bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 19
Numbers 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 20 →
1
Jehofa a bua le Moše le Arone, a re:
2
“Mo ke gone mo go tlhomilweng ga molao o Jehofa o o laotseng a re: Bua le bana ba Iseraele gore ba go leretse kgomo ya moroba e khunwana e e itekanetseng, e go se nang bogole mo go yone, le e go iseng go bewe jokwe mo go yone.
3
Lo e neye Eleasare moperesiti, ene a e ise kwa ntle ga bothibelelo, mme a mongwe a e tlhabe fa pele ga matlho a gagwe.
4
Eleasare moperesiti, a tseye ga madi a yone ka monwana, mme madi a yone a a kgatšhetse gasupa kwa ntlheng ya fa pele ga mogope wa bophuthegelo.
5
Mongwe a fise kgomo eo ya moroba mo ponong ya gagwe; a fise letlalo la yone le nama ya yone, le madi a yone, le moswang wa yone.
6
Moperesiti a tseye logong lwa mosetara, le mosiama, le bohibidu jo bo letlhololo, a di latlhele mo gare ga phiso ya kgomo ya moroba.
7
Foo moperesiti a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a itlhapise mmele ka metsi, morago ga mo a tsene mo bothibelelong, mme moperesiti o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng.
8
Le yo o fisang kgomo a tlhatswe diaparo tsa gagwe ka metsi, a a itlhapise mmele ka metsi, mme o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng.
9
A motho mongwe yo o itshekileng a ole molora wa kgomo ya moroba a o beye kwa ntle ga bothibelelo felong gongwe fa gontle; o bolokelwe phuthego ya bana ba Iseraele go dira metsi a tomololo; ke tshupelelo ya boleo.
10
Yo o olang molora wa kgomo ya moroba a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng; mme mo baneng ba Iseraele, le mo moennyeng yo o jakileng mo go bone, e nne molao ka bosakhutleng.
11
“Yo o amang setoto sa motho a a itshekologe ka malatsi a supa.
12
Ene yoo a a iitshepise ka one ka letsatsi la boraro, ka letsatsi la bosupa a nne boitsheko; fa a ne a se ka a iitshekisa ka letsatsi la boraro, foo o tlaa bo a se boitsheko ka letsatsi la bosupa.
13
Le fa e le mang yo o amang setoto sa moswi le fa e ka bo e le mang yo o suleng, mme a se ka a iitshekisa, o itshekolola motlaagana wa ga Jehofa; motho yoo, a a kgaolwe mo Iseraele; a nne boitshekologo ka gonne metsi a tomololo a se ka a kgatšhiwa mo go ene; boitshekologo jwa gagwe bo sa ntse bo le mo go ene.
14
“O ke one molao fa motho a swela mo mogopeng: Mongwe le mongwe yo o tsenang mo mogopeng, le mongwe le mongwe yo o mo mogopeng, a nne a itshekologile ka malatsi a supa.
15
Le sejana sengwe le sengwe se se sa khurumelwang, se se se nang sekhurumelo se bofeletswe mo go sone, se itshekologile.
16
Le fa e le mang mo nageng yo o amang mongwe yo o bolailweng ka tšhaka, le fa e le setoto, kgotsa lesapo la motho, kgotsa phupu, a a itshekologe ka malatsi a supa.
17
“Ka ga motho yo o itshekologileng a ba mo tseele molora wa molelo wa tshupelelo ya boleo, mme metsi a a elang a thelwe mo go one mo sejaneng.
18
A motho yo o itshekileng a tseye mosiama, a o ine mo metsing, a a kgatšhe mo mogopeng, le mo dijaneng tsotlhe, le mo bathong ba ba neng ba le gona, le mo go ene yo o ne a ama lesapo, kgotsa motho yo o bolailweng kgotsa, moswi kgotsa, phupu.
19
A motho yo o itshekileng a kgatšhe yo o itshekologileng ka letsatsi la boraro, le ka letsatsi la bosupa; e re ka letsatsi la bosupa a mo itshekise; a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mo metsing, mme maitseboa o tlaa nna boitsheko.
20
“Mme motho yo o itshekologileng fa a gana go iitshekisa, mowa oo a o kgaolwe o tswe mo gare ga phuthego, ka a itshekolotse ntlo e e botshepo ya ga Jehofa; metsi a tomololo ga a kgatšhiwa mo go ene, o itshekologile.
21
A e nne molao o o sa khutleng mo go bone, yo o kgatšhang ka metsi a tomololo a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, le yo o amang metsi a tomololo o tlaa itshekologa go ya maitseboeng.
22
Le fa e le eng se motho yo o itshekologileng o se amang se tlaa itshekologa, le motho yo o se amang o tlaa itshekologa go ya maitseboeng.”
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36