bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 31
Numbers 31
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 32 →
1
Jehofa a bua le Moše, a re:
2
“Busolosetsa bana ba Iseraele mo go Bamidiane, morago ga moo o tlaa kopanngwa le batho ba gaeno.”
3
Moše a bua le batho, a re: “Tlhomedisang banna mo go lona gore ba bolole ntwa, ba bololele Bamidiane ba ye go dira pusoloso ya ga Jehofa mo go Bamidiane.
4
A go tswe banna ba le 1 000 mo lotsong longwe le longwe mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, e le ba lo tlaa ba bolotsang ntwa.”
5
Mme mo masomosomong a Baiseraele ga tlhaolwa 1 000 fela mo lotsong longwe le longwe, ke gore batho ba le 12 000 ba ba tlhomeletseng ntwa.
6
Moše a ba bolotsa ntwa, ba le 1 000 fela ba lotso longwe le longwe, bone le Finease morwa Eleasare moperesiti, ba ya ntweng, ba tshotse dilwana tsa ntlo e e boitshepo, le dinaka tsa go opa mokgosi.
7
Ba tlhabana le Bamidiane, jaaka Jehofa a laotse Moše; mme lonna lotlhe ba lo bolaya.
8
Dikgosi tsa Midiane ba di bolaela mo go ba bangwe ba ba bolailweng e bong Efi, le Rekeme, le Sure, le Hure le Reba, dikgosi tse tlhano tsa Midiane. Balaame morwa Beore le ene ba mmolaya ka tšhaka.
9
Bana ba Iseraele ba tshwara basadi ba Midiane le banyana ba bone; le dikgomo tsotlhe tsa bone, le matlhape otlhe a bone, le dithoto tsotlhe tsa bone, ba di gapa.
10
Metse ya bone yotlhe kwa ba ne ba agile gone, le manno a bone ba a fisa ka molelo.
11
Ba tsaya kgapo yotlhe, le thopo yotlhe, ya batho le ya dikgomo.
12
Batshwarwa, le thopo, le kgapo, ba isa gotlhe kwa go Moše, le kwa go Eleasare moperesiti, le kwa phuthegong ya bana ba Iseraele, kwa bothibelelong mo dipaleng tsa Moabe, tse di fa Joretane kwa Jeriko.
13
Moše le Eleasare moperesiti, le dikgosana tsotlhe tsa phuthego, ba tswa ba ya go ba kgatlhantsha kwa ntle ga bothibelelo.
14
Moše a nna bogale le bagolwane ba ntwa, balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo ba ba tswang kwa tirong ya ntwa.
15
Moše a ba raya a re: “A lo tshedisitse basadi botlhe?
16
Bonang, bao ba tlodisitse bana ba Iseraele tlolo fa pele ga Jehofa, mo tirong ele ya ga Peore, ka kgakololo ya ga Balaame, jalo sebetso sa tla mo phuthegong ya Jehofa.
17
Ke gone jaana bolayang bana botlhe ba basimane, le basadi botlhe ba ba itsileng monna ka go lala nae.
18
Mme bana botlhe ba basetsana, ba ba sa itseng monna ka go lala nae, lo ba itsheditsetse.
19
Lo thibelele kwa ntle ga bothibelelo ka malatsi a supa; le fa e le mang wa lona yo o bolaileng motho, le gone le fa e le mang yo o amileng motho yo o bolailweng, lo iitshekise ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, lona le batshwarwa ba lona.
20
Ka ga seaparo sengwe le sengwe, le tsotlhe tse di dirilweng ka letlalo, le tiro yotlhe ya maodi a dipodi, le dilo tsotlhe tse di dirilweng ka logong lo di itshekise.”
21
Eleasare moperesiti a raya batlhabani ba ba tswang ntweng, a re: “E ke yone taolo e e tlhomamisitsweng ya molao, e Jehofa o e laoletseng Moše;
22
le fa go ntse jalo gouta, le selefera, le kgotlho, le tshipi, le boleke le lotwe,
23
tsotlhe tse di sa senngweng ke molelo, lo di ralatse molelo, di tlaa nna boitsheko; le fa go ntse jalo a di itshekisiwe ka metsi a tomololo; mme tsotlhe tse di ka senngwang ke molelo, lo di ralatse metsi.
24
Lo tlhatswe diaparo tsa lona ka letsatsi la bosupa, mme lo tlaa nna boitsheko, morago ga moo lo ka tla mo bothibelelong.”
