bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 17
Numbers 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 18 →
1
Jehofa a bua le Moše a re:
2
“Bua le bana ba Iseraele, o tseye dithobane mo go bone, nngwe e nne ya kgotla nngwe le nngwe ya borraabo, mo dikgosaneng tsotlhe ka fa makgotleng a borraabo, dithobane di le 12, o kwale leina la motho mongwe le mongwe mo thobaneng ya gagwe.
3
O kwale leina la ga Arone mo thobaneng ya ga Lefi, gonne go tlaa nna e le nngwe fela ya tlhogo nngwe le nngwe ya makgotla a borraabo.
4
O di beye mo mogopeng wa bophuthegelo fa pele ga tshupo, kwa ke kopanelang nao gone.
5
Motho yo ke mo itshenkelang, thobane ya gagwe e tlaa kukunya; mme ke tlaa khutlisa dingongorego tsa bana ba Iseraele mo go nna, tse ba di ngongoregang ka ga lona.”
6
Moše a bua le bana ba Iseraele, mme dikgosana tsotlhe tsa bone tsa mo naya dithobane, mongwe le mongwe e le nngwe fela, ka fa makgotleng a borraabo, e bong dithobane di le 12, thobane ya ga Arone e ne e le mo dithobaneng tsa bone.
7
Moše a baya dithobane tsa bone fa pele ga Jehofa mo mogopeng wa tshupo.
8
Ga dirala ya re ka moso Moše a ya mo mogopeng wa tshupo, a fitlhela thobane ya ga Arone ya ntlo ya ga Lefi e kukuntse, e thuntse ka dithunya, e bile e ungwile dithamane tse di buduleng.
9
Dithobane tsotlhe Moše a di tsaya fa pele ga Jehofa, a di ntshetsa kwa baneng ba Iseraele botlhe; ba di leba, mme mongwe le mongwe a tsaya thobane ya gagwe.
10
Jehofa a raya Moše a re: “Busetsa thobane ya ga Arone kwa pele ga tshupo, go ya go bolokwa teng, e le sesupo se se sekisang bana ba tsuololo, gore o khutlise dingongorego tsa bone ka ga me, gore ba tle ba se ka ba swa.”
11
Moše a dira jalo; a dira jaaka Jehofa a mo laotse.
12
Bana ba Iseraele ba bua le Moše ba re: “Bona, re a swa, re fedile, re fedile rotlhe.
13
Mongwe le mongwe yo o atamelang, yo o atamelang motlaagana wa ga Jehofa o a swa, a ke gore re tlaa swa rotlhe fela?”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36