bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 15
Genesis 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 16 →
1
Morago ga dilo tse, lefoko la Jehofa la tla kwa go Aberame ka ponatshegelo la re: “O se ka wa boifa, Aberame. Ke nna thebe ya gago, le tuelo ya gago e kgolo e e feteletseng.”
2
Aberame a re: “Morena Modimo, ana o tlaa nnaya eng ka e le fano ke ntse fela ke se na ngwana, mme ene yo o tlaa nnang morui wa ntlo ya me e le Eliesere wa Modamaseko?”
3
Aberame a re: “Bona, ga o a nnaya losika lope, mme bona, motho fela yo o tsaletsweng mo ntlong ya me o tlaa nna moja boswa jwa me.”
4
Mme, bonang, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go ene la re: “Motho yo, ga a ketla a nna moja boswa jwa gago; ene yo o tlaa tswang mo mmeleng wa gago o tlaa nna moja boswa jwa gago.”
5
A mo gogela kwa ntle a re: “A ko o lebe jaana kwa legodimong, o bale dinaledi, fa o ka di bala.” A mo raya a re: “Losika lwa gago lo tlaa nna kalo.”
6
A dumela Jehofa; a mo itumelela a kaya fa tumelo ya gagwe e le tshiamo.
7
A mo raya a re: “Ke nna Jehofa yo ke go ntshitseng mo Ure wa Bakalatea, go go naya lefatshe le, go le rua.”
8
A re: “Jehofa Modimo, ana ke tlaa itse ka eng fa ke tlaa le rua?”
9
A mo raya a re: “Ntlisetsa kgomo ya moroba e e dinyaga tharo, le podi e namagadi e e dinyaga tharo, le phelefu e e dinyaga tharo, le lephoi, le leebana.”
10
A tsaya tsotlhe tse, a di fatoganya ka bogare, a baya mofama, mongwe o lebaganye le o mongwe; dinonyane a se ka a di fatoganya.
11
Manong a fologela mo ditotong, Aberame a a leleka.
12
E rile letsatsi le phirima Aberame a welwa ke boroko jo botona; a tlelwa ke letshogo le poifo e kgolo.
13
Mme a raya Aberame a re: “Itse ruri fa losika lwa gago lo tlaa nna baeng mo lefatsheng le e seng la bone, ba tlaa ba direla; ba tlaa ba bogisa ka dinyaga di le 400.
14
Le one morafe oo, o ba tlaa o direlang, ke tlaa o sekisa; morago ba tlaa tswa ka dithoto tse dikgolo.
15
Mme wena, o tlaa ya kwa go borraago ka kagiso; o tlaa fitlhwa o tsofetse sentle thata.
16
E tlaa re mo losikeng lwa bone, ba tlaa boela kwano gape; gonne boikepo jwa Moamore ga bo ise bo tlale.”
17
Ga dirala ya re letsatsi le phirimile go le lefifi, bonang, leiso la leubelo le le kubang mosi, le lobone lo lo tukang, tsa ralala fa gare ga mefama eo.
18
Ka letsatsi leo Jehofa a dira kgolagano le Aberame a re: “Lefatshe le, ke le neile losika lwa gago, go tswa nokeng ya Egepeto go fitlha kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese:
19
Mokene, le Mokenise, le Mokatemone,
20
le Mohite, le Moperise, le Morefaime,
21
le Moamore, le Mokanana, le Mogiregaše, le Mojebuse.”
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50