bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 30
Numbers 30
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 31 →
1
Moše a bua le ditlhogo tsa ditso tsa bana ba Iseraele, a re: “Se ke sone se Jehofa o se laotseng:
2
Fa monna mongwe a ikanele Jehofa, kgotsa fa a ikana ikano gore o golega mowa wa gagwe ka kgolego, a a se tlole lefoko la gagwe; a a dire gotlhe fela ka fa go tswang mo molomong wa gagwe ka gone.
3
Le gone fa mosadi a ikanela Jehofa, a ikgolega ka kgolego a sa ntse a le mo ntlong ya ga rraagwe, a le mo borweetsaneng jwa gagwe;
4
mme fa rraagwe a utlwa ikano ya gagwe, le ikgolego ya gagwe e o ikgolegileng mowa ka yone, fa rraagwe a mo didimalela fela, foo maikano otlhe a gagwe a tlaa ema fela, le ikgolego nngwe le nngwe e o ikgolegileng mowa ka yone e tlaa ema.
5
Fa rraagwe a gana ka letsatsi le o utlwileng ka lone; a go se eme maikano ape a gagwe, le fa e le ikgolego epe e o ikgolegileng mowa ka yone; Jehofa o tlaa mo itshwarela, gonne rraagwe o ne a gana.
6
Fa a nyetswe ke monna, maikano a gagwe a sa ntse a le mo go ene, kgotsa puo ya molomo wa gagwe ya potlako e o ikgolegileng mowa ka yone;
7
fa monna wa gagwe a e utlwa, mme a mo didimalela fela ka letsatsi le o utlwang ka lone, foo maikano a gagwe a tlaa ema, le diikgolego tse o ikgolegileng mowa ka tsone di tlaa ema.
8
Fa monna wa gagwe a gana ka tsatsi le o utlwang ka lone, foo o tlaa dirolola ikano ya gagwe e nne lefela, le puo ya molomo wa gagwe ya potlako, e o ikgolegileng mowa ka yone; Jehofa o tlaa mo itshwarela.
9
Ikano ya moswagadi, kgotsa ya yo o tlhadilweng, gotlhe mo o ikgolegileng ka gone, go tlaa mo emela fela.
10
Fa a ikanne mo ntlong ya monna wa gagwe, kgotsa a ikgolega mowa ka ikgolego ka ikano,
11
mme monna wa gagwe a go utlwa, a mo didimalela fela, a se ka a gana: foo maikano a gagwe otlhe a eme, le ikgolego nngwe le nngwe e o ikgolegileng mowa ka yone e eme.
12
Fa monna wa gagwe a sa di amogele, tsa nna lefela ka tsatsi le o di utlwileng ka lone, foo le fa e ka nna eng se se duleng mo molomong wa gagwe ka ga maikano a gagwe, kgotsa ka ga ikgolego ya mowa wa gagwe, a go se ka ga ema; monna wa gagwe o di dirile lefela; Jehofa o tlaa mo itshwarela.
13
Ikano nngwe le nngwe, le yone ikano e e golegileng mosadi gore a ipatike mowa, monna wa gagwe o ka e tlhomamisa, gape monna wa gagwe o ka e dira lefela.
14
Fa monna wa gagwe a mo didimalela fela ka malatsi otlhe, foo o tlhomamisa maikano otlhe a gagwe, le diikgolego tsotlhe tsa gagwe tse di mo go ene; o di tlhomamisitse ka tsatsi le o di utlwileng ka lone.
15
Fa a sa di amogele, di nna lefela a sena go di utlwa, foo a monna a rwale tshiamololo ya mosadi.”
16
E ke yone melao e Jehofa o e laoletseng Moše, gare ga monna le mosadi wa gagwe, gare ga rra motho le morwadie, a sa ntse a le mo borweetsaneng, mo ntlong ya ga rraagwe.
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36