bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Numbers 8
Numbers 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 9 →
1
Jehofa a bua le Moše a re:
2
“Bua le Arone, o mo reye o re, e re fa o tshuba dipone, a dilampa tse supa di bonese fa pele ga setlhomo sa dipone.”
3
Arone a dira jalo, a tshuba dipone tsa sone gore di bonese fa pele ga setlhomo sa dipone, jaaka Jehofa a laotse Moše.
4
Ke one modiro wa setlhomo, e le gouta e e papetlilweng ka noto; go ya kwa thitong ya sone le kwa dithunyeng tsa sone, e le mo go papetlilweng ka noto, jaaka sekao se Jehofa o ne a se kaetse Moše, a dira setlhomo fela jalo.
5
Jehofa a bua le Moše, a re:
6
“Tsaya Balefi mo baneng ba Iseraele, o ba itshekise,
7
o ba dire jaana fa o ba itshekisa: O ba kgatshe ka metsi a teofololo, ba ipeole mmele otlhe, ba tlhatswe diaparo tsa bone, ba iitshekise.
8
Ba tseye kgongwana le tshupelo ya yone ya boupe, e bong setou se se tlhakanyeng le lookwane, le kgongwana e nngwe o e tseye e le tshupelelo ya boleo.
9
O supe Balefi fa pele ga mogope wa bophuthegelo, o phuthe phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele,
10
o beye Balefi fa pele ga Jehofa; mme a bana ba Iseraele ba beye diatla tsa bone mo ditlhogong tsa Balefi.
11
A Arone a ise Balefi fa pele ga Jehofa e le tshupelo ya mofoko, e e tswang mo baneng ba Iseraele, gore e nne batho ba go dira tirelo ya ga Jehofa.
12
Mme a Balefi ba beye diatla tsa bone mo ditlhogong tsa dikgongwana, o ise nngwe tshupelelo ya boleo, le e nngwe tshupelo e e fisediwang Jehofa, go direla Balefi tetlanyo.
13
O beye Balefi fa pele ga Arone, le fa pele ga bomorwawe, mme o ba ise e le tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa.
14
“O lomolole Balefi mo baneng ba Iseraele jalo; Balefi ba tlaa nna ba me.
15
Morago ga moo a Balefi ba tsene ba ye go dira tirelo ya mogope wa bophuthegelo; o ba ntlafatse, o ba ise tshupelo ya mofoko,
16
gonne ke ba neetswe ruri mo baneng ba Iseraele; ke ba itseetse mo boemong jwa botlhe ba go itibolwang ka bone, e bong bana ba ntlha ba bana ba Iseraele, botlhe fela.
17
Gonne bana ba ntlha botlhe mo, baneng ba Iseraele ke ba me, ba batho le dikgomo; ka ba iitshepisetswa ka tsatsi le ke bolaileng bana ba ntlha botlhe mo lefatsheng la Egepeto ka lone.
18
Ke tshotse Balefi mo boemong jwa bana ba ntlha botlhe mo baneng ba Iseraele.
19
Balefi ke ba neile Arone le bomorwawe mo baneng ba Iseraele go tla ba dira tirelo ya Baiseraele mo mogopeng wa bophuthegelo, le go direla bana ba Iseraele tetlanyo, gore go se nne sebetso mo baneng ba Iseraele, fa bana ba Iseraele ba atamela fa felong ga boitshepo.”
20
Moše le Arone le phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele, ba direla Balefi jalo ka fa dilong tsotlhe tse Jehofa o di laoletseng Moše ka ga Balefi; bana ba Iseraele ba ba direla jalo.
21
Balefi ba ne ba iitshekisa mo boleong, ba tlhatswa diaparo tsa bone. Arone a ba isa tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa; Arone a ba direla tetlanyo go ba ntlafatsa.
22
Morago ga moo Balefi ba tsena ba ya go dira tiro ya tirelo mo mogopeng wa bophuthegelo fa pele ga Arone, le fa pele ga bomorwawe, jaaka Jehofa a laoletse Moše ka ga Balefi; ba ba direla fela jalo.
23
Jehofa a bua le Moše a re:
24
“Se se laoletsweng Balefi ke se: Go simolola ka ba ba dinyaga di 25, go ya kwa go bomogoloa bone, a ba tsene ba ye go nnela tirelo mo tirong ya mogope wa bophuthegelo.
25
E tlaa re ba sena go nna dinyaga di le 50 a ba khutle go nnela tiro, ba se ka ba tlhola ba direla;
26
mme ba direle le bana ba ga rraabo mo mogopeng wa bophuthegelo, mo go tshegetseng tebelo fela, ba se ka ba direla mo go sepe. O tlaa direla Balefi jalo ka ga ditebelo tsa bone.”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36