bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 14
Numbers 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 15 →
1
Phuthego yotlhe ya tsholetsa lentswe la yone, ya gelebetega; batho ba lela bosigo joo.
2
Bana ba Iseraele botlhe ba ngongoregela Moše le Arone, mme phuthego yotlhe ya ba raya ya re: “A bo Modimo o ka bo o mmile ra swela mo lefatsheng la Egepeto! Kgotsa Modimo o ka bo o mmile ra swela mo nageng e!
3
Ana Jehofa o re isetsang mo lefatsheng leo, go tla re wa ka tšhaka? Basadi ba rona le banyana ba rona ba tlaa nna thopo fela; a go ga ka nne molemo bogolo go boela Egepeto?”
4
Ba raana ba re: “A re itlhomeleng mogogi, re boeleng kwa Egepeto.”
5
Foo Moše le Arone ba wela ka difatlhogo fa fatshe fa pele ga phuthego yotlhe e e phuthegileng ya bana ba Iseraele.
6
Jošua morwa Nune, le Kalebe morwa Jefune, ba e neng e le ba bone ba ba tswang go tlhola lefatshe, ba ikgagola diaparo,
7
ba bua le phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ba re: “Lefatshe le re le raletseng re le tlhola, ke lefatshe le le molemo o o feteletseng.
8
Fa Jehofa a itumela mo go rona, o tlaa re fitlhisa mo lefatsheng leo, o tlaa le re naya; ke lefatshe le le elang maši le dinotshe.
9
Fela lo se ka lwa tsuolola Jehofa fela, le gone lo se ka lwa boifa batho ba lefatshe leo; gonne ke dijo mo go rona; phemelo ya bone e tlositswe mo go bone, Jehofa o na le rona; lo se ka lwa ba boifa.”
10
Phuthego yotlhe ya laola gore ba kgobotlediwe ka maje, mme kgalalelo ya ga Jehofa ya bonala mo mogopeng wa bophuthegelo, ya bonwa ke bana ba Iseraele botlhe.
11
Jehofa a bua le Moše a re: “Batho ba, ba tlaa nnyatsa goleele go le kae? Ba tlaa gana go dumela mo go nna goleele go le kae, ka ditshupo tsotlhe tse ke di dirileng mo go bone?
12
Ke tlaa ba bolaya ka leroborobo, ke tlaa ba ntsha mo bosweng, mme ke tlaa dira ka wena morafe o mogolo, le o o thata bogolo go bone.”
13
Moše a raya Jehofa a re: “Foo Baegepeto ba tlaa utlwa; gonne o tlhatlositse tšhaba e mo go bone ka thata ya gago;
14
ba tlaa bolelela banni ba lefatshe le; ba utlwile fa o le mo gare ga tšhaba e; gonne wena Jehofa o a bonwa o lebanye sefatlhogo le sefatlhogo, le leru la gago le ba okame, mme wa ba etelela pele, ka mosipuri wa leru motshegare, le ka mosipuri wa molelo bosigo.
15
Jaana fa o bolaya tšhaba e jaaka e ka bo e le motho a le mongwe fela, foo merafe e e utlwileng tumedi ya gago e tlaa bua e re:
16
‘E re ka Jehofa a sa nonofa go fitlhisa tšhaba e mo lefatsheng le o le ba ikanetseng, ke gone o ba nyeleditseng mo nageng.’
17
Jaana, ke a go rapela: A thata ya ga Jehofa e nne kgolo, ka fa o buileng ka gone, wa re:
18
‘Jehofa o bonya go galefa, o tletse boutlwelobotlhoko; o itshwarela boikepo le tlolo, mme yo o molato ga a ketla a mo golola gope, o beletsa bana tshiamololo ya borra ba bone go ya kokomaneng ya boraro le ya bone.’
19
Ke a go rapela, o itshwarele tshiamololo ya tšhaba e, ka fa bogolong jwa boutlwelobotlhoko jwa gago, le ka fa o ntseng wa itshwarela tšhaba e go tswa Egepeto le gompieno ka gone.”
