bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 23
Numbers 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 24 →
1
Balaame a raya Balake, a re: “Nkagela fano dibeso di supa, o mpaakanyetse fano dikgongwana di supa, le diphelefu di supa.”
2
Balake a dira jaaka Balaame a buile; Balake le Balaame ba isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.
3
Balaame a raya Balake a re: “Ema fa tshupelong ya gago e e fisiwang, nna ke tlaa tsamaya; e tlaa re gongwe Jehofa a tle go kopana le nna; le fa e le eng se o se ntshupetsang ke tlaa se go bolelela.” Mme a palama thota e e lobala fela.
4
Modimo wa kopana le Balaame, mme a o raya a re: “Ke baakantse dibeso di supa, ke isitse kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.”
5
Jehofa a tsenya lefoko mo molomong wa ga Balaame, a re: “Boela kwa go Balake, o bue nae jaana.”
6
A boela kwa go ene, a fitlhela a eme fa tshupelong ya gagwe e e fisiwang, ene le dikgosana tsotlhe tsa Moabe.
7
A bua ka setshwantsho sa gagwe a re: “Balake a tswa go ntsaya kwa Arame; kgosi ya Moabe e ntshotse kwa dithabeng tsa botlhabatsatsi, a re: ‘Ntlo, o mphutsetse Jakobe, ntlo, o bopele Iseraele.’
8
Ke tlaa hutsa jang ene yo Modimo o sa mo hutsang? Ke tlaa bopela jang ene yo Jehofa a sa mmopelang?
9
Gonne ke a mmona ke le mo godimo ga mafika, ke le mo godimo ga dithota ke mo lebile; bona, ke tšhaba e e agileng e le yosi, mme ga e ketla e balelwa mo merafeng.
10
E mang yo o ka balang lorole lwa ga Jakobe, kgotsa a bolela palo ya kgaogano ya bone ya Iseraele? A ke swe loso lwa mosiami, mme bokhutlo jwa me bo nne jaaka jwa gagwe!”
11
Balake a raya Balaame a re: “O ntiretseng? Ka go tsaya, ka re o tle o mphutsetse baba ba me, mme bona o ba segofaditse gotlhe fela.”
12
A mo fetola a re: “A ga ke a na le go tlhokomela go bua fela se Jehofa o se ntsenyang mo molomong?”
13
Balake a mo raya, a re: “A ko o ye le nna, re ye kwa felong go sele, kwa o tlaa ba bonang o le teng; o tlaa bona sekhutlo sa bone fela, ga o ketla o ba bona botlhe; o tle o ba mphutsetse o le gone foo.”
14
A mo isa kwa setlhabeng sa Sofime, kwa tlhoreng ya Pisega, a aga dibeso di supa teng, a isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.
15
A raya Balake, a re: “Ema fano fa tshupelong ya gago e e fisiwang, ka ke sa ya go kopana le Jehofa fale.”
16
Jehofa a kopana le Balaame, a tsenya lefoko mo molomong wa gagwe, a re: “Boela kwa go Balake, o bue jaana.”
17
A tla kwa go ene, a fitlhela a eme fa tshupelong ya gagwe e e fisiwang, le dikgosana tsa Moabe di na nae. Balake a mo raya a re: “Jehofa o buileng?”
18
A bua ka setshwantsho sa gagwe a re: “Ema Balake o utlwe, o ntheetse wena morwa Sipore:
19
Modimo ga se motho yo o ka akang, le gone ga se morwa motho yo o ka ikwatlhayang; kgotsa, a o buile, mme a ga o ketla o se dira? Kgotsa a o ntshitse lentswe, ga o ketla o le tlhomamisa?
20
Bona, ke neilwe taolo ya gore ke segofatse; one o segofaditse, mme nna ga nkake ka fetola.
21
Ga o a bona boikepo mo go Jakobe le gone ga o a bona bokgopo mo go Iseraele; Jehofa Modimo wa gagwe o na nae, lošalaba lwa kgosi lo mo go bone.
22
Modimo o ba ntsha mo Egepeto; o na le thata ekete ya nare.
23
Ruri Jakobe ga a na mereo, Iseraele ga a na ditaola; jaanong go tlaa buiwa ka ga Jakobe le Iseraele go twe: ‘Ana Modimo o dirileng!’
24
Bona, tšhaba e, e nanoga jaaka tau e namagadi, le jaaka tau e tona, e ikgogomosa jalo; ga e ketla e robala e ise e je thopo, e ise e nwe madi a ba ba bolailweng.”
25
Balake a raya Balaame, a re: “O se ka wa ba hutsa gope, le gone o se ka wa ba segofatsa gope.”
26
Balaame a fetola a raya Balake, a re: “A ga ke a go bolelela ka re: Gotlhe mo Jehofa o go buang, ke na le go go dira fela?”
27
Balake a raya Balaame, a re: “Ntlo, ke tlaa go isa kwa felong go sele, e tlaa re gongwe go kgatlhe Modimo gore o ba mphutsetse o le gone foo.”
28
Balake a isa Balaame kwa tlhoreng ya Peore e e okameng sekaka.
29
Balaame a raya Balake, a re: “Nkagela fano dibeso di supa, o mpaakanyetse fano dikgongwana di supa le diphelefu di supa.”
30
Balake a dira jaaka Balaame a buile, a isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36