bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 2
Numbers 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 3 →
1
Jehofa a bua le Moše le Arone, a re:
2
“A bana ba Iseraele ba itlhomele megope, mongwe le mongwe fa mokgeleng o e leng wa ga gabo, ba tlhome le ditshupo tsa dikgotla tsa borra ba bone; a ba thibelele bolebagana le mogope wa bophuthegelo mo tikologong.
3
“Ba ba tlhomang ntlheng ya botlhabatsatsi, bolebagana le kwa letsatsi le tlhabang, a e nne ba mokgele wa bothibelelo jwa ga Juta, ka fa masomosomong a bone, mme kgosana ya bana ba ga Juta, a e nne Našone morwa Aminatabe.
4
Lesomosomo la gagwe, le ba ba badilweng mo go bone, e ne e le 74 600.
5
Ba ba tlaa tlhomang go bapa nae a e nne lotso lwa ga Isakare; kgosana ya bana ba ga Isakare a e nne Nethanele morwa Suare.
6
Lesomosomo la gagwe le ba ba badilweng mo go bone, e ne e le 54 400.
7
Le lotso lwa ga Sebulone; kgosana ya bana ba ga Sebulone a e nne Eliabe morwa Helone.
8
Lesomosomo la gagwe, le ba ba badilweng mo go bone, e ne e le 57 400.
9
Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Juta, e ne e le 186 400, ka fa masomosomong a bone. Ke bone ba ba tlaa bothologang pele.
10
“Ntlheng ya borwa a go nne mokgele wa bothibelelo jwa ga Rubene, ka fa masomosomong a bone; kgosana ya bana ba ga Rubene a e nne Elisure morwa Shedure.
11
Lesomosomo la gagwe le ba ba badilweng mo go bone, e ne e le 46 500.
12
Ba ba tlaa tlhomang go bapa nae, a e nne lotso lwa ga Simeone; kgosana ya bana ba ga Simeone a e nne Shelumiele morwa Surišatai.
13
Lesomosomo la gagwe, le ba ba badilweng mo go bone e ne e le 59 300.
14
Le lotso lwa ga Gate; kgosana ya bana ba ga Gate a e nne Eliasafe morwa Reuele.
15
Lesomosomo la gagwe, le ba ba badilweng mo go bone e ne e le 45 650.
16
Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Rubene e ne e le 151 450, ka fa masomosomong a bone. Mme a e nne bone ba bobedi mo go bothologeng.
17
“Foo a mogope wa bophuthegelo o bothologe, o na le ba bothibelelo jwa Balefi mo gare ga mathibelelo; jaaka ba tle ba thibelele, a ba bothologe fela jalo, motho mongwe le mongwe a le mo bonnong jwa gagwe, fa mekgeleng ya bone.
18
“Ntlheng ya bophirimatsatsi a go nne mokgele wa bothibelelo jwa ga Eferaime ka fa masomosomong a bone; kgosana ya bana ba ga Eferaime a e nne Eliašama morwa Amihute.
19
Lesomosomo la gagwe, le bone ba ba badilweng mo go bone e ne e le 40 500.
20
Go bapa nae a go nne lotso lwa ga Manase; kgosana ya bana ba ga Manase a e nne Gamaliele morwa Petasure.
21
Lesomosomo la gagwe, le ba ba badilweng mo go bone e ne e le 32 200.
22
Le lotso lwa ga Benjamine; kgosana ya bana ba ga Benjamine a e nne Abitana morwa Giteoni.
23
Lesomosomo la gagwe, le ba ba badilweng mo go bone e ne e le 35 400.
24
Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Eferaime e ne e le 108 100, ka fa masomosomong a bone. A e nne bone ba boraro mo go bothologeng.
25
“Ntlheng ya botsheka a go nne mokgele wa bothibelelo iwa ga Dane ka fa masomosomong a bone; kgosana ya bana ba ga Dane a e nne Ahiesere morwa Amišatai.
26
Lesomosomo la gagwe le ba ba badilweng mo go bone e ne e le 62 700.
27
Ba ba tlhomang go bapa nae a e nne lotso lwa ga Ašere; kgosana ya bana ba ga Ašere a e nne Pagiele morwa Okerane.
28
Lesomosomo la gagwe, le ba ba badilweng mo go bone e ne e le 41 500.
29
Le lotso lwa ga Nafetali; kgosana ya bana ba ga Nafetali a e nne Ahira morwa Enane.
30
Lesomosomo la gagwe le ba ba badilweng mo go bone e ne e le 53 400.
31
Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Dane e ne e le 157 600. Ke bone ba ba tlaa nnang ba morago mo go bothologeng fa mekgeleng ya bone.”
32
Ba ke bone ba ba badilweng ba bana ba Iseraele, ka dikgotla tsa borra ba bone; botlhe ba ba badilweng ba mathibelelo ka fa masomosomong a bone, e ne e le 603 550.
33
Mme Balefi ba se ka ba balelwa mo baneng ba Iseraele, jaaka Jehofa a ne a laotse Moše.
34
Bana ba Iseraele ba dira jaana, jaaka tsotlhe tse Jehofa o di laoletseng Moše, ba tlhoma jalo ka fa mekgeleng ya bone, mme ba bothologa jalo, mongwe le mongwe ka ditshika tsa bone, ka fa dikgotleng tsa borra ba bone.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36