bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 2
Genesis 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 3 →
1
Legodimo le lefatshe tsa wediwa, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone.
2
E rile ka letsatsi la bosupa, Modimo wa wetsa tiro ya one e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya one e o e dirileng.
3
Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa, gonne mo go lone o ne wa ikhutsa mo tirong yotlhe ya one, e Modimo o e tlhodileng wa e dira.
4
Tse, ke tsone ditshimologo tsa legodimo le tsa lefatshe, jale ka di tlholwa, ka motlha o Jehofa Modimo o dirileng lefatshe le legodimo ka one.
5
Go ne go ise go nne le setlhatshana sepe sa naga mo lefatsheng, le gone go ne go ise go tlhoge morogo ope wa naga, gonne Jehofa Modimo o ne a ise a nese pula mo lefatsheng, e bile go ne go se na motho ope yo o ka lemang lefatshe.
6
Ga tlhatloga mouwane mo lefatsheng wa nosa mmu otlhe.
7
Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.
8
Jehofa Modimo a baya tshimo ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, mo Etene, a baya gone motho yo o mmopileng.
9
Jehofa Modimo a medisa mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se kgatlhang mo matlhong, le se se molemo go jewa; setlhare sa botshelo le sone fa gare ga tshimo, le setlhare sa kitso ya molemo le bosula.
10
Noka ya tswa mo Etene e ya go nosa tshimo; ya re e tswa gone ya kgaogana, ya nna maphata a le mane.
11
Leina la ya ntlha ke Pišone: Ke yone e e potologang lefatshe lotlhe la Hafila, kwa gouta e gone.
12
Gouta ya lefatshe leo e molemo; go bile go na le beteleuma, le majana a berule.
13
Leina la noka ya bobedi ke Gihone; ke yone e potologang lefatshe lotlhe la Kuše.
14
Leina la noka ya boraro ke Hitekele: eo ke yone e e potang lefatshe la Asiria ka fa botlhabatsatsi, noka ya bone ke Euferatese.
15
Jehofa Modimo a tsaya monna, a mmaya mo tshimong ya Etene, go e baakanya le go e lebelela.
16
Jehofa Modimo a laola monna a re: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata;
17
mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.”
18
Jehofa Modimo a re: “Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi; ke tlaa mo direla thuso e e mo lebanyeng.”
19
Ke gone ka moo phologolo nngwe le nngwe ya naga le nonyane nngwe le nngwe ya loapi Jehofa Modimo a di bopa ka mmu, a di isa kwa monneng, go bona ka fa o tlaa di rayang maina ka gone. Leina le monna o le reileng sebopiwa sengwe le sengwe se se tshedileng, ya nna lone leina la sone.
20
Monna a raya dikgomo tsotlhe maina, le dinonyane tsa loapi, le phologolo nngwe le nngwe ya naga; mme Atame ene ga se ka ga bonwa thuso e e mo lebanyeng.
21
Jehofa Modimo a thulametsa monna ka boroko jo bogolo, mme a thulamela. Mme a ntsha logopo longwe lwa gagwe, a kopanya nama mo boemong jwa lone.
22
Logopo lo Jehofa Modimo o lo ntshitseng mo monneng, a lo dira mosadi, mme a mo isa kwa monneng.
23
Monna a re: “Jaana yo, ke lesapo la marapo a me, le nama ya nama ya me; o tlaa bidiwa Mosadi, ka a ntshitswe mo Monneng.”
24
Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.
25
Monna le mosadi wa gagwe ba bo ba sa ikatega, ka bobedi jwa bone; ba bo ba se na ditlhong.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50