bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 26
Numbers 26
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 27 →
1
Ga dirala ya re morago ga sebetso, Jehofa a bua le Moše le Eleasare morwa Arone moperesiti, a re:
2
“Dirang palo ya phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele, go simolola ka ba ba dinyaga di 20 go ya kwa go bomogoloa bone, ka makgotla a borraabo, botlhe ba ba nonofileng go bolola ntwa mo Iseraele.”
3
Moše le Eleasare moperesiti ba bua nabo mo dipaleng tsa Moabe, fa Joretane kwa Jeriko, ba re:
4
“Dirang palo ya batho, go simolola ka ba ba dinyaga di 20 go ya kwa go bomogoloa bona;” jaaka Jehofa a laotse Moše le bana ba Iseraele, ba ba duleng mo lefstsheng la Egepeto.
5
Rubene, ngwana wa ntlha wa ga Iseraele; bomorwa Rubene; ba ga Enoke, losika lwa Enoke; ba ga Palu, losika lwa Bapalu;
6
ba ga Heserone, losika lwa Baheserone; ba ga Karemi, losika lwa Bakaremi.
7
Tse ke tsone ditshika tsa Barubene: ba ba badilweng mo go bone ba bo bo le 43 730.
8
Le bomorwa Palu; Eliabe,
9
Le bomorwa Eliabe; Nemuele, Dathane le Abirame. Bao ke bone bo Dathane le Abirame, ba ba neng ba itsege mo phuthegong, mme ba ganela le Moše le Arone mo lesomong la ga Kora, jale ka ba ganela le Jehofa.
10
Lefatshe la atlhamologa molomo, la ba komtsa mmogo le Kora, jale ka lesomo leo le swa; ka molelo o laila banna ba ba 250, mme ba tswa sekao.
11
Le fa go ntse jalo bomorwa Kora ga ba a ka ba swa.
12
Bomorwa Simeone ka fa ditshikeng tsa bone: Ba ga Nemuele, losika lwa Banemuele; ba ga Jamine, losika lwa Bajamine; ba ga Jakine, losika lwa Bajakine;
13
ba ga Sera, losika lwa Basera; ba ga Saule, losika lwa Basaule;
14
tse ke ditshika tsa Basimeone 22 200.
15
Bomorwa Gate ka fa ditshikeng tsa bone: Ba ga Sifione, losika lwa Basifione; ba ga Hagi, losika lwa Bahagi; ba ga Shuni, losika lwa Bašuni; ba ga Oseni, losika lwa Baoseni;
16
ba ga Eri, losika lwa Baeri;
17
ba ga Arote, losika lwa Baarote; ba ga Areli, losika lwa Baareli.
18
Tse ke ditshika tsa bomorwa Gate ka fa palong ya bone ba ba badilweng mo go bone, 40 500.
19
Bomorwa Juta, Ere le Onane, mme Ere le Onane ba sa le ba swela mo lefatsheng la Kanana.
20
Bomorwa Juta ka fa ditshikeng tsa bone e ne e le ba: Ba ga Shela, losika lwa Bašela; ba ga Perese, losika lwa Baperese; ba ga Sera, losika lwa Basera.
21
Bomorwa Perese e ne e le ba: Ba ga Heserone; losika lwa Baheserone; ba ga Hamule, losika lwa Bahamule.
22
Tse ke tsone ditshika tsa ga Juta, ka fa palong ya bone ba ba badilweng mo go bone, 76 500.
23
Bomorwa Isakare ka fa ditshikeng tsa bone, Ba ga Tola, losika lwa Batola; ba ga Pua, losika lwa Bapua;
24
ba ga Jašube, losika lwa Bajašube; ba ga Shimerone, losika lwa Bašimerone.
25
Tse ke ditshika tsa ga Isakare ka fa palong ya bone ba ba badilweng mo go bone, 64 300.
26
Bomorwa Sebulone ka fa ditshikeng tsa bone: Ba ga Serete, losika lwa Baserete; ba ga Elone, losika lwa Baelone; ba ga Jahaleele, losika lwa Bajahaleele.
27
Tse ke ditshika tsa Basebulone ka fa palong ya bone ba ba badilweng mo go bone, 60 500.
28
Bomorwa Josefe, ka fa ditshikeng tsa bone: Manase le Eferaime.
29
Bomorwa Manase: Ba ga Makire, losika lwa Bamakire; Makire a tshola Gileate: ba ga Gileate, losika lwa Bagileate.
30
Ba ke bomorwa Gileate: Ba ga Iesere, losika lwa Baiesere; ba ga Heleke, losika lwa Baheleke.
31
Ba ga Aseriele, losika lwa Baaseriele; ba ga Shekeme, losika lwa Bašekeme.
32
Ba ga Shemita, losika lwa Bašemita; ba ga Hefere, losika lwa Bahefere.
33
Mme Selofehate morwa Hefere o ne a se na bana ba basimane fa e se ba basetsana fela, maina a bomorwadia Selofehate e ne e le Mahela le Noa, Hogela, Mileka le Tiresa.
34
Tse ke ditshika tsa ga Manase, ba ba badilweng mo go bone ba ne ba le 52 700.
