lo tlhapolosa.
21
Ee, ke tlaa lo kokoanya, ke lo ubela ka molelo wa bogale jwa me, mme lo tlaa tlhapolosiwa mo gare ga teng.
22
Jaaka selefera se tle se tlhapolosiwe mo leisong la leubelo, le lona lo tlaa tlhapolosiwa jalo mo gare ga teng, mme lo tlaa itse fa nna Jehofa, ke lo goromeleditse tšararego ya me.”
23
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
24
“Morwa motho, le reye o re: O lefatshe le le sa tlhapisiwang, le fa e le go nelwa ke pula mo motlheng wa tšhakgalo.
25
Go kgolaganyetso ya baperofeti ba lona mo gare ga lona, jaaka tau e e dumang fa e garola phologolo; ba supuditse mewa ya batho; ba tsaya khumo, le dilo tse di tlhokegang; ba ntsifaditse basadi ba batlholagadi ba yona mo gare ga yona.
26
Baperesiti ba yona ba sentse molao wa me, ba tlhapaditse dilo tsa me tse di boitshepo; ga ba a farologanya dilo tse di boitshepo le tse e leng dilo fela, le gone ga ba a farologanyetsa batho dilo tse di sa itshekang le tse di itshekileng, ba bile ba subetse bosabata ba me matlho, mme ke tlhapatsegile mo go bone.
27
Dikgosana tsa yona mo gare ga yona di ntse jaaka diphiri tse di garolang phologolo; ba tsholola madi, ba senya mewa ya batho, e le gore ba bone papadi ya pherekano.
28
Le baperofeti ba lona ba ba bategile ka sebatego se se sa swelang, ba bona boithamako, ba ba perofesetsa maaka, ba re: ‘Morena Modimo o bua jaana;’ le mororo Jehofa a sa bua.
29
Batho ba lefatshe ba patikile, ba dirile bogodu. Ee, ba tshwentse bahumanegi le batlhoki, ba ba ba patika moeng ka mo go sa siamang.
30
Ka senka monna mo go bone, yo o tlaa baakanya lorako, le yo o tlaa emang fa pele ga me mo phatlheng go rapelela lefatshe, gore ke se ka ka le senya; mme ga ke a ka ka fitlhela ope.
31
Ke gone ka moo ke ba goromeleditseng tšhakgalo ya me; ke ba laitse ka molelo wa kgalefo ya me; ke lerile tsela ya bone mo ditlhogong tsa bone, go bua Morena Modimo.”
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48