bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 24
Genesis 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 25 →
1
Aberahame o ne a tsofetse, a tsofetse ruri, mme Jehofa o ne a segofaditse Aberahame mo dilong tsotlhe.
2
Aberahame a raya motlhanka wa gagwe, mogolwane wa ntlo ya gagwe yo o laolang tsotlhe tse o nang natso a re: “Ke a go rapela, baya seatla sa gago se segolo fa tlase ga serope sa me,
3
gore o ikane ka Jehofa Modimo wa legodimo, le Modimo wa lefatshe, fa o se ketla o tseisa morwaake mosadi wa bomorwadia Bakanana ba ke agileng mo go bone;
4
mme o tlaa ya kwa lefatsheng la gaetsho, le kwa go ba e leng ba gaetsho, o ya go tseisa morwaake Isake mosadi gone.”
5
Motlhanka a mo raya a re: “E tlaa re gongwe mosadi a se ke a rate go ntshala morago go tla kwano lefatsheng leno? A e tlaa bo e le gore ke be ke ise morwao kwa lefatsheng le o tswang kwa go lone?”
6
Aberahame a mo raya a re: “O itise gore o se ka wa ba wa isa morwaake gone.
7
Jehofa Modimo wa legodimo, yo o nntshitseng mo ntlong ya ga rre le mo lefatsheng la botsalelo jwa me, yo o bileng a bua le nna, a ba a inkanela a re: ‘Lefatshe le, ke tlaa le naya losika lwa gago,’ ene o tlaa roma moengele wa gagwe fa pele ga gago, o tlaa tseisa morwaake mosadi wa gone.
8
E tlaa re fa mosadi a sa rate go go sala morago, foo o tlaa bo o gololesegile mo maikanong a; fa e se gore, o se ka wa ba wa isa morwaake gone, ke gone gosi fela.”
9
Motlhanka a baya seatla sa gagwe fa tlase ga serope sa ga Aberahame, mong wa gagwe, a mo ikanela mabapi le kopo e.
10
Motlhanka a tsaya dikamela di le some mo dikameleng tsa mong wa gagwe, a tsamaya. A bo a tshotse dilo dingwe tse dintle tsa tsotlhe tsa mong wa gagwe mo seatleng; a nanoga a ya kwa Mesopotamia, kwa motseng wa ga Nahore.
11
A khubamisa dikamela ka mangole ka fa ntle ga motse, fa sedibeng sa metsi go le lobaka lwa maitseboa, e le lwa basadi go ya go ga metsi.
12
A re: “Jehofa, Modimo wa ga mongwake Aberahame, ke a go rapela, o ntlisetse letlhogonolo gompieno, o bo o supetse mongwake Aberahame pelonomi.
13
Bona, ke eme fa motsweding wa metsi, bomorwadia banna ba motse ba tla go ga metsi.
14
A go dirafale gore morweetsana yo ke tlaa mo rayang ke re: ‘Ke a go rapela, a ko o sekege nkgwana ya gago gore ke nwe,’ mme fa a tlaa re: ‘Nwa, le dikamela tsa gago ke tlaa di nosa,’ ene yoo, e nne ene yo o mo laoletseng motlhanka wa gago Isake; ke tlaa bo ke itse ka mo fa o supeditse mongwake pelonomi.”
15
Ga dirala ya re a ise a swetse go bua, bona, Rebeka a tswa, ene yo o tsetsweng ke Bethuele morwa Mileka, mosadi wa ga Nahore, monnaa Aberahame, a tswa a beile nkgwana ya gagwe mo legetleng.
16
Morweetsana a bo a le montle thata go lejwa, e le kgarebana, le gone a ise a itsiwe ke monna ope. A fologela mo motsweding, a gelela nkgwana ya gagwe, a ba a tlhatloga.
17
Motlhanka a siana a ya go mo kgatlhantsha a re: “Ke a go rapela, a ko o nnose metsinyana mo nkgwaneng ya gago.”
18
Ene a re: “Nwa, morena wa me.” A akofa a rolela nkgwana ya gagwe mo seatleng, a mo nosa.
19
E rile a sena go swetsa go mo nosa a re: “Le dikamela tsa gago ke tlaa di gelelela di tsamaye di sweditse go nwa.”
20
A akofa a tshela a nkgwana mo mokorong, a sianela gape kwa sedibeng go ga, a gelelela dikamela tsotlhe tsa gagwe.
