bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 17
Genesis 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 18 →
1
E rile Aberame a le dinyaga di le 99, Jehofa a bonala kwa go Aberame a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe; sepela fa pele ga me, o se na selabe sa molato.
2
Ke tlaa dira kgolagano ya me fa gare ga me le wena, ke tlaa ba ke go ntsifatsa mo gogolo thata.”
3
Aberame a wela fa fatshe ka sefatlhogo. Modimo wa bua nae wa re:
4
“Ka ga me, bona, kgolagano ya me e na nao; o tlaa nna rra-bontsi jwa merafe.
5
Le gone leina la gago ga le ketla le tlhola le bidiwa Aberame, mme leina la gago le tlaa nna Aberahame; gonne ke go dirile raa-bontsi jwa merafe.
6
Mme ke tlaa go atisa mo gogolo thata, ke tlaa dira merafe ka wena, le dikgosi di tlaa tswa mo go wena.
7
“Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me gare ga me le wena, le losika lwa gago sefularong sa gago, go ya le ditshika tsotlhe tsa bone, gore e nne kgolagano e e sa khutleng, ya go re, ke tlaa nna Modimo mo go wena le mo losikeng lwa gago sefularong sa gago.
8
Lefatshe la majako a gago, lefatshe lotlhe la Kanana, ke tlaa le naya wena le losika lwa gago sefularong sa gago, go nna boswa jo bo sa khutleng; ke tlaa nna Modimo wa bone.”
9
Modimo wa raya Aberahame wa re: “Ka ga gago, boloka kgolagano ya me, wena, le losika lwa gago sefularong sa gago, go ya le ditshika tsotlhe tsa bone.
10
Kgolagano ya me ke e, e lo tlaa e bolokang, fa gare ga me le wena le losika lwa gago, sefularong sa gago; banna botlhe le basimane botlhe mo go lona ba rupisiwe.
11
Lo tlaa rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa lona; mme e tlaa bo e le sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lona.
12
A go rupisiwe mosimane mongwe le mongwe wa lona a le malatsi a a ferang mebedi, mo ditshikeng tsotlhe tsa lona, ene yo o tsaletsweng mo ntlong, gongwe yo o rekilweng ka madi mo moennyeng, yo e seng wa losika lwa gago.
13
Yo o tsaletsweng mo ntlong ya gago, le ene yo o rekilweng ka madi a gago, ba na le go rupisiwa fela. Kgolagano ya me e tlaa nna mo nameng ya lona, go nna kgolagano e e sa khutleng.
14
Mme banna le basimane ba ba sa rupisiwang, ba nama ya letlalo la bonna jwa bone e sa rupisiwang, mongwe le mongwe wa bone o tlaa kgaolwa mo bathong ba ga gabo; o tlodile kgolagano ya me.”
15
Modimo wa raya Aberahame wa re: “Ka ga Sarai, mosadi wa gago, o se ka wa bitsa leina la gagwe Sarai, leina la gagwe e nne Sara.
16
Ke tlaa mo segofatsa; gape, ke tlaa go naya ngwana wa mosimane ka ene. Ee, ke tlaa mo segofatsa, o tlaa nna mmamerafe: Dikgosi tsa ditšhaba di tlaa tswa mo go ene.”
17
Foo Aberahame a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a tshega, a ithaya mo pelong a re: “A ngwana o ka bonwa ke yo o dingwaga di lekgolo? Le Sara yo o dingwaga di 90, a o ka bona ngwana?”
18
Aberahame a raya Modimo a re: “A bo Išemaele a ka ka a tshela a le fa pele ga gago.”
19
Modimo wa re: “Nnyaa, Sara mosadi wa gago o tlaa bona ngwana wa mosimane nao, o tlaa mo raya leina o re, Isake. Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me nae, le losika lwa gagwe sefularong sa gagwe go nna kgolagano e e sa khutleng.
20
Ka ga Išemaele, ke go utlwile. Bona, ke mo segofaditse, ke tlaa mo atisa, ke tlaa mo ntsifatsa mo go golo thata. O tlaa tsala dikgosana di le 12, ke tlaa mo dira morafe o mogolo.
21
Kgolagano ya me ke tlaa e tlhomamisa le Isake yo Sara o tlaa mmonang nao, ka lobaka lono lo lo tlhomameng lwa isago.”
22
Modimo wa khutla go bua nae; wa tlhatloga wa tswa fa go Aberahame.
23
Aberahame a tsaya Išemaele morwawe, le botlhe ba ba tsaletsweng mo tlong ya gagwe, le botlhe ba ba rekilweng ka madi a gagwe, banna le basimane botlhe mo bathong ba ntlo ya ga Aberahame, a rupisa nama ya letlalo la bonna jwa bone ka letsatsi leo fela, jaaka Modimo o buile nae.
24
Aberahame a bo a le dingwaga di 99 fa a rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa gagwe.
25
Išemaele morwawe a bo a le dingwaga di le 13 fa a rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa gagwe.
26
Ka letsatsi leo fela Aberahame a rupisiwa, le Išemaele morwawe.
27
Le banna botlhe ba ntlo ya gagwe, ba ba tsaletsweng mo ntlong; le ba ba rekilweng ka madi mo moennyeng, ba rupisiwa nae.
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50