bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 5
Numbers 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 6 →
1
Jehofa a bua le Moše, a re:
2
“Laola bana ba Iseraele gore molepero mongwe le mongwe ba mo ntshetse kwa ntle ga bothibelelo, le mongwe ba mo ntshetse kwa ntle ga bothibelelo, le mongwe le mongwe yo o nang le keleketlo, le fa e le mang yo o leng itshekologo ka baswi.
3
Senna le sesadi se ntshediwe kwa ntle; loba beye kwa ntle ga bothibelelo, gore ba se ka ba ntle ga bothibelelo, gore ba se ka ba itshekolola bothibelelo jo ke ageleng mo gare ga jone.”
4
Bana ba Iserealeba dira jalo, ba ba ntshetsa kwa ntle ga bothibelelo, jaaka Jehofa a buile le Moše, bana ba Iseraele ba dira fela jalo.
5
Jehofa a bua le Moše, a re:
6
“Bua le bana ba Iseraele, o re: Fa monna, kgotsa mosadi, a dira boleo bongwe jo batho ba tleng ba bo dire, go dira tlolo nngwe fa pele ga Jehofa, mme motho yoo a nna molato;
7
foo a ba ipolele boleo jo ba bo dirileng, yo o leofileng a a lefe molato wa gagwe ka botlalo a ba a oketse ka kgaogano ya botlhano ya one, a go neye ene yo o molato nae.
8
Mme fa motho a se na ope wa losika nae yo tefo ya molato e ka mo direlwang, foo tefo ya molato e e direlwang Jehofa a e nne ya moperesiti; kwa ntle ga phelefu ya tetlanyo e o tlaa direlwang tetlanyo ka yone.
9
Tshupelo nngwe le nngwe ya tsholetso ya dilo tsotlhe tse di itshepileng tsa bana ba Iseraele, tse ba di isang kwa moperesiting, e nne tsa gagwe.
10
Le dilo tse di itshepisitsweng tsa motho mongwe le mongw a e nne tsa gagwe; le fa e le eng se ba se nayang moperesiti, e tlaa nna sa gagwe.”
11
Jehofa a bua le Moše, a re:
12
“Bua le bana ba Iseraele, o ba reye, o re: Fa mosadi wa monna mongwe a fapoga a dira tlolo ga pele ga gagwe,
13
fa monna mongwe a lala nae, mme go subega mo matlhong a monna wa gagwe, go lobafetse, mosadi a leswefetse, go se na ope mosupi yo o mo supang, le ene a sa tshwarelwa mo tirong eo;
14
fa mowa wa lefufa o tlela monna, a nna lefufa ka ga mosadi wa gagwe, mosadi a bo a leswefetse, kgotsa fa mowa wa lefufa o mo tlela, a nna lefufa ka ga mosadi wa gagwe, mme mosadi a bo a sa leswefala:
15
Foo a monna a ise mosadi wa gagwe kwa moperesiting, a ise seremololo sa mosadi nae, kgaogano ya bosome ya emere ya boupe jwa barele; a se ka a thela lookwane mo go yone le fa e le go baya lebano mo go yone, gonne ke tshupelelo ya boupe ya lefufa, tshupelelo ya boupe ya morafolo; ke se se gakololang motho boikepo.
16
“A moperesiti a atametse mosadi, a mmeye fa pele ga Jehofa;
17
mme a moperesiti a tseye metsi a a itshepileng ka sejana sa letsopa, le lorole lo lo fa fatshe mo motlaaganeng moperesiti a lo tseye a lo tsenye mo metsing.
18
A moperesiti a beye mosadi fa pele ga Jehofa, a moriri wa tlhogo ya mosadi o bofololwe, mme a a tsenye tshupelo ya boupe ya morafolo mo diatleng tsa gagwe, e e leng tshupelo ya boupe ya lefufa; mme moperesiti o tlaa bo a tshotse metsi a a botlhoko a a dirang phutso.
19
A moperesiti a ikanise mosadi, a reye mosadi, a re: ‘A e re fa go se na monna ope yo o robetseng nao, e re fa o sa fapogela kwa lesweng, o le mo seatleng sa monna wa gago, o gololege mo metsing a a botlhoko a, a a dirang phutso.
20
Mme e re fa o fapogile o le mo seatleng sa monna wa gago, fa o leswefetse, monna mongwe a robetse nao kwa ntle ga monna wa gago’:
21
Foo a moperesiti a ikanise mosadi ikano ya phutso, mme a moperesiti a reye mosadi, a re: ‘A Jehofa a go dire phutso le ikano mo gare ga batho ba gago, mogang Jehofa o tlhorisang serope sa gago, a budulosa mpa ya gago.
22
Metsi a, a a dirang phutso a tlaa tsena mo maleng a gago, a tlaa budulosa mpa ya gago, a tlaa tlhorisa serope sa gago.’ Mosadi o tlaa re: ‘A go nne jalo, a go nne jalo.’
23
“A moperesiti a kwale diphutso tse mo lokwalong, a di phimolele mo metsing a a botlhoko.
24
A a nose mosadi metsi a a botlhoko, a a dirang phutso; metsi a a dirang phutso a tlaa tsena mo go ene, mme a tlaa fetoga a nna botlhoko.
25
A moperesiti a tseye tshupelo ya boupe ya lefufa mo seatleng sa mosadi, a fokise tshupelo ya boupe fa pele ga Jehofa, a e ise kwa sebesong.
26
A moperesiti a tabole ga tshupelo ya boupe ka legofi, e le morafolo wa lone, a go fise mo sebesong, morago a nose mosadi metsi.
27
E tlaa re a sena go nosa mosadi metsi, foo go tlaa dirala, gore, e tlaa re fa a leswefetse, ga a diretse monna wa gagwe tlolo, metsi a a dirang phutso a tlaa tsena mo go ene, a tlaa fetoga a nna botlhoko, mme mpa ya gagwe e tlaa buduloga, le serope sa gagwe se tlaa tlhorega; mme mosadi o tlaa nna phutso mo bathong ba ga gabo.
28
Mme fa mosadi a sa leswefala, a le montle, foo o tlaa gololega, mme o tlaa nna a ithwala fela.
29
“O ke one molao wa lefufa, fa mosadi a le mo seatleng sa monna wa gagwe, mme a fapoga, a leswefala,
30
kgotsa fa mowa wa lefufa o wela mo monneng, a nna lefufa ka ga mosadi wa gagwe; foo a a beye mosadi wa gagwe fa pele ga Jehofa; mme a moperesiti a diragatse molao o otlhe mo go ene.
31
Monna o tlaa bo a gololegile mo boikepong, mme mosadi yoo o tlaa rwala boikepo jo o bo dirileng.”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36