21
Monna yo a mo tlhoma matlho thata; a itidimalela fela, gore a itse boo Jehofa a tlhogonolofaditse loeto lwa gagwe kgotsa nnyaa.
22
Ga dirala ya re dikamela di sena go nwa, monna a tsaya lenyena la gouta le le bokete jwa dikerame di le 5,5, le maseka a le mabedi a mabogo a le bokete jwa dikerame di le 110 tsa gouta.
23
A re: “O morwadia mang? Ke a go rapela, mpolelela; a go na le bonno mo ntlong ya ga rraago gore re lale gone?”
24
A mo raya a re: “Ke morwadia Bethuele, morwa Mileka, yo o mmonyeng le Nahore.”
25
A fela a mo raya a re: “Re na le lotlhaka le dijo tse di lekanyeng, le bonno jwa go lala.”
26
Monna a inamisa tlhogo a obamela Jehofa.
27
A re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa ga Aberahame mongwake, yo o sa latlhang kutlwelo botlhoko ya gagwe le boammaaruri jwa gagwe ka ga mongwake. Ka ga me, Jehofa o nkgogetse mo tseleng e e tlang mo ntlong ya bana ba ga rraagwe mongwake.”
28
Morweetsana a siana a ya a bolelela ba ntlo ya ga mmaagwe ka fa mafokong a.
29
Rebeka a bo a na le kgaitsadie, leina la gagwe go twe Labane. Mme Labane a sianela kwa monneng yole kwa motsweding.
30
Labane o ne a bonye lenyena, le maseka a mabogo a ga kgaitsadie, a bile a utlwile mafoko a ga Rebeka kgaitsadie a re, monna yo o ntheile jaana le jaana. A tla mo monneng, mme bona, a bo a eme le dikamela fa motsweding.
31
A re: “Tsena, wena mosegofadiwa wa ga Jehofa! O emetseng fa ntle? Gonne ke baakantse ntlo le bonno jwa dikamela.”
32
Monna yo a tsena mo ntlong. Labane a belesolola dikamela, a mo naya lotlhaka le dijo tsa dikamela, le metsi a go tlhapa dinao tsa gagwe, le dinao tsa banna ba o nang nabo.
33
Ga bewa dijo fa pele ga gagwe gore a je, mme a re: “Ga nketla ke e ja ke ise ke bolele se ke se tletseng.” Labane a mo raya a re. “Bolela.”
34
A re: “Ke motlhanka wa ga Aberahame.
35
Jehofa o segofaditse mongwake thata, a ba a tla a nna mogolo; o mo neile matsomane, matlhape, selefera, gouta, batlhanka, malata, dikamela le diesela.
36
Sara, mosadi wa ga mongwake o rile a tsofetse a bona ngwana wa mosimane le mongwake. Ene o mo neile dilo tsotlhe tse o nang natso.
37
Mongwake a inkanisa a re: ‘O se ka wa tseisa morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba lefatshe le ke agileng mo go lone.
38
O ye kwa ntlong ya ga rre, le kwa go bagaetsho, o ye go tseisa morwaake mosadi gone.’
39
Ka raya mongwake ka re: ‘E tlaa re gongwe mosadi a se ke a rate go ntshala morago.’
40
A nthaya a re: ‘Jehofa yo ke sepelang fa pele ga gagwe, o tlaa roma moengele wa gagwe go ya nao, a tlhogonolofatsa mosepele wa gago. O tlaa tseisa morwaake mosadi mo go bagaetsho, le mo go ba ntlo ya ga rre.
41
Foo o tlaa bo o gololesegile mo maikanong a me fa o fitlha mo go bagaetsho; e tlaa re fa ba se ka ba mo go neela, o tlaa bo o gololesegile mo maikanong a me.’
42
“Ke fitlhile gompieno kwa motsweding ka re: ‘Jehofa, Modimo wa ga mongwake Aberahame, a e re fa jaana o tlhogonolofatsa mosepele wa me o ke o tsamayang,
43
bona, ke eme fa motsweding wa metsi; a go dirale gore, morweetsana yo o tlaa tlang go ga, yo ke tlaa mo rayang ke re: “Ke a go rapela, o nnose metsinyana mo nkgwaneng ya gago;”
44
fa ene a tla a nthaya a re: “Go le wena nwa, le gone ke tlaa gelelela dikamela tsa gago,” a e nne mosadi yo Jehofa o mo laoletseng morwa mongwake.’
