bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 20
Numbers 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 21 →
1
Ka kgwedi ya ntlha phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele, ya fitlha kwa sekakeng sa Tsine, mme batho ba nna mo Kateše; Miriame a swela teng a ba a fitlhwa teng.
2
Phuthego ya bo e se na metsi; mme ba phuthegela Moše le Arone.
3
Batho ba ganela le Moše, ba bua ba re: “A bo Modimo o ka bo o mmile ra swa jale ka bagarona ba swela fa pele ga Jehofa.
4
E bile lo lereditseng phuthego ya ga Jehofa mo nageng e, fa e bo ne ne re swela fano, rona le dikgomo tsa rona?
5
Lo re patikile ka ntlha yang go tlhatloga kwa Egepeto go re lere mo felong fano fa go bosula? Ga se felo ga dipeo, le fa e le ga difeige, le fa e le ga mafine, le fa e le digaranata, le gone ga go na metsi a a nowang.”
6
Moše le Arone ba tswa fa pele ga phuthego ba ya fa pele ga mojako wa mogope wa bophuthegelo, ba wela fa fatshe ka difatlhogo; mme kgalalelo ya ga Jehofa ya ba bonalela.
7
Jehofa a bua le Moše a re:
8
“Tsaya thobane o phuthe phuthego, wena le Arone mogoloo, lo bue le lefika fa pele ga matlho a bone, gore le ntshe metsi a lone; mme o tlaa ntshetsa metsi kwa go bone, a tswa mo lefikaeng; jalo o tlaa nosa phuthego le dikgomo tsa bone metsi.”
9
Moše a tsaya thobane fa pele ga Jehofa, a e tsaya jaaka a mo laetse.
10
Moše le Arone ba phuthela phuthego fa pele ga lefika, mme ene a ba raya, a re: “Utlwang jaana, batsuolodi ke lona, a re tlaa lo ntshetsa metsi mo lefikeng le?”
11
Moše a tsholetsa letsogo, a itaya lefika ka thobane ya gagwe gabedi; metsi a tswa a le matona thata, mme phuthego ya nwa, le dikgomo tsa bone.
12
Jehofa a raya Moše le Arone a re: “E re ka lo se ka lwa ntumela go intshepisa fa pele ga matlho a bana ba Iseraele, ke gone lo se ketlang lo fitlhisa phuthego e mo lefatsheng le ke le ba neileng.”
13
Ke one metsi a Meriba, kwa bana ba Iseraele ba neng ba ganela le Jehofa mme a itshupa a le boitshepo mo go bone.
14
Moše a roma barongwa ba tswa mo Kateše ba ya kwa kgosing ya Etome, a re: “Morwa rraago, e bong Iseraele, o bua jaana a re: O a e itse tapisego yotlhe e e re wetseng,
15
jaaka borraetsho ba kile ba fologela kwa Egepeto, mme ra aga mo Egepeto ka lobaka lo loleele, Baegepeto ba re direla maswe, rona le borraetsho;
16
e rile re goela kwa go Jehofa a utlwa lentswe la rona, a roma moengele a re ntsha mo Egepeto; bona, re mo Kateše motse o o kwano bokhutlong jwa molelwane wa gago.
17
Ke a rapela, mma re fete, re ralale lefatshe la gago; ga re ketla re ralala lotlhagare le fa e le tshimo ya mafine, le gone ga re ketla re nwa metsi a didiba; re tlaa feta ka tsela e kgolo ya kgosi fela, ga re ketla re fapogela ka fa ntlheng ya le legolo, le fa e le ka fa go la molema, go tsamaye re fapaanye molelwane wa gago.”
18
Etome a mo raya a re: “O se ka wa nthalala, nka tla ka go bololela ka tšhaka.”
19
Bana ba Iseraele ba mo raya ba re: “Re tlaa tlhatloga ka tsela e kgolo fela, mme fa re nwa metsi a gago, nna le dikgomo tsa me, foo ke tlaa go naya madi a one; ntesa fela ke ralale ka dinao, ke sa dire sepe se sele.”
20
Mme a re: “O se ka wa ralala.” Mme Etome a mmololela ka batho ba le bantsi, le ka letsogo le le thata.
21
Jalo Etome a gana go naya Iseraele tsela go ralala molelwane wa gagwe; foo Iseraele a mo fapoga.
22
Ba tloga ba tswa mo Kateše; mme bana ba Iseraele, e bong phuthego yotlhe ya fitlha fa thabeng ya Hore.
23
Jehofa a bua la Moše le Arone mo thabeng ya Hore, fa molelwaneng wa Etome a re:
24
“Arone o tlaa kopanngwa le ba ga gabo, gonne ga a ketla a tsena mo lefatsheng le ke le neileng bana ba Iseraele, ka lo ne lwa tsuololela lefoko la me kwa metsing a Meriba.
25
Tsaya Arone le Eleasare morwawe, o ba tlhatlose mo thabeng ya Hore;
26
o apole Arone diaparo tsa gagwe, o di apese Eleasare morwawe; Arone o tlaa kopanngwa le ba ga gabo, a bo a swela gone.”
27
Moše a dira jaaka Jehofa a laotse; ba palama thaba ya Hore mo ponong ya phuthego yotlhe.
28
Moše a apola Arone diaparo tsa gagwe, a di apesa Eleasare morwawe; Arone a swela teng mo godimo ga thaba; Moše le Eleasare ba fologa mo thabeng.
29
E rile phuthego yotlhe e bona fa Arone a sule, ba lelela Arone ka malatsi a le 30, e bong makgotla otlhe a Iseraele.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36