bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 22
Numbers 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 23 →
1
Bana ba Iseraele ba tloga, ba tlhaolela mo dipaleng tsa Moabe, kwa moseja ga Joretane fa tlase ga Jeriko.
2
Balake morwa Sipore a bona gotlhe mo Iseraele o go diretseng Baamore.
3
Moabe a boifa batho bao thata, ka ba le bantsi; mme Moabe a pitlagana ka ntlha ya bana ba Iseraele.
4
Moabe a raya bagolwane ba Midiane, a re: “Jaanong bontsi jo bo tlaa lakaila gotlhe mo go mo tikologong ya rona, jaaka kgomo e tle e lakaile bojang jwa naga.” Balake morwa Sipore e ne e le ene kgosi ya Moabe ka lobaka loo.
5
Mme a roma barongwa kwa go Balaame morwa Beore, kwa Pethore, o o fa Nokeng, kwa lefatsheng la bana ba batho ba ga gabo, ba ya go mmitsa, ba re: “Bona, go na le batho ba ba tswang kwa Egepeto; bona, ba khurumeditse lefatshe, ba ntse bolebagana le nna;
6
ke a go rapela, o tlo o tle jaana, o mphutsetse batho ba, gonne ba nonofile bobe bogolo go nna, e tlaa re gongwe ke ba fenye, ke ba kgemethe, ke ba leleke mo lefatsheng, gonne ke a itse go re yo o mo segofatsang o segofetse, mme yo o mo hutsang o hutsegile.”
7
Bagolwane ba Moabe le bagolwane ba Midiane ba tsamaya ba tshotse tuelo ya go laola ka bola, mme ba ya ba fitlha kwa go Balaame, ba bua nae mafoko a ga Balake.
8
A ba raya a re: “Lalang mono bosigo jono, ke tlaa ba ke lo leretse lefoko gape jaaka Jehofa a tlaa bua le nna; mme dikgosana tsa Moabe tsa nna kwa go Balaame.”
9
Modimo wa tla kwa go Balaame wa re: “Batho ba o nang nabo ke bomang?”
10
Balaame a raya Modimo a re: “Balake morwa Sipore kgosi ya Moabe, o romile batho kwa go nna a re:
11
‘Bona, batho ba ba tswang Egepeto ba khurumeditse lefatshe; jaana ntlo o ba mphutsetse, e tlaa re gongwe ke nonofele go tlhabana nabo le go ba leleka.’ ”
12
Modimo wa raya Balaame wa re: “O se ka wa ya nabo; o se ka wa hutsa batho bao, gonne ba segofetse.”
13
Balaame a tsoga mo mosong, mme a raya dikgosana tsa ga Balake a re: “Tlogang lo yeng lefatsheng la ga lona; gonne Modimo o ganne go nnaya tsela go ya le lona.”
14
Dikgosana tsa Moabe tsa nanoga tsa tla kwa go Balake tsa re: “Balaame o ganne go tla le rona.”
15
Balake a fela a roma dikgosana gape di le dintsi, e le tse di tlotlegang bogolo go tsele.
16
Tsa fitlha kwa go Balaame tsa mo raya tsa re: “Balake morwa Sipore o bua jaana a re: ‘A ko o se kgorelediwe ke sepe go tla kwano go nna,
17
gonne ke tlaa go godisetsa kwa tlotlong e kgolo; le fa e le eng se o tlaa se buang le nna ke tlaa se dira; a ko o tle fela, o mphutsetse batho ba.’ ”
18
Balaame a ba fetola, a raya batlhanka ba ga Balake, a re: “Le fa Balake a ka nnaya ntlo ya gagwe e tletse selefera le gouta, ga nkake ka tlola lefoko la ga Jehofa Modimo wa me, ka ya go dira se se le tlhaelang kgotsa se se le fetang.
19
Jaana ke a lo rapela, lo bo lo lale mono, gore ke tle ke itse se Jehofa o tlaa felang a se bua le nna.”
20
Modimo wa tla kwa go Balaame bosigo wa mo raya wa re: “E tlaa re fa banna bao ba tsile go go bitsa, o nanoge o ye nabo, mme lefoko le ke tlaa le buang nao, ke lone losi le o tlaa le dirang.”
