bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 46
Genesis 46
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 45
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 47 →
1
Iseraele a ineela mo loetong le tsotlhe tse o nang natso, mme a fitlha kwa Beerešeba, a isetsa Modimo wa ga Isake rraagwe ditlhabelo gone.
2
Modimo wa bua le Iseraele ka diponatshegelo tsa bosigo wa re: “Jakobe, Jakobe!” a re: “Ke fano.”
3
Wa re: “Ke nna Modimo, Modimo wa ga rraago; o se ka wa boifa go hudugela kwa Egepeto; gonne ke tlaa dira morafe o mogolo ka wena gone.
4
Ke tlaa ya nao kwa Egepeto; le gone ruri ke tlaa ba ke go tlhatlosa gape; Josefe o tlaa baya seatla sa gagwe mo matlhong a gago.”
5
Jakobe a nanoga mo Beerešeba; mme bomorwa Iseraele ba tsaya Jakobe rraabo, le banyana ba bone, le basadi ba bone ka dikoloi tse Faro o neng a di rometse go ba tsaya ka tsone.
6
Ba tsaya dikgomo tsa bone, le dilwana tsa bone tse ba di bapetseng mo lefatsheng la Kanana, ba tla mo Egepeto, Jakobe le losika lotlhe lwa gagwe nae.
7
Bomorwawe le barwa bomorwawe nae, bomorwadie le bomorwadia bomorwawe, le losika lotlhe lwa gagwe a ya nalo kwa Egepeto.
8
Mme ake one maina a bana ba ga Iseraele ba ba fitlhileng mo Egepeto (Jakobe le bomorwawe): Rubene, motsalwapele wa ga Jakobe.
9
Bomorwa Rubene: Hanoke, le Palu, le Heserone le Karemi.
10
Bomorwa Simeone: Jemuele, le Jamine, le Ohate, le Jakine, Sohare, le Shaule, morwa mosadi mongwe wa Mokanana.
11
Bomorwa Lefi: Gerešone, le Kohathe, le Merari.
12
Bomorwa Juta: Ere, le Onane, Shela, le Perese, le Sera: boEre le Onane ba ne ba swetse mo lefatsheng la Kanana, mme bomorwa Perese e ne e le Heserone le Hamule.
13
Bomorwa Isakare: Tola, le Pua, le Jobe, le Shimerone.
14
Bomorwa Sebulone: Serete, le Elone, le Jahaleele.
15
Bao ke bomorwa Lea, ba o ne a ba bona le Jakobe kwa Patane-arame, ba na le morwadie Dina; batho botlhe ba e neng e le bomorwawe le bomorwadie ba ne ba le 33.
16
Bomorwa Gate: Sifione, le Hagi, Shuni, le Esebone, Eri, le Arote, le Areli.
17
Bomorwa Ašere: Imena, le Išefa, le Išifi, le Beria, le Sera kgaitsadia bone; le bomorwa Beria; Hebere, le Malekiele.
18
Bao ke bomorwa Silepa yo Labane o neng a mo naya Lea morwadie, bao o ne a ba bona le Jakobe, e bong batho ba le 16.
19
Bomorwa Ragele mogatsa Jakobe: Josefe le Benjamine.
20
Josefe a tshola Manase le Eferaime mo lefatsheng la Egepeto, Asenathe morwadia Potifera moperesiti wa One, o ne a ba bona nae.
21
Bomorwa Benjamine: Bela, le Bekere, le Ašabele, le Gera, Naamane, le Ehi, le Roše, le Mupime, le Hupime le Arete.
22
Bao ke bomorwa Ragele, ba ba tsetsweng ke Jakobe, mme fa ba le mmogo e ne e le batho ba le 14.
23
Bomorwa Dane: Hušime.
24
Le bomorwa Nafetali: Jahaseele, le Guni, le Jesere le Shileme.
25
Bao ke bomorwa Bileha; yo Labane o neng a mo naya morwadie Ragele, mme bao a ba bona le Jakobe; e ne e le batho ba supa ba le mmogo.
26
Batho botlhe ba ba tsileng le Jakobe mo Egepeto, ba ba duleng mo mankopeng a gagwe, kwa ntle ga basadi ba bomorwa Jakobe, ba le mmogo e ne e le batho ba 66.
27
Bomorwa Josefe ba o ba bonyeng mo Egepeto e ne e le batho ba le babedi; batho botlhe ba ntlo ya ga Jakobe ba ba tsileng mo Egepeto e ne e le 70.
28
Mme a eteletsa Juta kwa pele ga gagwe go ya kwa go Josefe gore a tle a mo supetse tsela e e yang kwa Gošene; mme ba fitlha mo lefatsheng la Gošene.
29
Josefe a baakanya kara ya gagwe a tlhatloga a ya go kgatlhantsha Iseraele rraagwe kwa Gošene. Mme a ya kwa go ene a wela mo thamong ya gagwe, a lela ka lobaka lo loleele a le fa thamong ya gagwe.
30
Iseraele a raya Josefe a re: “Jaanong a nke ke swe ka ke bonye sefatlhogo sa gago fa o sa ntse o tshedile.”
31
Josefe a raya bomorwa rraagwe le ba ntlo ya ga rraagwe a re: “Ke tlaa tlhatloga ke ya go begela Faro ke mo raya ke re: ‘Bomorwa rre le ba ntlo ya ga rre, ba ba ntseng ba le kwa lefatsheng la Kanana ba nkgorogetse.
32
Banna bao ke badisa, gonne tiro ya bone e ntse e le dikgomo; ba tsile le matsomane a bone, le matlhape a bone, le tsotlhe tse ba nang natso.’
33
Go tlaa dirala gore motlhang Faro o lo bitsang a re: ‘Tiro ya lona ke eng?’
34
Lo re: ‘Batlhanka ba gago, tiro ya bone e ntse e le dikgomo fela, e sa le ka bokau jwa rona le gompieno, rona le borraetsho;’ gore lo tle lo age mo lefatsheng la Gošene; gonne modisa mongwe le mongwe ke moila mo go Baegepeto.”
← Chapter 45
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 47 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50