bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 13
Numbers 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 14 →
1
Jehofa a bua le Moše, a re:
2
“Roma banna ba ye go tlhola lefatshe la Kanana le ke le nayang bana ba Iseraele. A go rongwe monna a le mongwe fela wa lotso longwe le longwe lwa borra ba bone, mongwe le mongwe e le kgosana mo go bone.”
3
Moše a ba roma ba tswa mo nageng ya Parane ka fa taolong ya ga Jehofa; botlhe e le batho ba e leng ditlhogo tsa bana ba Iseraele.
4
Maina a bone ke a: Wa lotso lwa ga Rubene e ne e le Shamua morwa Sakure;
5
wa lotso lwa ga Simeone e le Shafate morwa Hori,
6
wa lotso lwa ga Juta e le Kalebe morwa Jefune,
7
wa lotso lwa ga Isakare e ne e le Igale morwa Josefe;
8
wa lotso lwa ga Eferaime e ne e le Hosea morwa Nune,
9
wa lotso lwa ga Benjamine e ne e le Paleti morwa Rafu,
10
wa lotso lwa ga Sebulone e ne e le Gadiele morwa Sodi,
11
wa lotso lwa ga Josefe, e bong wa lotso lwa ga Manase, e le Gadi morwa Susi,
12
wa lotso lwa ga Dane e ne e le Amiele morwa Gemali,
13
wa lotso lwa ga Ašere e ne e le Sethure morwa Mikaele,
14
wa lotso lwa ga Nafetali e ne e le Nabi morwa Fofasi,
15
wa lotso lwa ga Gate e ne e le Guele morwa Maki.
16
Ke one maina a banna ba Moše o ne a ba roma ba ya go tlhola lefatshe. Moše a raya Hosea morwa Nune leina a re, Jošua.
17
Moše a ba roma ba ya go tlhola lefatshe la Kanana, mme a ba raya a re: “Lo tlhatloge ka tsela e, ya Borwa, mme lo tlhatlogele mo dithabeng.
18
Lo bone lefatshe gore le ntse jang; le batho ba ba agileng teng, gore a ba thata, kgotsa ba bokoa, a ba babotlana, kgotsa ba bantsi.
19
Le lefatshe le ba agileng mo go lone, gore le ntse jang: a le molemo kgotsa le bosula; le metse e ba agileng mo go yone, gore e ntse jang: a ba agile mo megopeng, kgotsa mo dikagong tse di thata.
20
Le lefatshe gore le ntse jang: a le na le monono kgotsa bokodue, a le na le ditlhare kgotsa nnyaa. Mme lo nne pelokgale, lo tle lo tshotse maungo a lefatshe.” Lobaka ya bo e le lobaka lwa mabutswapele a mefine.
21
Jalo ba tlhatloga, ba tlhola lefatshe go simolola ka naga ya Tsine go ya kwa Rehobe, go ya botsenong jwa Hamathe.
22
Ba tlhatloga ka fa ntlheng ya Borwa, ba tla mo Heberone; bo-Ahimane le Shešai le Talemai, bana ba ga Anake, ba bo ba le gone. (Jaana Heberone o ne a agilwe dinyaga di supa pele ga Soane o o mo Egepeto.)
23
Ba fitlha mo molatšaneng wa Ešekole, ba kgaola gona kala e e nang le lerose le lengwe fela la loungo lwa mofine, ba le sikara ka thobane ba le babedi; le gone ba tshola digaranate le difeige.
24
Felo foo go ne go bidiwa molatšana wa Ešekole ka ntlha ya lerose le bana ba Iseraele ba le kgaotseng gone.
25
Ba hulara kwa go tlholeng lefatshe go sena go feta malatsi a le 40.
26
Ba tsamaya ba fitlha kwa go Moše le kwa go Arone, le mo phuthegong yotlhe ya bana ba Iseraele, mo nageng ya Parane, kwa Kateše; ba tla le lefoko kwa go bone, le kwa phuthegong yotlhe, mme ba ba supetsa loungo lwa lefatshe.
27
Ba ba kakanyetsa ba re: “Re ile ra fitlha mo lefatsheng le o re romileng kwa go lone; ruri le ela maši le dinotshe; lo ke lone loungo lwa lone.
28
Le fa go ntse jalo batho ba ba agileng mo lefatsheng leo ba thata, le metse e thekeleditswe ka dithako, e bile e megolo thata; gape re bonye bana ba ga Anake teng.
29
Baamaleke ba agile mo lefatsheng la Borwa; Bahite, Bajebuse le Baamore ba agile mo dithabeng, le Bakanana ba agile fa lewatleng, ba bile ba bapile le noka ya Joretane.”
30
Kalebe a kgaodisa batho fa pele ga Moše a re: “A re tlhatlogeng ka bonako re yeng go le rua, gonne re nonofile sentle fela go le fenya.”
31
Banna ba ba neng ba tlhatlogile nae ba re: “Ga re a nonofa go ya go tlhabana le batho bao, gonne ba thata bogolo go rona.”
32
Lefatshe le ba tswang go le tlhola ba le bolela ka bosula mo baneng ba Iseraele ba re: “Lefatshe le re le raletseng re le tlhola, ke lefatshe le le kometsang banni ba lone; batho botlhe ba re ba bonyeng mo go lone ke batho ba ba godileng thata.
33
Le mekaloba re e bonye gone, bana ba ga Anake, ba ba tswang mo go bone mekaloba; mme mo ponong ya rona ka rosi ra bo re ntse jaaka tsiakgope fela, le mo ponong ya bone re ne re ntse jalo.”
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36