bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 11
Genesis 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 12 →
1
Lefatshe lotlhe la bo le le puo e le nngwe fela, le mafoko a le mangwe fela.
2
Mme ga dirala ya re batho ba etela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi, ba fitlhela lobala longwe mo lefatsheng la Shinare; mme ba aga gone.
3
Ba raana, ba re: “Tlang re direng setene, re se bese se butswe thata.” Setene ya bo e le sone maje a bone, mme bitumena ya bo e le seretse sa bone.
4
Ba re: “Tlang re ikageleng motse, le kago e e godileng e setlhowa sa yone se tlaa fitlhang kwa legodimong, mme a re itireleng leina; e se re kgotsa ra phatlalalela mo lefatsheng lotlhe.”
5
Mme Jehofa a fologela go bona motse, le kago e e godileng e bana ba batho ba e agang.
6
Jehofa a re: “Bonang, ke batho ba le bangwe fela, ba bile ba na le puo e le nngwe fela botlhe; mme se ke sone se ba simololang go se dira. Jaanong ga ba ketla ba kgoreletsega mo go sepe se ba ikaeletseng go se dira.
7
Tlang re fologeng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gone, gore ba se ka ba utlwana mo puong.”
8
Jalo Jehofa a ba phatlalaletsa le lefatshe lotlhe; mme ba khutla go aga motse.
9
Ke gone ka moo, leina la gone go tulweng Babele, ka gobo Jehofa a petekantse puo ya lefatshe lotlhe gone; Jehofa a ba phatlalaletsa le lefatshe lotlhe go tswa gone.
10
Tse, ke tsone ditshika tsa ga Sheme. O ne a le dinyaga di le 100, a tshola Arepakešate dinyaga di le pedi morago ga morwalela.
11
Sheme a re a sena go tshola Arepakešate, a tshela dinyaga di le 500, a ntse a tshola tshimane le tshetsana.
12
Arepakešate a tshela dinyaga di le 35, a tshola Shela.
13
Arepakešate a re a sena go tshola Shela, a tshela dinyaga di le 403, a ntse a tshola tshimane le tshetsana.
14
Shela a tshela dinyaga di le 30, a tshola Ebere.
15
Shela a re a sena go tshola Ebere, a tshela dinyaga di le 403, a ntse a tshola tshimane le tshetsana.
16
Ebere a tshela dinyaga di le 34, a tshola Pelege.
17
Ebere a re a sena go tshola Pelege, a tshela dinyaga di le 430, a ntse a tshola tshimane le tshetsana.
18
Pelege a tshela dinyaga di le 30, a tshola Reu.
19
Pelege a re a sena go tshola Reu, a tshela dinyaga di le 209, a ntse a tshola tshimane le tshetsana.
20
Reu a tshela dinyaga di le 32, a tshola Seruge.
21
Reu a re a sena go tshola Seruge, a tshela dinyaga di le 207, a ntse a tshola tshimane le tshetsana.
22
Seruge a tshela dinyaga di le 30, a tshola Nahore.
23
Seruge a re a sena go tshola Nahore, a tshela dinyaga di le 200, a ntse a tshola tshimane le tshetsana.
24
Nahore a tshela dinyaga di le 29, a tshola Tera.
25
Nahore a re a sena go tshola Tera, a tshela dinyaga di le 119, a ntse a tshola tshimane le tshetsana.
26
Ya re Tera a sena go tshela dinyaga di le 70, a tshola Aberame, Nahore le Harane.
27
Mme jaana tse, ke tsone ditshika tsa ga Tera. Tera a tshola Aberame, Nahore le Harane; Harane a tshola Lote.
28
Harane a swa pele ga rraagwe Tera, mo lefatsheng le a tsaletsweng mo go lone, e bong Ure wa Bakalatea.
29
Aberame le Nahore ba tsaya basadi: leina la mosadi wa ga Aberame, go twe Sarai; leina la mosadi wa ga Nahore go twe Mileka, morwadia Harane, rra Mileka le rra Iseka.
30
Sarai ya bo e le moopa; a se na ngwana.
31
Tera a tsaya Aberame morwawe, le Lote morwa Harane, ngwana wa ngwana wa gagwe, le Sarai ngwetsi ya gagwe, mosadi wa ga Aberame morwawe, a tswa nabo mo Ure wa Bakalatea, go ya kwa lefatsheng la Kanana, mme ba fitlha mo Harane, ba aga gone.
32
Malatsi a ga Tera e ne e le dinyaga di le 205; a swela mo Harane.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50