bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 15
Numbers 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 16 →
1
Jehofa a bua le Moše, a re:
2
“Bua le bana ba Iseraele, o ba reye o re: E tlaa re lo sena go fitlha mo lefatsheng la maago a lona le ke le lo nayang,
3
lo rata go direla Jehofa tshupelo ka molelo, tshupelo e e fisiwang, kgotsa setlhabelo, go tla lo dirafatsa ikano nngwe, kgotsa e le tshupelo ya peleego fela, kgotsa e le mo medirong ya lona e e tlhomilweng, go tla lo direla Jehofa monko o o monate, ga matlhape kgotsa ga letsomane;
4
foo yo o isetsang Jehofa tshupelo ya gagwe, a a tlise tsupelo ya boupe jwa kilokerame e le nngwe fela, e tlhakanye le litara ya lookwane,
5
le bojalwa jwa mofine jwa tshupelo e e nowang, bo le litara e le nngwe fela, o tlaa bo baakanyetsa tshupelo e e fisiwang, kgotsa setlhabelo, o e pataganye le kwanyana nngwe le nngwe.
6
Kgotsa fa e le ga phelefu, o tlaa baakanya tshupelo ya boupe e le dikilokerame di le pedi, di tlhakanye le lookwane lo le dilitara di le 1,5.
7
O ise dilitara di le 1,5 tsa bojalwa jwa mofine, e le tshupelo e e nowang, ya monko o o monate mo go Jehofa.
8
E re fa o baakanya kgongwana ya tshupelo e e fisiwang, kgotsa ya setlhabelo, go tla o dirafatsa ikano nngwe, kgotsa e le ya ditshupelo tsa kagiso go Jehofa,
9
foo a pataganye kgongwana le tshupelo ya boupe e le dikilokerame di le tharo, di tlhakanye le dilitara di le pedi tsa lookwane.
10
Fa e le tshupelo e e nowang, o ise dilitara di le pedi tsa bojalwa jwa mofine, e le tshupelo e e dirwang ka molelo, e le ya monko o o monate mo go Jehofa.
11
“A kgongwana nngwe le nngwe e direlwe jalo, le phelefu nngwe le nngwe, le kwanyana e tonanyana nngwe le nngwe, le potsane nngwe le nngwe.
12
Jaaka palo e lo tlaa e baakanyang, lo tlaa direla nngwe le nngwe jalo ka fa palong ya tsone.
13
Botlhe ba ba tsaletsweng mo gae ba tlaa dira dilo tse ka mokgwa o, fa ba isa tshupelo e e dirwang ka molelo, ya monko o o monate mo go Jehofa.
14
Fa moeng a jakile mo go lona, kgotsa le fa e le mang yo o mo go lona go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona, a rata go isa tshupelo e e dirwang ka molelo, ya monko o o monate mo go Jehofa, jaaka lo dira, le ene a a dire fela jalo.
15
Mo phuthegong tao a e nne nngwe fela ya lona le ya moeng yo o jakileng mo go lona, e le tao e e sa khutleng go ya le dikokomana tsa lona, jaaka lona lo ntse, moeng a nne jalo fa pele ga Jehofa.
16
Molao o nne mongwe fela le taolelo mo go lona, le mo moenyeng yo o jakileng mo go lona.”
17
Jehofa a bua le Moše a re:
18
“Bua le bana ba Iseraele, o ba reye o re: E tlaa re lo fitlha mo lefatsheng le ke lo isang kwa go lone,
19
e tlaa re fa loo ja dijo tsa lefatshe, lo isetse Jehofa tshupelo ya tsholetso.
20
Ga boupe jwa lona jwa ntlha jo bo dubilweng lo ise papetlana ya senkgwe e le tshupelo ya tsholetso, jaaka lo tle lo dire tshupelo ya tsholetso ya sebupi sa pholelo, lo se tsholetse jalo.
21
Ga boupe jwa lona jwa ntlha jo bo dubilweng lo tlaa isetsa Jehofa tshupelo ya tsholetso go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona.
