bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 35
Numbers 35
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 36 →
1
Jehofa a bua le Moše mo dipaleng tsa Moabe fa Joretane, kwa Jeriko, a re:
2
“Laola bana ba Iseraele gore ba ntshetse Balefi mo bosweng jwa dithuo tsa bone metse e ba tlaa agang mo go yone, le dintlhana tsa metse eo lo di neye Balefi.
3
Metse eo, a e nne ya bone go aga mo go yone; dintlhana tsa yone e nne tsa dikgomo tsa bone, le tsa dithoto tsa bone, le tsa diruiwa tsotlhe tsa bone.
4
Boatlhamo jwa dintlhana tsa metse e lo e nayang Balefi a bo simologe ka lorako lwa motse, bo ye go ema ka selekanyo sa dimetara di le 450 ka ntlha tsotlhe.
5
E re kwa ntle ga motse, ntlheng ya botlhabatsatsi lo lekanye sebaka sa dimetara di le 900, ntlheng ya borwa, sebaka sa dimetara di le 900, ntlheng ya bophirimatsatsi, sebaka sa dimetara di le 900, ntlheng ya botsheka, sebaka sa dimetara di le 900, motse o le fa gare. Tseo e tlaa nna tsone dintlhana mo tikologong ya metse ya bone.
6
Metse e lo e nayang Balefi, a e nne yone metse e merataro ya botshabelo, e lo e beelang mmolai wa motho go tshabela kwa go yone; kwa ntle ga yone eo lo ba neye metse e le 42.
7
Metse yotlhe e lo tlaa e nayang Balefi a e nne metse e le 48; lo ba neye yone le dintlhana tikologong ya yone.
8
Ka ga metse e e leng ya bana ba Iseraele e lo tlaa e nayang Balefi, lo tle lo e tseye e le mentsi mo go ba ba leng bantsi; lo tseye e le mebotlana mo go ba ba leng babotlana; mongwe le mongwe a a neye Balefi metse ya gagwe ka fa bosweng jo o bo bonyeng.”
9
Jehofa a bua le Moše, a re:
10
“Bua le bana ba Iseraele, o ba reye o re: Mogang lo kgabaganyang Joretane, lo ya mo lefatsheng la Kanana,
11
foo lo itaolele metse e e tlaa nnang metse ya botshabelo mo go lona; gore mmolai wa motho, yo o bolayang motho ka matsheka fela, a tshabele gone.
12
Metse eo e tlaa nna botshabelo mo go lona ka ga mmusolosi; gore mmolai wa motho a se swe, a ise a eme fa pele ga phuthego go atlholwa.
13
Metse e lo tlaa e ntshang e nne merataro ya botshabelo mo go lona.
14
Lo ntshe metse e le meraro moseja ono ga Joretane, le metse e le meraro mo lefatsheng la Kanana; e tlaa nna metse ya botshabelo.
15
Metse e merataro eo e tlaa nna ya botshabelo jwa bana ba Iseraele, le jwa baeng ba ba jakileng mo go bone, gore mongwe le mongwe yo o bolayang motho ka matsheka fela, a tshabele teng.
16
“Fa a mo iteile ka sengwe sa tshipi, mme a swa, ke mmolai wa motho; ruri mmolai wa motho o tlaa bolawa.
17
Fa a mo gatlile a tshotse lentswe mo seatleng, e le le motho o ka swang ka lone, mme a swa, ke mmolai wa motho; ruri mmolai wa motho o tlaa bolawa.
18
Kgotsa fa a mo iteile ka sebolao sa logong a se tshotse mo seatleng, e le se motho o ka swang ka sone, mme a swa, ke mmolai wa motho; ruri mmolai wa motho o tlaa bolawa.
19
Mmusolosi ka esi a bolaye mmolai wa motho; mogang o kopanang nae a a mmolaye.
20
Fa a mo tlhabile ka kilo, kgotsa a mo konopa, ka go mo lalela, mme a swa,
21
kgotsa a mo itaya ka letsogo ka kilo, a swa; ruri yo o mo iteileng o tlaa bolawa; ke mmolai wa motho; a mmusolosetsi wa madi a bolaye mmolai wa motho, mogang o kopanang nae.
22
“Mme fa a mo tlhabile ka tshoganetso, a se na kilo, kgotsa fa a mo konopile ka sengwe, a sa mo lalela,
23
kgotsa ka lentswe le motho o ka swang ka lone, a sa mmone, a le latlhela mo go ene, mme a swa, le fa a se mmaba wa gagwe, le gone a ne a sa rate go mo utlwisa botlhoko,
24
foo a phuthego e atlhole gare ga moitei le mmusolosetsi wa madi ka fa dikatlholong tse:
25
Phuthego e golole mmolai wa motho mo seatleng sa mmusolosetsi wa madi, mme phuthego e mmusetse kwa motseng wa gagwe wa botshabelo, kwa o ne a tshabetse teng; a nne gone go tsamaya moperesiti yo mogolo a a swa, ene yo o ne a tlodiwa lookwane lo lo itshepileng.
26
Mme fa motlha mongwe mmolai wa motho a ka feta molelwane wa motse wa gagwe wa botshabelo, kwa o ne a tshabetse teng,
27
fa mmusolosetsi wa madi a mo fitlhela kwa ntle ga molelwane wa motse wa gagwe wa botshabelo, mme fa mmusolosetsi wa madi a bolaya mmolai wa motho; foo a se ka a nna molato wa madi,
28
gonne o ne a tshwanetse go nna fela mo motseng wa gagwe wa botshabelo, go tsamaya moperesiti yo mogolo a swa. Morago ga loso lwa moperesiti yo mogolo, mmolai wa motho o ka boela kwa lefatsheng le e leng la gagwe.
29
“Dilo tse di nne molao wa katlholo mo go lona go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona mo mannong a otlhe a lona.
30
Le fa e le mang yo o bolayang motho, mmolai o tlaa bolawa ka molomo wa basupi; motho a se ka a swa ka tshupo ya mosupi a le mongwe fela.
31
Gape, lo se ka lwa amogela thekololo ka ga botshelo jwa mmolai wa motho yo o molato wa go swa, ruri a a bolawe.
32
Lo se ka lwa amogela thekololo ka ga gagwe yo o tshabetseng kwa motseng wa gagwe wa botshabelo, ya gore a tle go ba a nna mo lefatsheng, moperesiti yo mogolo a tle a swe pele.
33
Jalo lo bo lo se ketla lo itshepolola lefatshe le lo nnang mo go lone; gonne madi a leswafatsa lefatshe; ga go na tefo e e ka direlwang lefatshe ya madi a a tshololetsweng mo go lone, fa e se madi a gagwe yo o a tsholotseng.
34
O se ka wa itshekolola lefatshe le o le nnang, le ke agileng mo gare ga lone; gonne nna Jehofa ke agile mo gare ga bana ba Iseraele.”
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 36 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36