bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 9
Numbers 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 10 →
1
Jehofa a bua le Moše mo nageng ya Sinai, ka kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa bobedi ba sena go tswa mo lefatsheng la Egepeto, a re:
2
“Gape, bana ba Iseraele ba je tlolaganyo mo lobakeng lwa yone lo lo laotsweng.
3
E re ka letsatsi la 14 la kgwedi, eno, go le maitseboa, lo e je mo lobakeng lwa gone lo lo laotsweng, lo tlaa e ja ka fa melaong yotlhe ya yone le ka fa mekgweng yotlhe ya yone e e laotsweng.”
4
Moše a bua le bana ba Iseraele gore ba je tlolaganyo.
5
Ba ja tlolaganyo ka kgwedi ya ntlha, ka letsatsi la 14 la kgwedi, go le maitseboa, mo nageng ya Sinai, jaaka tsotlhe tse Jehofa o di laoletseng Moše, bana ba Iseraele ba dira fela jalo.
6
Go ne go le batho bangwe ba ba itshekologileng ka setoto sa motho, mme ba retelelwa ke go ja tlolaganyo ka letsatsi leo; ba ya fa pele ga Moše le fa pele ga Arone ka letsatsi leo.
7
Banna bao ba mo raya ba re: “Re itshekologile ka setoto sa motho; re kganelelwang gore re se ka ra isetsa Jehofa seromololo mo lobakeng lo lo laotsweng re na le bana ba Iseraele?”
8
Moše a ba raya a re: “Bayang pelo, gore ke tle ke utlwe se Jehofa o tlaa se laolang ka ga lona.”
9
Jehofa a bua le Moše a re:
10
“Bua le bana ba Iseraele o re: Fa motho mongwe wa lona, kgotsa wa dikokomana tsa lona a itshekologile ka setoto sa motho, kgotsa fa a le mo loetong a le kgakala, le fa go ntse jalo o tlaa jela Jehofa tlolaganyo.
11
Ka kgwedi ya bobedi, ka letsatsi la 14 go le maitseboa ba tlaa e baakanya ba e ja le senkgwe se se sa bedisiwang le merogo e e botlhoko.
12
A ba se sie sepe sa yone sa fitlhelwa ke moso le gone ba se ka ba roba lesapo la yone; ba e je ka fa molaong otlhe wa tlolaganyo.
13
Mme motho yo o itshekileng, a se mo loetong, fa a se ka a ja tlolaganyo, motho yoo a a kgaolwe a tswe mo bathong ba ga gabo, gonne a se ka a isa seromololo sa ga Jehofa mo lobakeng lo lo laotsweng, motho yoo a a rwale boleo jwa gagwe.
14
E tlaa re fa moeng a jakile mo go lona, a rata go jela Jehofa tlolaganyo, a a dire jaaka molao wa tlolaganyo le jaaka mokgwa wa yone o o laotsweng; lo tlaa dira le molao o le mongwe fela, wa moeng le wa yo o tsaletsweng mo lefatsheng.”
15
E rile ka letsatsi le motlaagana o tlhomilweng ka lone leru la khurumetsa motlaagana, e bong mogope wa tshupo; mme ya re maitseboa la nna mo motlaaganeng jaaka ekete ponalo ya molelo go ya go fitlha mo mosong.
16
Ga nna fela jalo ka metlha yotlhe: Leru le o khurumetse, mme bosigo go bonale jaaka molelo.
17
E ne e tle e re leru le tlosiwa mo godimo ga mogope, morago ga moo bana ba Iseraele ba tsamaye; le gone fa leru le nna gone bana ba Iseraele ba thibelele gone.
18
Bana ba Iseraele ba ne ba tsamaya ka taolo ya ga Jehofa, ba thibelele ka taolo ya ga Jehofa; fa leru le sa ntse le ntse mo motlaaganeng ba nne ba thibeletse fela.
19
Fa leru le tlhotse malatsi a le mantsi mo motlaaganeng, foo bana ba Iseraele ba tshegetse tebelo ya ga Jehofa, ba se ke ba tsamaye.
20
Motlhamongwe leru le tlhole malatsi a se mantsi mo motlaaganeng; foo ba nne ba thibeletse ka fa taolong ya ga Jehofa, ba tsamaye ka fa taolong ya ga Jehofa.
21
Motlhamongwe leru le nne go tswa maitseboeng ga ya mosong; fa leru le tsholediwa mo mosong ba tsamaye; kgotsa fa le tswelela motshegare le bosigo, e re leru le tlosiwa ba tsamaye.
22
Fa leru le diega mo motlaaganeng le ntse mo go one, malatsi a le mabedi, kgotsa kgwedi, kgotsa ngwaga, bana ba Iseraele ba nne ba thibeletse ba sa tsamaye; mme e re fa le tsholediwa, ba tsamaye.
23
Ba thibelele ka taolo ya ga Jehofa; ba tsamaye ka taolo ya ga Jehofa; ba ne ba tshegetsa tebelo ya ga Jehofa, ka taolo ya ga Jehofa, ka seatla sa ga Moše.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36