bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 1
Genesis 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 2 →
1
E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe.
2
Lefatshe la bo le tobekanye fela, go sa itsege sepe; mme lefifi la bo le ntse fa godimo ga boteng. Mowa wa Modimo wa elama fa godimo ga metsi.
3
Modimo wa re: “A go nne lesedi.” Ga nna lesedi.
4
Modimo wa bona lesedi fa le le molemo; mme Modimo wa farologanya lesedi mo lefifing.
5
Modimo wa raya lesedi leina wa re: “Motshegare”; mme lefifi wa le raya leina wa re: “Bosigo”, mme ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi le le lengwe fela.
6
Modimo wa re: “A go nne phuthologo fa gare ga metsi, e farologanye metsi le metsi.”
7
Modimo wa dira phuthologo, wa farologanya metsi a a kwa tlase ga phuthologo le metsi a a kwa godimo ga phuthologo; ga nna jalo.
8
Modimo wa raya phuthologo leina, wa re “Legodimo”. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la bobedi.
9
Modimo wa re: “A metsi a a kwa tlase ga legodimo a phuthegele felo go le gongwe, komelelo ya lefatshe e bonale.” Ga nna jalo.
10
Modimo wa raya komelelo leina wa re “Lefatshe”; phuthegelo ya metsi wa e raya leina wa re: “Mawatle”. Modimo wa bona fa go le molemo.
11
Modimo wa re: “A lefatshe le tlhoge bojang, morogo o o tsalang peo, le setlhare sa loungo se se ungwang ka fa losikeng lwa sone, se peo ya sone e leng mo teng ga lone mo lefatsheng.” Ga nna jalo.
12
Lefatshe la tlhoga bojang, morogo o o tsalang peo ka fa losikeng lwa one, le setlhare se se ungwang loungo lo peo ya sone e leng mo teng ga lone, ka fa losikeng lwa sone. Modimo wa bona fa go le molemo.
13
Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la boraro.
14
Modimo wa re: “A go nne masedi mo phuthologong ya legodimo go farologanya motshegare le bosigo, a nne sesupo sa dipaka, le go nna malatsi le dingwaga.
15
A nne masedi mo phuthologong ya legodimo, go bonesa lefatshe.” Ga nna jalo.
16
Modimo wa dira masedi a magolo a mabedi: lesedi le legolo gore le laole motshegare, le lesedi le lebotlana gore le laole bosigo; wa dira le dinaledi.
17
Modimo wa a tlhoma mo phuthologong ya legodimo gore a bonese lefatshe.
18
Le gore a laole motshegare le bosigo, le go farologanya lesedi le lefifi; Modimo wa bona fa go le molemo.
19
Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la bone.
20
Modimo wa re: “A metsi a nyeudise thata dibopiwa tse di tsamayang, tse di nang le botshelo; a dinonyane di fofe fa godimo ga lefatshe, mo phuthologong e e atlhameng ya legodimo.”
21
Modimo wa tlhola maruarua a magolo a lewatle, le dibopiwa dingwe le dingwe tse di tshelang tse metsi a di nyeudisang thata, ka fa ditshikeng tsa tsone; le nonyane, nngwe le nngwe e e diphuka, ka fa losikeng lwa yone. Modimo wa bona fa go le molemo.
22
Modimo wa di segofatsa, wa re: “Atang, lo ntsifale, lo tlale ka metsi a a mo mawatleng; le dinonyane di ntsifale mo lefatsheng.”
23
Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la botlhano.
24
Modimo wa re: “A lefatshe le ntshe dibopiwa tse di tshedileng ka fa ditshikeng tsa tsone: diruiwa, le tse di gagabang, le diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone.” Ga nna jalo.
25
Modimo wa dira diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone, le diruiwa ka fa ditshikeng tsa tsone, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe, ka fa losikeng lwa sone. Modimo wa bona fa go le molemo.
26
Modimo wa re: “A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona; le gone a a laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le dikgomo, le lefatshe lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe.”
27
Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.
28
Modimo wa ba segofatsa; Modimo wa ba raya wa re: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.”
29
Modimo wa re: “Bonang, ke lo neile morogo mongwe le mongwe o o tsalang peo, o o mo lefatsheng lotlhe, le setlhare sengwe le sengwe se se nang le loungo lwa setlhare lo lo ntshang peo; e tlaa nna dijo tsa lona.
30
Le phologolo nngwe le nngwe le dibatana tsa lefatshe, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe se botshelo bo leng mo go sone, ke di neile morogo mongwe le mongwe o motala go nna dijo.” Ga nna jalo.
31
Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la borataro.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50