bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 20
Genesis 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 21 →
1
Aberahame a tswa gone a etela kwa lefatsheng le le kwa Borwa, a aga fa gare ga Kateše le Shure; a jaka mo Gerare.
2
Aberahame a bua ka ga Sara, mosadi wa gagwe, a re: “Ke kgaitsadiake:” Abimeleke kgosi ya Gerare a roma a ya go tsaya Sara.
3
Modimo wa tla mo go Abimeleke ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “Bona, o moswi fela ka ntlha ya mosadi yo o mo tsereng; ka gobo e le mosadi wa monna o sele.”
4
Jaana Abimeleke o ne a ise a mo atamele; a re: “Morena a o tlaa bolaya le morafe o o siameng?
5
A le ene ka esi ga a nthaya a re: ‘Ke kgaitsadiake’? Le ene mosadi ka esi o rile: ‘Ke kgaitsadie.’ Ke dirile seo se ka pelo e e siameng fela, le ka diatla tse di phepa fela.”
6
Modimo wa mo raya mo torong wa re: “Ee, ke a itse fa o dirile seo se ka pelo e e siameng fela, le gone le nna ka go kganela gore o se ka wa nteofela. Ke gone ka mo ke se kang ka go leseletsa go mo ama.
7
Ke gone jaana, rebolela monna mosadi wa gagwe; gonne ene ke moperofite, o tlaa go rapelela, mme o tlaa tshela. Fa o sa mo rebole, o bo o itse fa ruri o tlaa swa, wena le botlhe ba e leng ba gago.”
8
Abimeleke a phakela ka moso, a bitsa batlhanka botlhe ba gagwe, a bolela dilo tse mo ditsebeng tsa bone; banna ba boifa thata.
9
Foo Abimeleke a bitsa Aberahame, a mo raya a re: “Ana o re diretse eng? Ke go leofetse mo go eng fa e bo ne ne jaana o tliseditse nna, le bogosi jwa me namane e tona ya boleo? O ntiretse ditiro tse di sa tshwanelang go dirwa.”
10
Abimeleke a raya Aberahame a re: “O ne o ikaeletse eng fa o ne o dira jaana?”
11
Aberahame a re: “Ke ka gonne ke ne ke gopotse gore ruri ga go na ope yo o boifang Modimo mo felong fano. Ka re, ba tlaa mpolaya ka ntlha ya mosadi wa me.
12
Le mororo ruri ke kgaitsadiake, morwadia rre, mme e seng morwadia mme, mme a tla a nna mosadi wa me.
13
E rile Modimo o nkgarakgatsha ke tswa ntlong ya ga rre, ka raya mosadi ka re: ‘Pelonomi ke e, e o tlaa e ntshupetsang; felong gongwe le gongwe kwa re tlaa fitlhang gone, o bolele ka ga me o re: Ke kgaitsadiake.’ ”
14
Abimeleke a tsaya dinku le dikgomo, le batlhanka, le malata, a di naya Aberahame, a ba a mo rebolela Sara mosadi wa gagwe.
15
Abimeleke a re: “Bona, lefatshe la me ke leo le fa pele ga gago; aga fela kwa o go ratang.”
16
A raya Sara a re: “Bona, ke neile kgaitsadio dipapetla tsa selefera di le 1 000. Bona, ke sebipo sa matlho mo go botlhe ba o nang nabo; mme o siamisitswe fa pele ga batho botlhe.”
17
Aberahame a rapela Modimo; Modimo wa fodisa Abimeleke, le mosadi wa gagwe, le malata a gagwe; ba bona bana.
18
Gonne Jehofa o ne a tswaletse ruri dipopelo tsotlhe tsa ba ntlo ya ga Abimeleke, ka ntlha ya ga Sara, mosadi wa ga Aberahame.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50