21
Balaame a tsoga ka moso a belesa esela ya gagwe, a tsamaya le dikgosana tsa Moabe.
22
Bogale jwa Modimo jwa tuka ka a tsamaile; moengele wa ga Jehofa a ikemisa mo tseleng go nna moganetsi wa gagwe. A bo a palame esela ya gagwe, le batlhanka ba gagwe ba le babedi a bile a na nabo.
23
Esela ya bona moengele wa ga Jehofa a eme mo tseleng, a tshotse tšhaka a e ekile; esela ya fapoga tsela ya tsena mo lotlhagareng; mme Balaame a ubula esela go e busetsa mo tseleng.
24
Foo moengele wa ga Jehofa a ema mo tseleng e e khuti fa gare ga masimo a mafine, go le logora ka fa ntlheng nngwe, le logora ka fa ntlheng e nngwe.
25
Esela ya bona moengele wa ga Jehofa, ya ipatikela mo lorakong, ya utlwisa lonao lwa ga Balaame botlhoko ka lorako; mme a e ubula gape.
26
Moengele wa ga Jehofa a ya fa pele, a fitlha a ema fa go pitlaganyeng, fa go se nang fa go ka fapogelwang gone ka fa ntlheng ya le legolo kgotsa ya la molema.
27
Esela ya bona moengele wa ga Jehofa, mme ya robala Balaame a e palame, mme bogale jwa ga Balaame jwa tuka, a ubula esela ka thobane ya gagwe.
28
Jehofa a tumolola molomo wa esela, ya raya Balaame ya re: “Ke go diretseng fa e bo ne ne o nkubutse gararo jaana?”
29
Balaame a raya esela a re: “Ke ka gonne o ntshotlile, ke rata ke bo ke tshotse tšhaka, gonne jaana nkabo ke go bolaile.”
30
Esela ya raya Balaame, ya re: “A ga ke esela ya gago e o ntseng o mpalama ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago, nako e sa ntse e le eno? A ke tlwaetse go go direla jaana?” Mme a re: “Nnya.”
31
Foo Jehofa a budulola matlho a ga Balaame, mme a bona moengele wa ga Jehofa a eme mo tseleng, a tshotse tšhaka a e ekile; a ikoba tlhogo, a wela fa fatshe.
32
Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “Ana o ubutse esela ya gago gararo jaana ka ntlha yang? Bona ke tswetse kwano go nna moganetsi, gonne tsela ya gago e kgopo fa pele ga me.
33
Esela ya re e mpona ya fapoga gararo fa pele ga me; fa e ka bo e se ka ya mphapoga, ruri nka bo ne ne fano ke bolaile wena, ka rekegela yone.”
34
Balaame a raya moengele wa ga Jehofa a re: “Ke leofile, gonne ga ke a ka ka itse fa o eme mo tseleng go nkganela, jaana ka re fa go sa go itumedise, ke tlaa boela kwa morago kwa gae.”
35
Moengele wa ga Jehofa a raya Balaame a re: “Ya le banna bao; lefoko le ke tlaa le buang nao ke lone losi le o tlaa le buang.” Balaame a ya le dikgosana tsa ga Balake.
36
E rile Balake a utlwa fa Balaame a tsile, a tswa a ya go mo kgatlhantsha kwa motseng wa Moabe o o fa molelwaneng wa Arenone, fela kwa bokhutlong jwa molelwane.
37
Balake a raya Balaame a re: “A ga ke a roma ka tlhoafalo ka ya go go bitsa? O ne o sa tleleng kwa go nna? A ruri ga ke a nonofa go go godisetsa kwa tlotlong?”
38
Balaame a raya Balake a re: “Bona, ke tsile kwano go wena; a jaana ke na le thata nngwe go bua sengwe? Lefoko le Modimo o le tsenyang mo molomong wa me, ke lone le ke tlaa le buang.”
39
Balaame a ya le Balake, ba fitlha kwa Kiriathe-Husothe.
40
Balake a tlhaba dikgomo le dinku ditlhabelo, a roma kwa go Balaame, le kwa dikgosaneng tse o nang natso.
41
Ga dirala ya re ka moso, Balake a tsaya Balaame, a mo isa kwa mafelong a a tlotlometseng a ga Baale, mme a re a le foo a bona ntlha ya sekhutlo sa batho bale.
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36