bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 40
Genesis 40
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 39
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 41 →
1
Ga dirala ya re morago ga dilo tse, motshola phafana wa kgosi ya Egepeto le moapei wa yone, ba kgopisa morena wa bone, kgosi ya Egepeto.
2
Mme Faro a nna bogale le bagolwane ba gagwe ba babedi, e bong mogolo wa batshola diphafana le mogolo wa baapei.
3
A ba tsenya mo tisong mo ntlong ya kgosana ya maotlana, mo ntlong ya kgolegelo, felo kwa Josefe o golegilweng gone.
4
Kgosana ya maotlana a ba tsenya mo thateng ya ga Josefe, mme a ba direla; ba sala ba ntse mo tisong ka lobaka.
5
Mme ba lora toro boo babedi mo bosigong bo le bongwe fela, mongwe le mongwe ka fa phuthololong ya toro ya gagwe, motshola phafana le moapeedi wa kgosi ya Egepeto, ba ba golegilweng mo ntlong ya kgolegelo.
6
Josefe a tla a tsena kwa go bone ka moso, a ba leba, mme bonang, ba bo ba tlhontse.
7
Mme a botsa bagolwane ba ga Faro ba a nang nabo mo tisong, mo ntlong ya mong wa gagwe a re: “Ana lo tlhonyeditseng difatlhogo mo go kanakana gompieno?”
8
Ba mo raya ba re: “Re lorile toro, mme ga go na ope yo o ka e phuthololang.” Josefe a ba raya a re: “Diphuthololo a ga se tsa Modimo? Ke a lo rapela, e mpoleleleng.”
9
Motshola phafana yo mogolo a bolelela Josefe toro ya gagwe, a mo raya a re: “Mo torong ya me, bona, go ne go le mofine fa pele ga me;
10
mo mofineng ga bo go le dikala di le tharo; mme wa nna jaka e kete o a kukunya, le dithunya tsa one tsa, thunya; le masitlha a tswa mafine a a buduleng.
11
Phafana ya ga Faro ya bo e le mo seatleng sa me; ka tsaya mafine ka a gamolela mo phafaneng ya ga Faro, ka neela Faro phafana mo seatleng.”
12
Josefe a mo raya a re: “Phuthololo ya yone ke e: Dikala tse tharo ke malatsi a le mararo.
13
E tlaa re malatsi a ise a nne mararo Faro a tsholetse tlhogo ya gago, a go busetse kwa tirong ya gago; mme o tlaa neela Faro phafana mo seatleng, ka fa mokgweng wa gale, jaaka fa o sa ntse o le motshola phafana wa gagwe.
14
E tle e re o tshela sentle o nkgopole, ke a go rapela, o ntshupetse pelonomi o nkumake kwa go Faro, o ntseye ke tswe mo ntlong e.
15
Gonne ruri ke utswilwe ka ngwegisiwa mo lefatsheng la Bahebere; le gone mono ga ke a dira sepe se e ka bong e le fano ba ntsentse mo moleteng o ka ga sone.”
16
E rile moapei yo mogolo a bona fa phuthololo e le molemo, a raya Josefe a re: “Le nna ke ne ke le mo tirong, mme bona, diroto di le tharo tsa senkgwe se sesweu di ne di le mo tlhogong ya me.
17
Mo serotong se se kwa godimodimo ga bo go le dijo dingwe le dingwe tse di besitsweng tsa ga Faro; mme dinonyane tsa di ja di le mo serotong mo tlhogong ya me.”
18
Mme Josefe a mo fetola, a mo raya a re: “Phuthololo ya yone ke e: Diroto tse tharo ke malatsi a le mararo.
19
E tlaa re malatsi a ise a nne mararo Faro a tsholetse tlhogo ya gago a e tlose mo go wena, a go pege mo setlhareng; mme dinonyane di tlaa ja nama ya gago.”
20
Ga dirala ya re ka letsatsi la boraro, e le letsatsi la botsalo jwa ga Faro, a direla batlhanka botlhe ba gagwe modiro, a tsholetsa tlhogo ya motshola phafana yo mogolo le tlhogo ya moapei yo mogolo mo gare ga batlhanka ba gagwe.
21
A busetsa motshola phafana yo mogolo mo go tsholeng phafana ga gagwe gape; mme a neela Faro phafana mo seatleng.
22
Moapei yo mogolo a mo pega; jaaka Josefe a ne a ba phuthololetse.
23
Le fa go ntse jalo motshola phafana yo mogolo ga a ka a gakologelwa Josefe; a mo lebala fela.
← Chapter 39
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 41 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50