bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 30
Genesis 30
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 31 →
1
E rile Ragele a bona fa a sa bone bana le Jakobe, Ragele a hufegela mogolowe; a raya Jakobe a re: “Nnaya bana; fa go sa nne jalo nkaa swa.”
2
Bogale jwa ga Jakobe jwa tukela Ragele a re: “A ke mo boemong jwa Modimo o o go timileng loungo lwa sebopelo?”
3
A re: “Bona Bileha, lelata la me ke yo, tsena kwa go ene, mme o tlaa khubama a le mo mangoleng a me, gore ke tle ke bone bana ka ene.”
4
A mo naya Bileha lelata la gagwe go nna mosadi; Jakobe a tsena kwa go ene.
5
Bileha a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane le Jakobe.
6
Ragele a re: “Modimo o nkatlholetse o bile o utlwile lentswe la me, o nneile ngwana wa mosimane;” ke gone ka moo a mo raya leina a re, Dane.
7
Bileha lelata la ga Ragele a nna moimana gape, a bona ngwana wa mosimane wa bobedi le Jakobe.
8
Ragele a re: “Ke sokasokanye le mogolole ka tshokatshokano tse dikgolo, mme ke fentse:” A raya ngwana leina a re, Nafetali.
9
E rile Lea a bona fa a khutlile go bona bana, a tsaya Silepa lelata la gagwe a mo naya Jakobe go nna mosadi wa gagwe.
10
Silepa lelata la ga Lea a bona ngwana wa mosimane le Jakobe.
11
Lea a re: “A lesego!” A mo raya leina a re, Gate.
12
Silepa lelata la ga Lea a bona ngwana wa mosimane wa bobedi le Jakobe.
13
Lea a re: “A bo ke le sego! gonne bana ba basetsana ba tlaa nthaya ba re, Ke sego!” A raya ngwana leina a re, Ašere.
14
E rile ka lobaka lwa thobo ya mabele Rubene a ya a bona ditholwana tsa meithatiso mo nageng, mme a di isa kwa go Lea mmaagwe. Foo Ragele a raya Lea a re: “Ke a go rapela, mpha ditholwana tsa ga morwao tsa meithatiso.”
15
A mo raya a re: “A ke selo se sennyennye fa o ntseetse monna wa me? Jaanong o rata go tsaya le tsone ditholwana tsa ga morwaake?” Ragele a re: “Jakobe o tlaa lala nao bosigo jono, fa o nnaya ditholwana tsa meithatiso tsa ga morwao.”
16
Jakobe a tswa kwa nageng go le maitseboa. Lea a tswa a ya go mo kgatlhantsha a re: “O na le go tsena kwa go nna, gonne ruri ke go thapile ka tuelo ya ditholwana tsa ga morwaake tsa meithatiso.” Mme a lala nae bosigo joo.
17
Modimo wa reetsa Lea, a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane wa botlhano le Jakobe.
18
Lea a re: “Modimo o nneile tuelo ya me; ka gobo ke neile monna wa me lelata la me;” a raya ngwana leina a re, Isakare.
19
Lea a nna moimana gape a bona ngwana wa mosimane wa borataro le Jakobe.
20
Lea a re: “Modimo o nketleeditse ka ketleetso e e molemo; jaanong monna wa me o tlaa aga le nna ka gobo ke bonye bana ba basimane ba le barataro nae;” a raya ngwana leina a re, Sebulone.
21
Morago a bona ngwana wa mosetsana, a mo raya leina a re, Dina.
22
Modimo wa gakologelwa Ragele, Modimo wa mo reetsa wa bula sebopelo sa gagwe.
23
A nna moimana, a bona ngwana wa mosimane, a re: “Modimo o ntlositse kgobo.”
24
A mo raya leina a re, Josefe, a re: “A Jehofa a nkokeletse ka mosimane yo mongwe.”
25
Ga dirala e rile Ragele a sena go bona Josefe, Jakobe a raya Labane a re: “Nnaya tsela gore ke ye kwa gaetsho le kwa lefatsheng la gaetsho.
