bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 34
Numbers 34
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 35 →
1
Jehofa a bua le Moše, a re:
2
“Laola bana ba Iseraele, o ba reye o re: Mogang lo fitlhang mo lefatsheng la Kanana, (leo ke lona lefatshe le le tlaa nnang boswa jwa lona, e bong lefatshe la Kanana ka fa melelwaneng ya lona),
3
foo ntlha ya lone ya kwa borwa, e simologe kwa nageng ya Tsine go ya go bapa le Etome, molelwane wa lona wa kwa borwa o tswe kwa sekhutlong sa Lewatle la Letswai go ya ntlheng ya botlhabatsatsi.
4
Molelwane wa lona o menoge o pote botlhatlogo jwa Akerabime ka fa ntlheng ya borwa, o fetele kwa Tsine; matswelelo a one a pote Kateše-barenea ka fa ntlheng ya borwa, o bo o tswele kwa Hasare-atare, mme o fetele kwa Asemone;
5
molelwane o menoge fa o tswa Asemone o ye kwa molatsaneng wa Egepeto, sekhutlo sa one se nne kwa lewatleng.
6
“Molelwane wa ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi e nne Lewatle le Legolo le losi lwa lone; e nne one molelwane wa lona wa kwa bophirimatsatsi.
7
“Mme o, e nne molelwane wa lona ntlheng ya botsheka, go tswa kwa Lewatleng le Legolo lo tlaa ithalela thaba ya Hore,
8
go tswa thabeng ya Hore lo tlaa ralala fela go ya kwa botsenong jwa Hamathe; sekhutlo sa molelwane se nne kwa Setate.
9
Molelwane o tlaa tswela kwa Siferone, sekhutlo se nne kwa Hasare-enane; o, e tlaa nna one molelwane wa lona ntlheng ya botsheka.
10
“Lo tlaa rala molelwane wa lona ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, lo o rale go tswa Hasare-enane go ya Shefame.
11
Molelwane o tlaa tswa Shefame o fologela kwa Ribela, go pota Aine ntlheng ya botlhabatsatsi; molelwane o tlaa fologa, o ya go fitlha kwa letsogong la lewatle la Kinerete ntlheng ya botlhabatsatsi.
12
Molelwane o tlaa fologela kwa Joretane, sekhutlo sa one se tlaa nna kwa Lewatleng la Letswani; e tlaa nna lone lefatshe la lona ka fa melelwaneng ya lona mo tikologong.”
13
Moše a laola bana ba Iseraele, a re: “Le ke lone lefatshe le lo tlaa le ruang ka taolo ya bola, le Jehofa o laotseng gore le newe ditso tse di ferang mongwe fela le bontlhanngwe jwa lotso lo longwe,
14
gonne lotso lwa bana ba ga Rubene ka fa makgotleng a borraabo, le lotso lwa bana ba ga Gate ka fa makgotleng a borraabo ba amogetse, le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba amogetse boswa jwa bone.
15
Ditso tse pedi le bontlhanngwe jwa lotso ba amogetse boswa moseja ga Joretane kwa Jeriko ntlheng ya botlhabatsatsi, go leba kwa letsatsi le tlhabang teng.”
16
Jehofa a bua le Moše, a re:
17
“A, ke maina a banna ba ba tlaa lo kgaoganyang lefatshe boswa: Eleasare moperesiti, le Jošua morwa Nune.
18
Lo tseye kgosana e le nngwe fela mo lotsong longwe le longwe, go kgaoganya lefatshe boswa.
19
A, ke one maina a banna bao: Wa lotso lwa ga Juta, ke Kalebe morwa Jefune.
20
Wa lotso lwa ga Simeone, ke Shemuele morwa Amihute.
21
Wa lotso lwa ga Benjamine, ke Elitate morwa Kiselone.
22
Wa lotso lwa bana ba ga Dane kgosana, e bong Buki morwa Jogeli.
23
Wa bana ba ga Josefe, wa lotso lwa bana ba ga Manase kgosana, e bong Hanniele morwa Efote.
24
Wa lotso lwa bana ba ga Eferaime kgosana, e bong Kemuele morwa Shifetane.
25
Wa lotso lwa bana ba ga Sebulone kgosana, e bong Elisafane morwa Parenake.
26
Wa lotso lwa bana ba ga Isakare kgosana, e bong Paletiele morwa Asane.
27
Le wa lotso lwa bana ba ga Ašere kgosana, e bong Ahihute morwa Shelomi.
28
Le wa lotso lwa bana ba ga Nafetali kgosana, e bong Petahele morwa Amihute.”
29
Bao ke bone ba Jehofa o laotseng gore ba kgaoganyetse bana ba Iseraele boswa mo lefatsheng la Kanana.
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 35 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36