45
“E rile ke ise ke swetse go bua mo pelong ya me, bona, Rebeka a tswa a beile nkgwana mo legetleng la gagwe, a fologela mo motsweding, a ga. Ka mo raya ka re: ‘Ke a go rapela, mma ke nwe.’
46
A akofa a rola nkgwana mo legetleng la gagwe a re: ‘Nwa, ke tlaa ba ke nosa dikamela tsa gago le tsone.’ Jalo ka nwa, a ba a nosa dikamela le tsone.
47
Ka mmotsa ka re: ‘O morwadia mang?’ Mme a re: ‘Ke morwadia Bethuele, morwa Nahore, yo Mileka o mmonyeng nae.’ Ka mo rwesa lenyena mo nkong ya gagwe le maseka mo mabogong a gagwe.
48
Ka inamisa tlhogo ka obamela Jehofa. Ka baka Jehofa, Modimo wa ga mongwake Aberahame, yo o nkgogetseng mo tseleng e e siameng go tla ke tseisa morwa mongwake morwadia monnaa mongwake.
49
Jaana, fa lo rata go direla mongwake ka pelonomi le boammaaruri, lo mpolelele; mme fa go sa nna jalo lo mpolelele; gore ke tle ke fapogele ka fa letsogong le le golo, kgotsa la molema.”
50
Foo Labane le Bethuele ba mo fetola ba re: “Selo se se tswa mo go Jehofa; ga re kake ra bua nao se se bosula, kgotsa se se molemo.
51
Bona, Rebeka ke yo, o fa pele ga gago, mo tseye o tsamaye, a a nne mosadi wa morwa mong wa gago, jaaka Jehofa a buile.”
52
Ga dirala, ya re motlhanka wa ga Aberahame a utlwa mafoko a bone, a inamela fa fatshe fa pele ga Jehofa.
53
Motlhanka a ntsha mekgabo ya selefera le mekgabo ya gouta, le diaparo, a di naya Rebeka. A ba a naya kgaitsadie le mmaagwe dilo tse di tlhokegang.
54
Ba a ja, ba a nwa, ene le banna ba o nang nabo, ba lala gone ba tsoga ka moso. Ke fa ene a re: “Nnayang tsela gore ke ye kwa go mongwake.”
55
Kgaitsadie le mmaagwe ba re: “A morweetsana a tlhole malatsi mangwe le rona le fa a ka ne a le some, morago ga moo o tlaa tsamaya.”
56
Ene a ba raya a re: “Lo se ka lwa nkgoreletsa, etswa Jehofa a tlhogonolofaditse mosepele wa me. Nnayang tsela gore ke ye kwa go mongwake.”
57
Ba re: “A re bitseng morweetsana re utlwe gore ene a reng.”
58
Ba bitsa Rebeka ba mo raya ba re: “A o tlaa tsamaya le monna yo?” A re: “Ke tlaa tsamaya.”
59
Ba naya Rebeka kgaitsadia bone tsela le mmelegi wa gagwe, le motlhanka wa ga Aberahame, le banna ba gagwe.
60
Ba segofatsa Rebeka, ba mo raya ba re: “Kgaitsadia rona, o nne mma batho ba le makgolo a makgolo a mantsi! A losika lwa gago lo rue kgoro ya ba ba lo ilang.”
61
Rebeka a nanoga le barweetsana ba gagwe, ba pagama dikamela ba sala monna yo morago. Motlhanka yo a tsaya Rebeka a tsamaya.
62
Isake a bo a tla le tsela ya Beere-lahai-roi; gonne o ne a agile mo lefatsheng la Borwa.
63
Isake a tswela kwa nageng go le maitseboa, a ya go tlhatlhanya, a tsholetsa matlho a gagwe, a leba mme bona, ga bo go tla dikamela.
64
Rebeka le ene a tsholetsa matlho a gagwe a re a bona Isake, a pagologa kamela.
65
A raya motlhanka a re: “Monna yo o tsamayang mo nageng a tla go re kgatlhantsha ke mang?” Motlhanka a re: “Ke mongwake.” A tsaya lesire a ipipa ka lone.
66
Motlhanka a bolelela Isake dilo tsotlhe tse o di dirileng.
67
Isake a mo isa mo mogopeng wa ga Sara, mmaagwe, mme a tsaya Rebeka a nna mosadi wa gagwe, a mo rata. Mme Isake a gomotsega morago ga loso lwa ga mmaagwe.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50