26
Nthebolela basadi ba me le bana ba me ba ke ba go diretseng, ka ntlha ya bone, o mme ke tsamaye, gonne o itse tirelo ya me e ke go diretseng ka yone.”
27
Labane a mo raya a re: “E re ka jaana ke bonye tsalano mo matlhong a gago, nama o sa ntse; gonne ke lemogile fa Jehofa a ntshegofaditse ka ntlha ya gago.”
28
A re: “Ntlhaloganyetsa maduo a gago mme ke tlaa a go naya.”
29
A mo raya a re: “O a itse ka fa ke go diretseng ka gone, le ka fa dikgomo tsa gago di ntseng tsa nna tsa tshela ka gone ke na natso.
30
Gonne se e rileng ke tla wa bo o na naso se ne se le sebotlana, mme se kokotlegetse se ntse sentsintsi. Jehofa o go segofaditse gongwe le gongwe kwa ke ntseng ka menoga gone; jaana ntlo ya me le yone ke tlaa e batlela leng?”
31
A re: “Ke tlaa go naya eng?” Jakobe a re: “Se nneye sepe. E tlaa re fa o ntirela selo se jaana: ke tlaa ba ke hudisa letsomane la gago ke le disa.
32
Ke tlaa ralala letsomane lotlhe la gago gompieno ke tlosa tse di mmala o maragaraga le o o dibata, le tse dipirwana mo dinkung, le tse di mmala o dibata le o maragaraga mo dipoding; tse di ntseng jalo e tlaa nna tuelo ya me.
33
Jalo tshiamo ya me e tlaa mphetolela mo motlheng o o tlang, fa o tla go bua ka ga tuelo ya me e le fa pele ga gago. Nngwe le nngwe e e seng mmala o dibata le fa e le o maragaraga mo dipoding, le e e seng pirwana mo dinkung, fa e bonwa mo go nna e tlaa kaiwa e utswilwe.”
34
Labane a re: “Bona ke rata gore go nne ka fa lefokong la gago.”
35
Ka tsatsi leo Labane a tlhaola diphoko tse dingolo, le tse di dibata le dipodi tse dinamagadi tsotlhe tse di mmala o maragaraga, le o o dibata, nngwe le nngwe e e nang le bosweu mo go tsone, le tse dipirwa tsotlhe mo dinkung, a di tsenya mo diatleng tsa bomorwawe.
36
A baya sebaka sa loeto lwa malatsi a le mararo fa gare ga gagwe le Jakobe. Mme Jakobe a hudisa matsomane a a setseng a ga Labane.
37
Jakobe a tsaya dithupa tse dinana tsa mopopelara le tsa thamane le tsa morolwane; a di khumolotsa methaladi, a bonatsa bosweu jo bo mo dithupeng.
38
A tlhoma dithupa tse a di khumoloditseng go lebagana le matsomane mo meelong ya metsi, mo mekorong e matsomane a nwelang mo go yone; mme ya re a tsile go nwa a emere.
39
Matsomane a emera fa pele ga dithupa, matsomane a tsala bongolwana le mmala o o maragaraga le o o dibata.
40
Jakobe a tlhaola dikwanyana, a lebisa matsomane kwa go tse di mmala o mongolo le kwa go tse dipirwana tsotlhe mo letsomaneng la ga Labane. A beela matsomane a gagwe kwa thoko, a se ka a a tlhakanya le letsomane la ga Labane.
41
E ne e tle e re go emera tse di nonofileng bogolo go tse dingwe mo letsomaneng, Jakobe a beye dithupa fa pele ga matlho a matsomane mo meelong ya metsi, gore di tle di emere fa dithupeng.
42
E ne e tle e re fa letsomane le sa nonofa sentle a se ke a di beele dithupa; jalo tse di sa nonofang sentle e bo e le tsa ga Labane, mme tse di nonifileng e nne tsa ga Jakobe.
43
Monna yo a huma mo go golo thata, a ba a nna le matsomane a magolo, le malata, le batlhanka, le dikamela, le diesela.
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50