bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 18
Genesis 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 19 →
1
Jehofa a bonala kwa go ene fa maokeng a ga Mamere, a dutse mo mojakong wa mogope, go le mogote wa motshegare.
2
A tsholetsa matlho a gagwe, a leba, mme bonang, ga bo go eme banna ba le bararo ba lebaganye nae. O rile a ba bona a tloga mo mojakong wa mogope, a siana a ya go ba kgatlhantsha, a ikobela fa fatshe a re:
3
“Morena wa me, a e re fa ke bonye tsalano mo matlhong a gago, ke a go rapela gore, motlhanka wa gago o se ka wa mo feta fela.
4
A lo ke lo mme go tlisiwe metsinyana, lo itlhapise dinao, lo itapolose fa tlase ga setlhare.
5
Ke tlaa tlisa senkgwenyana, lo ithethebatse pelo; ka e le fano lo gorogetse motlhanka wa lona, morago ga moo lo tlaa feta.” Ba re: “Dira jalo, jaaka o buile.”
6
Aberahame a itlhaganelela kwa go Sara mo mogopeng, a re: “Baakanya ka bofefo dielo di le tharo tsa boupe jo bo sweu jo bo boleta o bo dube, o bo o dire dinkgwe tsa dipapetla.”
7
Aberahame a sianela kwa matlhapeng, a gapa namane ya lebotla e e nama e boruma, a e neela motlhanka, a akofa a e baakanya.
8
A tsaya madila, le maši, le namane e o e baakantseng, a di baya fa pele ga bone. A ema fa go bone fa tlase ga setlhare, ba a ja.
9
Ba mo raya ba re: “Sara mosadi wa gago o kae?” A re: “Bonang, o mo mogopeng.”
10
A re: “Morago ga dikgwedi tse di bofera bongwe di sena go feta, ruri ke tlaa boela mo go wena, bona, Sara, mosadi wa gago o tlaa bona ngwana wa mosimane.” Sara a utlwa a le mo mojakong wa mogope o o fa morago ga gagwe.
11
Jaana Aberahame le Sara ba bo ba tsofetse, ba tsofaletse ruri. Sara o ne a khutlike go nna ka mokgwa wa bosadi.
12
Sara a tshega mo teng ga gagwe a re: “A ke ka bona boitumelo ke tsofetse, le morena wa me le ene a tsofetse?”
13
Jehofa a raya Aberahame a re: “Sara o ne a tshegelang, a re: ‘A ruri ke tlaa bona ngwana, nna yo ke tsofetseng?’
14
A go na le sengwe se se ka retelelang Jehofa? Ke tlaa re mo lobakeng lo lo laotsweng ke boele mo go wena, fa lobaka lo, lo bile lo tsile, Sara o tlaa bona ngwana wa mosimane.”
15
Foo Sara a itatola a re: “Ga ke a tshega!” gonne a boifa. Ene a re: “Nnyaa, o no o tshega.”
16
Banna ba, ba tloga gone foo, ba leba kwa Sotoma, Aberahame a ya nabo go ba buledisa.
17
Jehofa a re: “A ke tlaa lobela Aberahame se ke se dirang?
18
E tswa Aberahame ruri a tlaa nna morafe o mogolo le o o thata, e bile merafe yotlhe e tlaa segofala mo go ene.
19
Gonne ke mo tlhophile gore a tle a nne a laole bana ba gagwe, le ba ntlo ya gagwe morago ga gagwe, gore ba boloke tsela ya Jehofa go dira tshiamiso le katlholo gore Jehofa a tle a tlise mo go Aberahame se o se buileng ka ga gagwe.”
20
Jehofa a re: “E re ka selelo ka ga Sotoma le Gomora se le segolo, le ka boleo jwa bone bo utlwisa botlhoko thata,
21
ke tlaa fologa jaana, ke ya go bona boo ba dirile gotlhe fela ka fa selelong se se fitlhileng kwa go nna; fa go sa nna jalo, ke tlaa itse.”
22
Banna ba, ba sokologa gone, ba tsamaela kwa Sotoma, mme Aberahame a nama a sa eme fa pele ga Jehofa.
23
Aberahame a atamela a re: “A o tlaa nyeletsa basiami le baikepi?
24
E tlaa re fa gongwe go ka nna le basiami ba le 50 mo motseng, a o tlaa nyeletsa o sa rekegele motse oo ka ntlha ya basiami ba ba 50 ba ba gone?
25
A go nne kgakala nao go dira mo go ntseng jalo, go bolaya basiami le baikepi, ka e tlaa bo e le go re basiami ba ntse jaaka baikepi. Golo mo, a go nne kgakala nao; a Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a ketla a dira tshiamo?”
26
Jehofa a re: “E tlaa re fa ke fitlhela basiami ba le 50 mo Sotoma, mo teng ga motse, foo ke tlaa rekegela gotlhe ka ntlha ya bone.”
27
Aberahame a fetola a re: “Bona jaana, nna yo ke leng lorole le molora, ke ipeile go bua le Jehofa.
28
E tlaa re gongwe go tlhokafale ba le batlhano mo basiaming ba ba 50, a o tlaa senya motse otlhe ka go tlhoka ba le batlhano?” Mme a re: “Ga nketla ke o senya fa ke fitlhela ba le 45 gone.”
29
A fela a bua nae gape, a re: “E tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 40 gone.” Mme a re: “Ga nke ke go dira ka ntlha ya ba ba 40.”
30
A re: “A Morena wa me a se ka a nna bogale, ke tlaa bua. E tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 30 gone.” A re: “Ga nketla ke go dira fa ke fitlhela ba le 30 gone.”
31
A re: “Bona, jaana, ke ipeile go bua le Morena; e tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 20 gone.” Mme a re: “Ga nketla ke o senya ka ntlha ya ba ba 20.”
32
A re: “A Morena wa me a se ka a nna bogale, ke tlaa fela ke bua gangwe fela gape; e tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le some gone.” A re: “Ga nketla ke o senya ka ntlha ya ba ba some.”
33
Jehofa a tsamaya a sena go khutla go bua le Aberahame; Aberahame a boela kwa ga gagwe.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50