22
“E tlaa re fa lo ka leofa, lo sa tlhokomele ditaolo tse tsotlhe, tse Jehofa o di boleletseng Moše,
23
e bong tsotlhe tse Jehofa o di lo laoletseng ka seatla sa ga Moše, go simolola ka letsatsi le Jehofa o laotseng ka lone, go ya kwa pele le dikokomana tsotlhe tsa lona;
24
foo go tlaa diragala gore fa go dirilwe ka timelo fela kwa ntle ga kitso ya phuthego, phuthego yotlhe e ise kgongwana e le nngwe fela e le tshupelo e e fisiwang, go nna monko o o monate mo go Jehofa, e na le tshupelo ya yone ya boupe, le tshupelo ya yone e e nowang, ka fa mokgweng o laotsweng, le phoko e le nngwe fela ya tshupelo ya boleo.
25
A moperesiti a direle phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele tetlanyo, mme ba tlaa itshwarelwa, gonne e ne e le timelo fela; ba lerile seromololo sa bone, tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo, le tshupelo ya bone ya boleo, ba di isitse fa pele ga Jehofa ka ga timelo ya bone.
26
Phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele e tlaa itshwarelwa, le moeng yo o jakileng mo go bone, gonne ka ga batho botlhe go ne go dirilwe ka botlhokakitso.
27
“Fa motho a le mongwe fela a leofa ka timelo, foo a ise podi e namagadi ya ngwaga wa ntlha e le tshupelelo ya boleo.
28
Motho yo o timelang, mme e se ka bomo, moperesiti o tlaa mo direla tetlanyo fa pele ga Jehofa, mme o tlaa itshwarelwa.
29
Lo nne le molao o le mongwe fela wa yo o dirang sengwe ka go timela fela, wa yo o tsaletsweng mo gae mo baneng ba Iseraele, le wa moeng yo o jakileng mo go bone.
30
Motho yo o dirang sengwe ka boikgodiso, le fa e ka nna yo o tsaletsweng mo gae, kgotsa moeng, motho yoo o tlhapatsa Jehofa; motho yoo o tlaa kgaolwa a tswa mo bathong ba ga gabo.
31
Ka a nyaditse lefoko la ga Jehofa, a tlodile taolo ya gagwe, motho yoo a kgaolelwe ruri, boikepo jwa gagwe bo tlaa nna mo go ene.”
32
E rile bana ba Iseraele ba sa le mo nageng, ba fitlhela motho a rwalela ka letsatsi la Sabata.
33
Ba ba mo fitlhetseng a rwalela ba mo isa kwa go Moše le Arone, le kwa phuthegong yotlhe.
34
Ba mo tsenya mo tebelong, ka go ne go ise go bolelwe se o tlaa se dirwang.
35
Jehofa a raya Moše, a re: “Ruri motho yoo o tlaa bolawa; a phuthego yotlhe e mo kgobotletse ka maje kwa ntle ga bothibelelo.”
36
Phuthego yotlhe ya mo isa kwa ntle ga bothibelelo, ba mo kgobotletsa ka maje, a swa; jaaka Jehofa a laotse Moše.
37
Jehofa a bua le Moše, a re:
38
“Bua le bana ba Iseraele o ba laole gore ba itirele makantsa fa dintlheng tsa diaparo tsa bone, go ya le dikokomana tsotlhe tsa bone, mo makantseng a ntlha nngwe le nngwe ba beye mogala wa bobududu.
39
E nne lekantsa go lona, gore lo le lebe, lo itse go gakologelwa ditaolo tsotlhe tsa ga Jehofa, le go di dira; le gore lo se tsamayetsamaye fela ka fa dipelong tsa lona, le ka fa matlhong a lona, a lo ntseng lwa nna lwa a sala morago lwa ya go akafala,
40
gore lo gakologelwe ditaolo tsa me tsotlhe go di dira, le gore lo nne boitshepelo Modimo wa lona.
41
Ke nna Jehofa Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, go nna Modimo wa lona, ke nna Jehofa Modimo wa lona.”
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36