35
Ba ke bone bomorwa Eferaime ka fa ditshikeng tsa bone: Ba ga Shuthela, losika lwa Bašuthela; ba ga Bekere, losika lwa Babekere; ba ga Tahane, losika lwa Batahane.
36
Ba ke bomorwa Shuthela, ba ga Erane, losika lwa Baerane.
37
Tse ke ditshika tsa bomorwa Eferaime ka fa palong ya ba ba badilweng mo go bone, 32 500. Ba ke bomorwa Josefe ka fa ditshikeng tsa bone.
38
Bomorwa Benjamine ka fa ditshikeng tsa bone: Ba ga Bela, losika lwa Babela; ba ga Ašebele, losika lwa Baašebele; ba ga Ahirame, losika lwa Baahirame;
39
ba ga Shufame, losika lwa Bašufame; ba ga Hufame, losika lwa Bahufame.
40
Bomorwa Bela e ne e le Arete le Naamane; ba ga Arete, losika lwa Baarete; ba ga Naamane, losika lwa Banaamane.
41
Ba ke bomorwa Benjamine ka fa ditshikeng tsa bone; ba ba badilweng mo go bone ba ne ba le 45 600.
42
Ba ke bomorwa Dane ka fa ditshikeng tsa bone: Ba ga Shuhame, losika lwa Bašuhame. Tse ke ditshika tsa ga Dane ka fa ditshikeng tsa bone.
43
Ditshika tsotlhe tsa Bašuhame, ka fa palong ya bone ba ba badilweng mo go bone, e ne e le 64 400.
44
Bomorwa Ašere ka fa ditshikeng tsa bone: Ba ga Imena, losika lwa Baimena; ba ga Išifi, losika lwa Baišifi; ba ga Beria, losika lwa Baberia.
45
Ba bomorwa Beria: ba ga Hebere, losika lwa Bahebere; ba ga Malekiele, losika lwa Bamalekiele.
46
Leina la morwadia Ašere e ne e le Sera.
47
Tse ke ditshika tsa bomorwa Ašere ka fa palong ya ba ba badilweng mo go bone, 53 400.
48
Bomorwa Nafetali ka fa ditshikeng tsa bone: Ba ga Jahaseele, losika lwa Bajahaseele; ba ga Guni, losika lwa Baguni;
49
ba ga Jesere, losika lwa Bajesere; ba ga Shileme, losika lwa Bašileme.
50
Tse ke ditshika tsa ga Nafetali ka fa ditshikeng tsa bone, mme ba ba badilweng mo go bone ba ne ba le 45 400.
51
Ba ke bone ba ba badilweng ba bana ba Iseraele, 601 730.
52
Jehofa a bua le Moše a re:
53
“Lefatshe le tlaa kgaoganngwa ka bone ba, go nna boswa ka fa palong ya maina.
54
Ba ba leng bantsi o ba neye boswa bogolo, ba ba leng bannye o ba neye boswa bo le bonnye; mongwe le mongwe o tlaa newa boswa jwa gagwe ka fa palong ya ba gagwe ba ba badilweng.
55
Le fa go ntse jalo lefatshe le tlaa kgaoganngwa ka go laolwa ka bola; a ba rue ka fa maineng a ditso tsa borraabo.
56
A boswa bo kgaoganngwe ka ba bantsi le ka ba bannye ka fa taolong ya bola.”
57
Mme Balefi ba ba badilweng ka fa ditshikeng tsa bone ke ba: Ba ga Gerešone, losika lwa Bagerešone; ba ga Kohathe, losika lwa Bakohathe: ba ga Merari, losika lwa Bamerari.
58
Tse ke ditshika tsa ga Lefi, losika lwa Balibini, losika lwa Baheberone, losika lwa Bamahali, losikwa lwa Bamuši, losika lwa Bakore. Kohathe a tshola Amerame.
59
Leina la mogatsa Amerame e ne e le Jokebete morwadia Lefi, yo Lefi o ne a mmona kwa Egepeto; Jokebete a bona le Amerame Arone, Moše le Miriame kgaitsadia bone.
60
Arone a tsala Natabe le Abihu, Eleasare le Ithamare.
61
Natabe le Abihu ba swa jale ka ba isa molelo wa seeng fa pele ga Jehofa.
62
Ba ba badilweng mo go bone e ne e le 23 000, go simolola ka ba ba kgwedi e le nngwe fela le go ya kwa go bomogolo a bone, lonna lotlhe; gonne ba ne ba se ka ba balelwa mo baneng ba Iseraele, ka ba sa newa boswa mo baneng ba Iseraele.
63
Ba ke bone ba ba badilweng ke Moše le Eleasare moperesiti, ba ba badileng bana ba Iseraele mo dipaleng tsa Moabe, fa Joretane kwa Jeriko.
64
Mo go bone bao go ne go se na motho ope wa ba ba kileng ba balwa pele ke Moše le Arone moperesiti; ba ba badileng bana ba Iseraele kwa nageng ya Sinai,
65
gonne Jehofa o ne a buile ka ga bone, a re: “Ruri ba tlaa swela mo nageng fela.” Ga bo go sa sala motho ope wa bone, fa e se Kalebe morwa Jefune le Jošua morwa Nune.
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36