bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 9
Genesis 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 10 →
1
Modimo wa segofatsa Noa le bomorwawe, wa ba raya, wa re: “Atang lo ntsifale, lo tlale ka lefatshe.
2
Lo tlaa boifiwa, lo tlaa tshajwa ke phologolo nngwe le nngwe le sebatana sa lefatshe, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi; gotlhe mo go nyeulang ka bontsi mo lefatsheng, le ditlhapi tsotlhe tsa lewatle, go tsentswe mo atleng sa lona.
3
Dilo tsotlhe tse di tsamayang tse di tshelang, di tlaa nna dijo tsa lona; jaaka merogo e metala, ke di lo neile tsotlhe fela.
4
Nama e e tlhakanyeng le botshelo jwa yone, jo e leng madi a yone, lo se ka lwa e ja.
5
Ruri madi a lona, madi a matshelo a lona, ke tlaa a lopa; ke tlaa a lopa mo phologolong nngwe le nngwe, le mo sebataneng; le mo seatleng sa motho e bong seatla sa morwa rramotho, ke tlaa lopa botshelo jwa motho.
6
“Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho; gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa one.
7
“Lona, atang, lo ntsifale; lo tshole bana ba le bantsi mo lefatsheng, lo ntsifale mo go lone.”
8
Modimo wa bua le Noa, le bomorwawe ba na nae wa re:
9
“Bonang, ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona, le losika lwa lona morago ga lona.
10
Ke e tlhomamisa le ditshedi tsotlhe tse lo nang natso, dinonyane, le dikgomo, phologolo nngwe le nngwe le dibatana tsa lefatshe tse lo nang natso; tsotlhe tse di tswang mo ntlong e e kokobalang, e bong diphologolo le dibatana tsotlhe tsa lefatshe.
11
Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me le lona; le gone nama yotlhe ga e ketla e tlhola e kgaolwa ka metsi a morwalela; le gone ga go ketla go tlhola go tla morwalela go senya lefatshe.”
12
Modimo wa re: “Se, ke sone sesupo sa kgolagano e ke e dirang gare ga me le lona, le dilo tsotlhe tse di tshedileng, tse lo nang natso, go ya ditshikeng tse di se nang bokhutlo:
13
Ke tlhoma motshe wa me, ke le Modimo, mo lerung; o tlaa nna sesupo sa kgolagano gare ga me le lefatshe.
14
Go tlaa dirala gore, fa ke lere leru le okama lefatshe, go tlaa bonala motshe wa godimo mo lerung.
15
Ke tlaa gakologelwa kgolagano ya me, e e emeng fa gare ga me le lona, le dibopiwa tsotlhe tse di tshedileng tsa nama tsotlhe, mme metsi ga a ketla a tlhola a tswa morwalela go senya ditshedi tsotlhe.
16
Motshe wa godimo o tlaa nna mo lerung; mme ke tlaa o leba, gore ke tle ke gakologelwe kgolagano e e sa khutleng fa gare ga Modimo le dibopiwa tsotlhe tse di mo lefatsheng.”
17
Modimo wa raya Noa, wa re: “Se, ke sone sesupo sa kgolagano e ke e tlhomamisitseng fa gare ga me le ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng.”
18
Bomorwa Noa ba ba duleng mo ntlong e e kokobalang e ne e le Sheme, le Hame le Jafethe. Hame ke rra Kanana.
19
Ba bararo bao e ne e le bomorwa Noa, jalo ga tswa mo go bone ba ba farafereng lefatshe lotlhe.
20
Noa a simolola go nna molemi wa mbu, mme a tlhoma tshimo ya mofine.
21
A nwa bojalwa jwa mofine, a tagwa, a bo a sa ikatega a le mo mogopeng wa gagwe.
22
Hame, rra Kanana, a bona bosaikategang jwa ga rraagwe, a bolelela bomorwa rraagwe ba babedi kwa ntle.
23
Sheme le Jafethe ba tsaya seaparo, ba se baya mo maruding a bone boo babedi, ba kata ka samorago, ba bipa bosaikategang jwa ga rraabo; difatlhogo tsa bone tsa bo di mo fularetse, ba se ka ba bona bosaikategang jwa ga rraabo.
24
A thanya mo bojalweng jwa gagwe jwa mofine, a itse se morwawe yo mmotlana o se mo diretseng.
25
A re: “A go hutsege Kanana. O tlaa nna motlhanka wa batlhanka mo go bomorwa rraagwe.”
26
A ba a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa ga Sheme: A Kanana a nne motlhanka wa gagwe.
27
A Modimo o godise Jafethe; o tlaa aga mo megopeng ya ga Sheme, mme a Kanana a nne motlhanka wa gagwe.”
28
E rile morwalela o sena go feta, Noa a tshela dinyaga di le 350.
29
Malatsi otlhe a ga Noa e ne e le dinyaga tse di 950, ke fa a swa.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50