20
Jehofa a re: “Ke itshwaretse ka fa lefokong la gago;
21
mme ruri, ruri, jaaka ke tshedile le jaaka lefatshe lotlhe le tlaa tlala kgalalelo ya ga Jehofa:
22
E re ka batho bao botlhe ba ba bonyeng kgalalelo ya me, le ditshupo tsa me, tse ke di dirileng kwa Egepeto, le mo nageng, le fa go ntse jalo ba ntekile ka dipaka tse some tse, mme ba se ka ba reetsa lentswe la me;
23
ruri ga ba ketla ba bona lefatshe le ke le ikanetseng borraabo, le gone ga go na ope wa ba ba nnyaditseng yo o tlaa le bonang,
24
fa e se motlhanka wa me Kalebe, ka ene a ne a na le mowa o sele, mme o ntshetse morago ka botlalo; ke ene ke tlaa mo isang mo lefatsheng le o neng a ya go tsena mo go lone; le losika lwa gagwe lo tlaa le rua.
25
Jaana Baamaleke le Bakanana ba agile mo molapong. E tlaa re ka moso lo menoge lo ye kwa nageng ka tsela e e yang kwa Lewatleng le Lehibidu.”
26
Jehofa a bua le Moše le Arone, a re:
27
“Ke tlaa iphapaanya goleele go le kae le phuthego e e bosula e, e e ntseng e ngongorega ka ga me? Ke utlwile dingongorego tsa bana ba Iseraele, tse ba di ngongoregang ka ga me.
28
Lo ba reye lo re: Jaaka ke tshedile, go bua Jehofa, ruri jaaka lo buile mo ditsebeng tsa me, ke tlaa lo direla fela jalo:
29
Ditoto tsa lona di tlaa wela mo nageng e; botlhe ba ba badilweng mo go lona ka fa palong yotlhe ya lona, go simolola ka ba ba dinyaga di masome mabedi go ya kwa go bomogoloa bone, ba ba ngongoregileng ka ga me.
30
Ruri ga lo ketla lo fitlha mo lefatsheng le ke le tsholeleditseng letsogo, ka re, ke tlaa lo agisa mo go lone, fa e se Kalebe morwa Jefune le Jošua morwa Nune.
31
Banyana ba lona, ba lo rileng ba tlaa nna thopo, bone ke tlaa ba fitlhisa, ba tlaa itse lefatshe le lona lo le ganneng;
32
ka ga lona, ditoto tsa lona di tlaa wela mo nageng e.
33
Bana ba lona ba tlaa nna bakgarakgatshegi mo nageng ka dinyaga di 40, ba tlaa rwala maakafalo a lona, go tsamaya ditoto tsa lona di felediwa mo nageng.
34
Jaaka palo ya malatsi a lo tswang go tlhola lefatshe ka one, e bong malatsi a a 40, letsatsi lengwe le lengwe le tlaa emelwa ke ngwaga, mme lo tlaa rwala ditshiamololo tsa lona, e bong ka dinyaga di le 40, lo tlaa itse go tlhanoga ga me.
35
Nna Jehofa ke buile ka re, ruri se ke sone se ke tlaa se direlang phuthego e e bosula e, e e mphuthegetseng go tlhabana le nna; ba tlaa fedisiwa mo nageng e, ba tlaa swela teng.”
36
Banna ba Moše o ne a ba romile ba ya go tlhola lefatshe, ba ba boileng ba ngongoregisa phuthego yotlhe ka ga gagwe ka go bolela lefatshe ka bosula,
37
e bong bone banna bao, ba ba boletseng lefatshe ka bosula, ba swela ka sebetso fa pele ga Jehofa.
38
Mme Jošua morwa Nune, le Kalebe morwa Jefune ba sala ba tshedile mo banneng bao ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe.
39
Moše a bolelela bana ba Iseraele botlhe mafoko ao; mme batho ba hutsafala thata.
40
Ba phakela ba palamela kwa godimo ga thaba ba re: “Re fano, a re yeng kwa felong fa Jehofa o go re tlhomamiseditseng; gonne re leofile.”
41
Moše a re: “Ana lo tlolelang taolo ya ga Jehofa, e tswa go se ketla go lo swelegela molemo ka sepe?
42
Se tlhatlogeng, gonne Jehofa ga a mo go lona; lo ka tla lwa kgemethwa ke baba ba lona.
43
Gonne Baamaleke le Bakanana ba gone fa pele ga lona, mme lo tlaa wa ka tšhaka; gonne lo boile mo go saleng Jehofa morago, ke gone ka moo Jehofa ga a ketla a nna le lona.”
44
Ba itaola fela, ba palamela kwa godimo ga thaba; le fa go ntse jalo letlole la kgolagano ya ga Jehofa ga le a ka la tswa mo bothibelelong le fa e le ene Moše.
45
Foo Baamaleke ba fologa le Bakanana ba ba agileng mo thabeng eo, ba ba kgemetha ba ba kgokolosetsa go ya kwa Horema.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36