bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 36
Numbers 36
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 35
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
1
Ditlhogo tsa makgotla a borraabo ba losika lwa bana ba ga Gileate, morwa Makire, morwa Manase, tsa ditshika tsa bomorwa Josefe, tsa atamela, tsa bua fa pele ga Moše le fa pele ga dikgosana, e bong ditlhogo tsa makgotla a borraabo mo baneng ba Iseraele.
2
Ba re: “Jehofa o laotse morena wa rona gore a neye bana ba Iseraele lefatshe, gore le nne boswa ka taolo ya bola; morena wa rona o ne a laolwa ke Jehofa gore boswa jwa ga Selofehate morwa rraetsho, a bo neye bomorwadie.
3
Mme jaana e tlaa re fa ba nyalwa ke bomorwa ditso tse dingwe tsa bana ba Iseraele, foo boswa jwa bone bo tlaa tlosiwa mo bosweng jwa borraetsho, bo tlhakanngwe le boswa jwa lotso lo ba tseetsweng mo go lone; jalo bo tlosiwe mo taolelong ya boswa jwa rona.
4
E tlaa re Jubile wa bana ba Iseraele o dirala, foo boswa jwa bone bo tlaa tlhakanngwa le boswa jwa lotso lo ba tsenang mo go lone; jalo boswa jwa bone bo tlaa tlosiwa mo bosweng jwa lotso lwa borraetsho.”
5
Mme Moše a laola bana ba Iseraele ka fa lefokong la ga Jehofa, a re: “Ba lotso lwa bana ba ga Josefe ba bua ka tshiamo.
6
Se ke sone se Jehofa o se laolang ka ga bomorwadia Selofehate, a re: ‘A ba nyalwe ke ba ba ba ratang; mme ba nyalwe ke ba losika lwa lotso lwa ga rraabo ba le bosi fela.
7
Jalo ga go ketla go tloga boswa bope jwa bana ba Iseraele mo lotsong longwe jwa ya mo go lo longwe, gonne bana ba Iseraele, mongwe le mongwe o tlaa ngaparela boswa jwa lotso lwa borraagwe.
8
Ngwana wa mosetsana mongwe le mongwe yo o nang le boswa mo lotsong longwe lwa bana ba Iseraele, a a nne mosadi wa mongwe wa losika lwa lotso lwa ga rraagwe, gore bana ba Iseraele, monna mongwe le mongwe a rue boswa jwa borraagwe.
9
Jalo ga go ketla go tloga boswa bope mo lotsong longwe jwa ya mo go lo longwe, gonne mo ditsong tsa bana ba Iseraele mongwe le mongwe o tlaa ngaparela boswa jwa gagwe.’ ”
10
Fela jaaka Jehofa a laotse Moše, bomorwadia Selofehate ba dira jalo:
11
Gonne Mahela, Tiresa, Hogela, Mileka le Noa, bomorwadia Selofehate, ba nyalwa ke bomorwa bana ba ga rraabo.
12
Ba nyalwa ke ba ditshika tsa bomorwa Manase morwa Josefe, boswa jwa bone jwa nna fela mo lotsong lwa losika lwa ga rraabo.
13
Tse ke tsone ditaolo le dikatlholo, tse Jehofa o di laoletseng bana ba Iseraele ka seatla sa ga Moše, mo dipaleng tsa Moabe, fa Joretane kwa Jeriko.
← Chapter 35
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36