25
Jehofa a bua le Moše, a re:
26
“Wena le Eleasare moperesiti, le ditlhogo tsa makgotla a borra batho, lo dire palo ya kgapo e e gapilweng, ya batho le ya dikgomo;
27
lo kgaoganye kgapo eo sebedi: ntlha nngwe lo e kgaoganyetse banna ba ba maano mo tlhabanong, ba ba neng ba bolotse ntwa, ntlha e nngwe e nne ya phuthego yotlhe.
28
Lo tseele Jehofa lekgetho mo batlhabaning ba ba tswang ntweng; mo makgolong a matlhano mangwe le mangwe lo tseye setshedi se le sengwe fela sa batho, sa dikgomo, sa diesela le sa matsomane.
29
Lo di tseye mo kabelong ya bone, lo di neye Eleasare moperesiti, e le tshupelo ya tsholetso ya ga Jehofa.
30
Mo kabelong ya bana ba Iseraele, mo masomeng a matlhano mangwe le mangwe o tseye setshedi se le sengwe fela, sa batho, sa dikgomo, sa diesela, sa matsomane, e bong ditshedi tsotlhe, mme lo di neye Balefi ba ba tshegetsang tebelo ya motlaagana wa ga Jehofa.”
31
Moše le Eleasare moperesiti ba dira jaaka Jehofa a laotse Moše.
32
Jaana kgapo e e setseng batlhabani ba sena go tsaya kgapo ya bone, e ne e le dinku di le 675 000,
33
le dikgomo di le 72 000,
34
diesela di le 61 000,
35
batho ba le mmogo ba le 32 000, ba basadi ba ba neng ba sa itse monna ka go lala nae.
36
Bontlhanngwe jo e neng e le kabelo ya ba ba tswang ntweng e ne e le dinku di le 337 500.
37
Lekgetho la ga Jehofa la dinku e le 675.
38
Dikgomo di ne di le 36 000; lekgetho la ga Jehofa la tsone e le 72.
39
Diesela di ne di le 30 500; lekgetho la ga Jehofa la tsone e le 61.
40
Batho ba le 16 000; lekgetho la ga Jehofa la bone e le batho ba le 32.
41
Lekgetho le e neng e le tshupelo ya ga Jehofa ya tsholetso, Moše a le naya Eleasare moperesiti, jaaka Jehofa a laotse Moše.
42
Bontlhanngwe jo bo abetsweng bana ba Iseraele, jo Moše o bo lomolotseng mo go tsa banna ba ba tlhabanyeng,
43
(mme bontlhanngwe jo bo abetsweng phuthego e ne e le dinku di le 337 500,
44
dikgomo di le 36 000,
45
diesela di le 30 500,
46
batho ba le 16 000);
47
e bong mo go jone bontlhanngwe jo bo abetsweng bana ba Iseraele, Moše a somola go le gongwe fela mo go masome matlhano mangwe le mangwe, ga batho le ga diruiwa, a go naya Balefi ba ba tshegetsang tebelo ya motlaagana wa ga Jehofa, jaaka Jehofa a laotse Moše.
48
Bagolwane ba ba laolang ba dikete ba ntwa, balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo, ba atamela kwa go Moše.
49
Ba raya Moše ba re: “Batlhanka ba gago ba badile palo ya batlhabani ba ba mo taolong ya rona, mme ga go tlhokafale monna ope mo go rona.
50
Re lerile seromololo sa ga Jehofa se motho mongwe le mongwe o se bonyeng, mekgabo ya gouta, bompolokwane ba magwejana, mefitshana ya mabogo, dipalamenwana tsa sekanelelo, manyena a ditsebe le mefitshana ya thamo, go tla re direla mewa ya rona tetlanyo fa pele ga Jehofa.”
51
Moše le Eleasare moperesiti ba amogela gouta mo go bone, e bong mekgabo yotlhe e e thudilweng.
52
Gouta yotlhe ya tshupelo ya tsholetso e ba ne ba e isetsa Jehofa, ya balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, e ne e le dikilokerama di le 190.
53
(Gonne batlhabani ba ne ba ikgapetse thopo, mongwe le mongwe a itseela ka esi.)
54
Moše le Eleasare moperesiti ba amogela gouta mo balaoding ba dikete, le balaoding ba makgolo, ba e isa mo mogopeng wa bophuthegelo gore e nne morafolo fa pele ga Jehofa, o o tswang baneng ba Iseraele.
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 32 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36