bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 32
Numbers 32
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 33 →
1
Jaana bana ba ga Rubene, le bana ba ga Gate ba bo ba na le bontsi jo bogolo jwa matlhape; mme e rile ba bona lefatshe la Jasere, le lefatshe la Gileate, ba fitlhela felo foo e le felo fa go tshwanetseng matlhape.
2
Bana ba ga Gate le bana ba ga Rubene ba tla ba bua le Moše le Eleasare moperesiti, le dikgosana tsa phuthego, ba re:
3
“Atarothe, le Dibone, le Jasere, le Nimera, le Hešebone, le Eleale, le Sebame, le Nebo le Beone,
4
lefatshe le Jehofa o le kgemethileng fa pele ga phuthego ya Iseraele, ke lefatshe le le tshwanetseng matlhape, mme batlhanka ba gago ba na le matlhape.”
5
Ba re: “Fa re bonye tebosego mo matlhong a gago, a lefatshe le, le newe batlhanka ba gago go nna boswa; mme o se ka wa re tshedisa Joretane.”
6
Moše a raya bana ba ga Gate le bana ba ga Rubene, a re: “A bana ba ga rraeno ba tlaa ya ntweng, mme lona lo tlaa dula fela fano?
7
Ana lo ngodiisetsang pelo ya bana ba Iseraele, gore ba se tshelele kwa lefatsheng le Jehofa o le ba neileng?
8
Borraeno ba dirile jalo jale fa ke ba roma ba ya go bona lefatshe, ba tswa Kateše-barenea.
9
Gonne e rile ba tlhatlogela kwa molatšaneng wa Ešekole, mme ba bona lefatshe, ba ngodiisa pelo ya bana ba Iseraele gore ba se ka ba tsena mo lefatsheng le Jehofa o ne a le ba neile.
10
Mme bogale jwa ga Jehofa jwa tuka ka tsatsi leo, mme a ikana, a re:
11
‘Ruri ga go na ope wa banna ba ba duleng kwa Egepeto, go simolola ka ba ba dinyaga di 20 go ya kwa go bomogoloa bone, yo o tlaa bonang lefatshe le ke le ikanetseng Aberahame le Isake le Jakobe; ka ba se ka ba ntshala morago ka botlalo,
12
fa e se Kalebe morwa Jefune wa Mokenise, le Jošua morwa Nune, gonne ba setse Jehofa morago ka botlalo.’
13
Mme bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, mme a ba kgarakgatsha mo nageng ka dinyaga di le 40, ga tsamaya losika lotlhe lo lo dirileng bosula mo ponong ya ga Jehofa lo nyelediwa.
14
Jaanong le lona lo tsogile lo eme mo boemong jwa borra ba lona, lo le loato lwa batho ba ba boleo, go ba lo totisa bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa mo Iseraele.
15
Gonne fa lo fapoga mo go mo saleng morago o tlaa ba a ba tlogela mo nageng; mme lo tlaa senya batho ba botlhe fela.”
16
Ba atamela fa go ene, ba re: “Re tlaa agela matlhape a rona maraka, le bana ba rona metse fano;
17
mme rona ka rosi re tlaa bo re tlhometse re iketleeditse go etelela bana ba Iseraele pele, go tle go tsamaye re ba fitlhise mo felong ga bone; mme bana ba rona ba tlaa nna mo metseng e e thekeleditsweng ka dithako, ka ntlha ya banni ba lefatshe.
18
Ga re ketla re boela matlong a rona, go tsamaya bana ba Iseraele ba tsena, mongwe le mongwe wa bone mo bosweng jwa gagwe pele,
19
gonne ga re ketla re rua nabo kwa moseja ga Joretane le go ya kwa pele; ka boswa jwa rona bo re wetse moseja ono ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.”
