bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 24
Numbers 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 25 →
1
E rile Balaame a bona fa go kgatlhile Jehofa go segofatsa Iseraele, ga a ka a ya go kopana le mereo jaaka ka metlha e mengwe, mme a leba fela kwa nageng.
2
Balaame a tsholetsa matlho, a bona Baiseraele ba ntse ka fa ditsong tsa bone, mme mowa wa Modimo wa tla mo go ene.
3
A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Balaame morwa Beore, a re: Monna yo leitlho la gagwe le ne le buduletse, a re:
4
Go bua ene yo o utlwang mafoko a Modimo, yo o bonang ponatshego ya Mothatayotlhe, ka a wela fa fatshe mme a budulogile matlho a re:
5
A bo megope ya gago Jakobe e le mentle! e bong metlaagana ya gago Iseraele!
6
E aname jaaka melapo, jaaka masimo fa losing lwa noka, jaaka makgophana a Jehofa o a tlhomileng, jaaka ditlhare tsa masetara fa metsing.
7
Metsi a tlaa ela a tswa mo dinkgwaneng tsa gagwe, le dipeo tsa gagwe di tlaa nna mo metsing a le mantsi, kgosi ya gagwe e tlaa goletsega go feta Agage, bogosi jwa gagwe bo tlaa nna bogolo.
8
Modimo wa mo ntsha mo Egepeto; o na le thata ekete ya nare; o tlaa ja a swetsa merafe e e leng baganetsi ba gagwe, o tlaa robakanya marapo a yone, a e phololetse ka metswi ya gagwe.
9
A namalala, a robala jaaka tau le jaaka tau e namagadi; e mang yo o tlaa mo tsosang? Go sego mongwe le mongwe yo o go segofatsang; go hutsegile mongwe le mongwe yo o go hutsang.”
10
Bogale jwa ga Balake jwa tukela Balaame, mme a opanya diatla tsa gagwe. Balake a raya Balaame, a re: “Ke go biditse ka re o tle go hutsa baba ba me, bona, o ba segofaditse fela ka dipaka tse tharo tse.
11
Ke gone jaanong tshabela kwa ga gago; ke rile ke tlaa go godisetsa kwa tlotlong e kgolo; bona, Jehofa o go kganetse, gore o se bone tlotlo.”
12
Balaame a raya Balake a re: “A ga ke a bua le bone barongwa ba gago, ba o ba romileng kwa go nna, ka re:
13
‘Le fa Balake a ka nnaya ntlo ya gagwe e tletse selefera le gouta, ga nkake ka tlola lefoko la ga Jehofa, go dira molemo le fa e le bosula ka mogopolo wa me fela, le gore se Jehofa o se buang, ke sone se ke tlaa se buang’?
14
“Jaanong, bona, ke ya kwa bathong ba gaetsho; ntlo, ke tlaa go kakanyetsa se batho ba, ba tlaa se direlang batho ba gaeno mo metlheng ya bofelo.”
15
A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Balaame morwa Beore, a re: “Monna yo leitlho la gagwe le ne le buduletse, a re:
16
Go bua ene yo o utlwang mafoko a Modimo, a itse kitso ya Mothatayotlhe, yo o bonang ponatshegelo ya Mothatayotlhe, a wela fa fatshe, matlho a gagwe a budulogile, a re:
17
Ke a mmona, e seng jaanong; ke mo lebile, mme e seng gaufi; go tlaa tswa naledi mo go Jakobe, le thobane ya bogosi e tlaa tsoga e tswa mo go Iseraele; e tlaa phololetsa dikgokgotsho tsa Moabe, e diga bana botlhe ba pheretlho.
18
Etome e tlaa nna thuo, le Seire, ba e neng e le baba ba gagwe, e tlaa nna thuo; Iseraele ene a sa ntse a dira ka bopelokgale.
19
Bogosi bo tlaa newa mongwe yo o tswang mo go Jakobe, o tlaa senya masalela a a mo metseng!”
20
A leba Amaleke, a bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Amaleke e ne e le wa ntlha mo merafeng; bokhutlo jwa gagwe e tlaa nna tshenyego.”
21
A leba Mokene, a bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Boago jwa gago bo thata, le setlhaga sa gago se tlhomilwe mo lefikeng.
22
Le fa go ntse jalo Kaine o tla kgakgabadiwa, go tsamaye Ašure a go ise botshwarong.”
23
A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Ao, e mang yo o tlaa tshelang fa Modimo o dira seo se?
24
Dikepe di tlaa tswa kwa losing lwa Kitime, di tlaa patika Ašure, di tlaa patika Ebere, mme le ene o tlaa ya tshenyegong.”
25
Balaame a nanoga a ya a boela kwa ga gagwe, Balake le ene a tsamaya.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36