bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 13
Genesis 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 14 →
1
Aberame a tlhatloga mo Egepeto, ene le mosadi wa gagwe, le tsotlhe tse a nang natso, a na le Lote, a ya ntlheng ya Borwa.
2
Aberame a bo a humile dikgomo thata, le selefera, le gouta.
3
A nna a tsamaya ka go fuduga fa, a ya go aga fale, a tswa Borwa a ba a fitlha le kwa Bethele, kwa felong fa tente ya gagwe e kileng ya nna gone mo tshimologong fa gare ga Bethele le Ai;
4
kwa felong ga sebeso se o kileng a se dira gone pele. Aberame a bitsa leina la ga Jehofa gone.
5
Lote yo o neng a tsamaya le Aberame, a bo a na le matsomane, le matlhape, le ditente.
6
Lefatshe la bo le sa ba lekana go ka nna mmogo, gonne dithoto tsa bone di ne di le dikgolo, ba retelelwa ke go aga mmogo.
7
Ga nna kgang fa gare ga badisa ba dikgomo tsa ga Aberame le badisa ba dikgomo tsa ga Lote. Le gone Bakanana le Baperise ba ne ba agile mo lefatsheng leo ka lobaka loo.
8
Aberame a raya Lote a re: “Ke a go rapela, a go se nne kgang fa gare ga me le wena, le fa gare ga badisa ba me le ba gago, gonne re bana ba monna a le mongwe fela.
9
A lefatshe lotlhe ga le fa pele ga gago? Ke a go rapela, o kgaogane le nna. E tlaa re fa o ya ka fa letsogong la molema, nna ke ye ka fa go le legolo; gongwe fa o ya ka fa letsogong le legolo, nna ke ye ka fa go la molema.”
10
Lote a tsholetsa matlho a gagwe, a bona lobala lotlhe lwa Joretane fa lo na le metsi sentle ntlheng tsotlhe. E ne e le pele ga Jehofa a senya Sotoma le Gomora, lo ne lo ntse jaaka tshimo ya Jehofa, le jaaka lefatshe la Egepeto, fa go iwa kwa Soare.
11
Jalo Lote a itlhophela lobala lotlhe lwa Joretane. Lote a hudugela ntlheng ya botlhabatsatsi; ba kgaogana jalo.
12
Aberame a aga mo lefatsheng la Kanana, Lote ene a aga mo metseng ya lobala, a nna a hudusa mogope wa gagwe go ya go fitlha kwa Sotoma.
13
Jaana banna ba Sotoma e ne e le baikepi le baleofi mo gogolo thata fa pele ga Jehofa.
14
Jehofa a raya Aberame, morago Lote a sena go kgaogana nae, a re: “Tsholetsa matlho a gago, fa o leng gone, o lebe ntlheng ya Botsheka, le kwa Borwa, le kwa Botlhabatsatsi, le kwa Bophirimatsatsi;
15
gonne lefatshe lotlhe le o le bonang, ke tlaa le naya wena, le losika lwa gago ka bosakhutleng.
16
Ke tlaa dira losika lwa gago lo nna jaaka lorole lwa lefatshe, ke gore, fa motho a ka bala lorole lwa lefatshe, foo losika lwa gago le lone lo tlaa balwa.
17
Nanoga, o ralale lefatshe ka boleele jwa lone, le ka boatlhamo jwa lone, gonne ke tlaa le go naya.”
18
Aberame a hudusa mogope wa gagwe, a tla a aga fa maokeng a ga Mamere a a mo Heberone, a agela Jehofa sebeso gone.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50