20
Moše a ba raya a re: “Fa lo tlaa dira se; fa lo tlaa tlhomela go ya ntweng fa pele ga Jehofa,
21
fa monna mongwe le mongwe yo o tlhometseng a tlaa tshela Joretane fa pele ga Jehofa, go tsamaya a leleka baba ba gagwe fa pele ga gagwe,
22
le lefatshe le fenyega fa pele ga Jehofa, foo morago ga moo lo tlaa bowa, mme lo tlaa bo lo se na molato fa pele ga Jehofa, le fa pele ga Iseraele, mme lefatshe le, e tlaa nna boswa jwa lona fa pele ga Jehofa.
23
E tlaa re fa lo gana go dira jalo, bonang, lo tlaa bo lo leofetse Jehofa; lo bo lo itse ruri fa boleo jwa lona bo tlaa lo tshwara.
24
Agelang banyana ba lona metse, le dinku tsa lona maraka; lo dire sone se se duleng mo molomong wa lona.”
25
Bana ba ga Gate le bana ba ga Rubene ba bua le Moše, ba re: “Batlhanka ba gago ba tlaa dira jaaka morena wa rona a laotse.
26
Banyana ba rona, basadi ba rona, matsomane a rona le matlhape a rona otlhe a tlaa nna gone mo metseng ya Gileate.
27
Batlhanka ba gago ba tlaa kgabaganya, mongwe le mongwe yo o tlhomeletseng ntwa, a ya kwa tlhabanong fa pele ga Jehofa, jaaka morena wa rona a bua.”
28
Jalo Moše a laya Eleasare moperesiti ka ga bone, le Jošua morwa Nune, le ditlhogo tsa makgotla a borra ba ditso tsa bana ba Iseraela.
29
Moše a ba raya a re: “Fa bana ba ga Gate le bana ba ga Rubene ba kgabaganya Joretane le lona, e bong monna mongwe le mongwe yo o tlhomeletseng tlhabano fa pele ga Jehofa, mme lefatshe le fenyega fa pele ga lona, foo lo ba neye lefatshe la Gileate go nna boswa.
30
Mme e tlaa re fa ba gana go kgabaganya le lona ba tlhometse, a ba bone maswa mo go lona mo lefatsheng la Kanana.”
31
Bana ba ga Gate le bana ba ga Rubene ba mo fetola ba re: “Fela jaaka Morena a reile batlhanka ba gago, re tlaa dira fela jalo.
32
Re tlaa kgabaganya re tlhometse fa pele ga Jehofa, re ya mo lefatsheng la Kanana, thuo ya boswa jwa rona e tlaa sala le rona kwano moseja ono ga Joretane.”
33
Moše a naya bone, e bong bana ba ga Gate le bana ba ga Rubene le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase morwa Josefa, Moše a ba naya bogosi jwa ga Sihone kgosi ya Baamore, le bogosi jwa ga Oge kgosi ya Bašane, lefatshe go ya le metse ya lone e eme mo didikadikeng tsa yone, e bong metse ya lefatshe mo tikologong.
34
Bana ba ga Gate ba aga Dibone, le Atarothe le Aroere;
35
le Aterothe-šofane, le Jasere le Jogebeha;
36
le Bethenimera, le Betheharane; metse e e thekeleditsweng ka dithako le maraka a dinku.
37
Bana ba ga Rubene ba aga Hešebone, le Eleale le Kiriathaime;
38
le Nebo, le Baale-meone, (maina a yone a fetotswe) le Sibema: metse e ba e agileng ba e bitsa ka maina a sele.
39
Bana ba ga Makire, morwa Manase ba ya lefatsheng la Gileate, ba le thopa, ba le tlosetsa Baamore ba ba mo go lone.
40
Lefatshe la Gileate Moše a le naya Makire morwa Manase; mme a aga mo go lone.
41
Jaire morwa Manase a ya a thopa metsana ya lone, a e raya leina a re Hafotha-jaire.
42
Noba a ya a thopa Kenathe le metsana ya teng, mme a go raya leina a re, Noba, jaaka leina la gagwe.
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36