bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 25
Numbers 25
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 26 →
1
Iseraele a nna mo Sitime, mme batho ba simolola go dira boaka le bomorwadia Moabe;
2
gonne ba ne ba tle ba laleletse batho ditlhabelong tsa medimo ya bone; mme batho ba ja, ba ikobela medimo ya bone.
3
Iseraele a ikopanya le Baale-peore; mme bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele.
4
Jehofa a raya Moše, a re: “Tsaya bagolwane botlhe ba batho, o ba pegele Jehofa fa pele ga letsatsi, gore bogale jo bogolo jwa ga Jehofa bo fagope Iseraele.”
5
Moše a raya baatlhodi ba Iseraele, a re: “A mongwe le mongwe wa lona a bolaye batho ba gagwe ba ba ikopantseng le Baale-peore.”
6
Mme bonang, mongwe wa bana ba Iseraele a tla a lere mo go ba ga gabo mosadi wa Semidiane mo ponong ya ga Moše, le mo ponong ya phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele, ba sa ntse ba lela fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
7
E rile Finease, morwa Eleasare, morwa Arone moperesiti a go bona, a nanoga mo gare ga phuthego, a tshola lerumo mo seatleng;
8
a latela motho wa Iseraele mo loobong, a ba phololetsa ka bobedi jwa bone, monna wa Iseraele, le mosadi a mo phunya mogodu. Mme sebetso sa emisiwa mo baneng ba Iseraele.
9
Ba ba suleng ka sebetso e ne e le 24 000.
10
Jehofa a bua le Moše, a re:
11
“Finease, morwa Eleasare, morwa Arone moperesiti, o fapositse bogale jwa me mo baneng ba Iseraele, ka a ne a le lefufa ka lefufa la me mo gare ga bone; mme ka se ka ka nyeletsa bana ba Iseraele mo lefufeng la me.
12
Ke gone ka moo o bue, o re: ‘Bona, ke mo naya kgolagano ya me ya kagiso.
13
E tlaa nna kgolagano e e sa khutleng mo go ene, le mo losikeng lwa gagwe morago ga gagwe, kgolagano ya boperesiti jo bo se nang bokhutlo; ka a ne a le lefufa ka go Modimo wa gagwe, a direla baba ba Iseraele tetlanyo.’ ”
14
Leina la monna wa Iseraele yo o bolailweng, yo o bolailweng le mosadi wa Momidiane, e ne e le Simeri morwa Salu, kgosana ya kgotla nngwe ya borraagwe mo go Basimeone.
15
Leina la mosadi wa Momidiane yo o bolailweng, e ne e le Kosebi, morwadia Sure; yoo e ne e le tlhogo ya batho ba kgotla nngwe ya borraagwe mo Midiane.
16
Jehofa a bua le Moše, a re:
17
“Tshwenya Bamidiane, o ba kgemethe,
18
gonne ba lo tshwenya ka boferefere jwa bone, jo ba lo fepileng ka jone mo tirong ya Peore, le mo tirong ya ga Kosebi, morwadia kgosana ya Midiane, kgaitsadia bone, yo o bolailweng ka tsatsi la sebetso, mo tirong ya ga Peore.”
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 26 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36